LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 11/15 ts. 24-27
  • “Jehofa o Aba Botlhale”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Jehofa o Aba Botlhale”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Tlhwaela Botlhale Tsebe”
  • A o Tla Tsaya Matsapa?
  • O ka Se ka Wa Palelwa
  • Fa “Kitso e Tlaa Nna Monate”
  • “Go go Golola mo Tseleng e e Bosula”
  • ‘Bathokgami ba Tla Aga mo Lefatsheng’
  • Dira Gore Pelo ya Gago e Nne le Temogo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • A o Ka Nna le Temogo e e Oketsegileng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • “Go Itumela Motho yo o Boneng Botlhale”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Nna o Hukutsa Jaaka fa o ka Batla Dikhumo tse di Fitlhilweng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 11/15 ts. 24-27

“Jehofa o Aba Botlhale”

KE DILO dife tse o dirisang nako le maatla a gago mo go tsone? A o amegile thata ka go itirela leina le lentle? A o ineetse thata mo go iphutheleng dikhumo? Go tweng ka go batla go nna le kitso mo tirong e e rileng kana go nna mankge mo karolong e le nngwe kana tse di oketsegileng tsa thutego? A go leka go nna le dikamano tse di siameng le ba bangwe ke selo sa botlhokwa mo go wena? A o amegile thata ka go nna le botsogo jo bontle?

Go ka nna ga bonala dilo tsotlhe tse di umakilweng fa godimo di na le botlhokwa bongwe. Mme ke eng se se leng botlhokwa go di gaisa tsotlhe? Baebele e araba jaana: “Botlhale ke selo se segolo bogolo go dilo tsotlhe; ke gone bapala botlhale.” (Diane 4:7) Ka jalo, re ka bona jang botlhale mme melemo ya jone ke eng? Kgaolo ya bobedi ya buka ya Baebele ya Diane e re neela karabo.

“Tlhwaela Botlhale Tsebe”

Ka mafoko a a lorato a a tshwanang le a rre, Kgosi e e botlhale ya Iseraele wa bogologolo e bong Solomone a re: “Morwaaka, fa e le gore o tla amogela mafoko a me mme wa boloka ditaolo tsa me mo go wena, gore o tle o tlhwaele botlhale tsebe, gore o tle o sekamisetse pelo ya gago kwa temogong; mo godimo ga moo, fa o tlhaeletsa tlhaloganyo mme o ntshetsa temogo lentswe la gago, fa o nna o e senka jaaka selefera o bo o nna o e batla jaaka matlotlo a a fitlhegileng, foo o tla tlhaloganya go boifa Jehofa, mme o tla bona e e leng kitso ya Modimo.”—Diane 2:1-5, NW.

A o bona gore ke boikarabelo jwa ga mang go bona botlhale? Mo ditemaneng tseno, mafoko a a reng “fa o” a tlhaga ka makgetlo a le mararo. Ka mo go phepafetseng, go ikaegile ka mongwe le mongwe wa rona go batla botlhale le dinonofo tse di tsamaisanang le jone—temogo le tlhaloganyo. Gone mme, sa ntlha re tshwanetse go “amogela” le go “boloka” mo mogopolong mafoko a botlhale a a kwadilweng mo Dikwalong. Go dira seno re tlhoka go ithuta Baebele.

Botlhale ke go kgona go dirisa kitso e e tswang kwa Modimong ka tsela e e tshwanetseng. A bo Baebele e tlhalosa botlhale ka tsela e e molemo jang ne! Ee, e na le mafoko a a tlhabang botlhale, a a tshwanang le a a kwadilweng mo bukeng ya Diane le Moreri, mme re tlhoka go tlhwaela mafoko ano tsebe. Mme gape mo Baebeleng go na le dikai tse dintsi tse di bontshang melemo ya go dirisa melaometheo ya bomodimo le dikotsi tsa go e itlhokomolosa. (Baroma 15:4; 1 Bakorintha 10:11) Ka sekai, akanya ka pego ya ga Gehasi yo o bogagaru, motlhanka wa ga moporofeti Elisha. (2 Dikgosi 5:20-27) A seno ga se re rute botlhale jwa go tila bogagaru? Mme go tweng ka matswela a a utlwisang botlhoko a maeto a a neng a bonala a se kotsi a morwadia Jakobe e bong Dina “a ya go bona bomorwadia lefatshe” la Kanana? (Genesise 34:1-31) A ga re lemoge ka bonako gore ke boeleele go nna le ditsala tse di bosula?—Diane 13:20; 1 Bakorintha 15:33.

Go tlhwaela botlhale tsebe go akaretsa go nna le temogo le tlhaloganyo. Go ya ka Webster’s Revised Unabridged Dictionary, temogo ke “maatla kana bokgoni jwa tlhaloganyo jo bo kgonang go farologanya selo se se rileng mo go se sengwe.” Temogo ya bomodimo ke go kgona go farologanya se se siameng mo go se se sa siamang o bo o tlhopha tsela e e siameng. Fa re sa ‘sekamisetse pelo ya rona’ mo temogong kana re sa tlhoafalela go nna le yone, re tla kgona jang go nna re ntse mo ‘tseleng e e isang botshelong’? (Mathaio 7:14; bapisa Duteronome 30:19, 20.) Go ithuta le go dirisa Lefoko la Modimo go dira gore motho a nne le temogo.

Re ka ‘tlhaeletsa jang tlhaloganyo’—go kgona go bona kafa dikarolo tse di rileng tsa kgang di amanang ka gone le kafa di amanang ka teng fa di kopane tsotlhe? Gone ee, dingwaga le maitemogelo ke dilo tse di ka re thusang go nna le tlhaloganyo e kgolwanyane—mme ga se gore ke tsone fela. (Jobe 12:12; 32:6-12) “Ke tlhaloganya bogolo go batsofe,” mopesalema o ne a rialo, “gonne ke bolokile dikaelo tsa gago [tsa ga Jehofa].” O ne a opela gape jaana: “Go bolelesega ga mafoko a gago go a senola; go tle go neye ba ba sa tlhalefang tlhaloganyo.” (Pesalema 119:100, 130) Jehofa ke “Mogologolo wa Malatsi,” mme o na le tlhaloganyo e e fetang ya batho botlhe kgakala. (Daniele 7:13, NW) Modimo a ka naya motho yo o sa tlhalefang tlhaloganyo, a dira gore a gaise tota le ba ba mo fetang ka dingwaga ka nonofo eo. Ka jalo, re tshwanetse go tlhoafalela go ithuta le go dirisa Lefoko la Modimo e leng Baebele.

Mafoko a a boaboelediwang a a reng “fa o” mo temaneng e e simololang mo kgaolong ya bobedi ya Diane a latelwa ke mafoko a a jaaka “amogela”, “boloka”, “tlhaeletsa”, “nna o senka”, “nna o batla.” Ke eng fa mokwadi a dirisa mafoko ano a a gatelelang jaana? Buka nngwe ya ditshupiso e bolela jaana: “Motlhalefi [fano] o gatelela gore fa o batla botlhale, o tshwanetse go tlhoafala.” Ee, re tshwanetse go batla botlhale ka tlhoafalo le dinonofo tse di amanang le jone—temogo le tlhaloganyo.

A o Tla Tsaya Matsapa?

Ntlha e e botlhokwa mo go batleng botlhale ke go ithuta Baebele ka tlhoafalo. Le fa go ntse jalo, thuto eno ga e a tshwanela ya nna go bala fela gore o nne le tshedimosetso. Go tlhatlhanya ka tsela e e mosola ka se o se balang ke karolo e e botlhokwa ya go ithuta Dikwalo. Go nna le botlhale le temogo go akaretsa go akanya ka gore re tla dirisa jang se re se ithutang mo go rarabololeng mathata le go dira ditshwetso. Go nna le tlhaloganyo go tlhoka gore motho a akanye gore tshedimosetso e ntšha e tsena jang mo go se a setseng a se itse. Ke mang yo o tla ganelang gore thuto ya Baebele e mo go yone o tlhatlhanyang ka tsela eno e tlhoka nako le matsapa a magolo? Nako le maatla tse o di dirisang mono di tshwana le tse motho a di dirisang fa a ‘senka selefera le fa a batla matlotlo.’ A o tla tsaya matsapa ka mo go tlhokegang? A o tla ‘ithekela nako e e go siametseng’ go dira jalo?—Baefeso 5:15, 16.

Akanya fela gore re letetswe ke matlotlo a a kana kang fa ka dipelo tse di ikanyegang re epa kwa tengteng mo Baebeleng. Ebu, re tla bona “e e leng kitso ya Modimo”—kitso e e utlwalang, e e tlhomameng, e e nayang botshelo ya Mmopi wa rona! (Johane 17:3) “Go boifa Jehofa” le gone ke letlotlo le re tshwanetseng go nna le lone. A bo go mmoifa gono go go tlotlegang go le botlhokwa jang ne! Go nna le poifo e e tshwanetseng ya go sa batle go mo utlwisa botlhoko go tshwanetse ga laola sengwe le sengwe se re se dirang.—Moreri 12:13.

Re tshwanetse go nna le keletso e kgolo thata ya go batla le go epa matlotlo a semoya. Go re thusa go batla, Jehofa o re neile didirisiwa tse di molemo thata tsa go epa—makwalopaka a a mo nakong a boammaaruri e leng Tora ya Tebelo le Tsogang!, mmogo le dikgatiso tse dingwe tse di theilweng mo Baebeleng. (Mathaio 24:45-47) Gore re tle re kgone go rutiwa Lefoko le ditsela tsa gagwe, Jehofa o re neile gape le dipokano tsa Bokeresete. Re tshwanetse go nna teng ka metlha mo go tsone, re reetse se se bolelwang mme re leke thata go tlhoma mogopolo mo dintlheng tsa botlhokwa le go di boloka, mme re akanye thata ka kamano ya rona le Jehofa.—Bahebera 10:24, 25.

O ka Se ka Wa Palelwa

Gantsi, fa o batla matlotlo a a fitlhegileng, e leng gauta kana selefera ga o atlege. Ga go tlhokege gore go nne jalo ka go batla matlotlo a semoya. Ke ka ntlha yang go sa nna jalo? Solomone o re tlhomamisetsa jaana: “Jehofa o aba botlhale; kitso e tswa mo molomong wa gagwe, le [“temogo,” NW].”—Diane 2:6.

Kgosi Solomone o ne a tumile ka ntlha ya botlhale jwa gagwe. (1 Dikgosi 4:30-32) Dikwalo di bontsha gore o ne a na le kitso ka dilo tse di farologaneng, go akaretsa dimela, diphologolo, mokgwa wa batho le Lefoko la Modimo. Temogo e a neng a e bontsha jaaka kgosi e e potlana ka go rarabolola kgotlang gare ga basadi ba babedi, bao ka bobedi ba neng ba bolela gore ngwana a le mongwe ke wa bone boobabedi, e ne ya dira gore a tume mo lefatsheng lotlhe. (1 Dikgosi 3:16-28) O ne a bone kae thutego e kgolo eo? Solomone o ne a rapela Jehofa gore a mo neye “botlhale le kitso” le bokgoni jwa go ‘farologanya molemo le bosula.’ Jehofa o ne a di mo naya.—2 Ditirafalo 1:10-12; 1 Dikgosi 3:9.

Le rona re tshwanetse go rapela Jehofa gore a re thuse fa re ntse re ithuta Lefoko la gagwe ka tlhoafalo. Mopesalema o ne a rapela jaana: “Nthuta tsela ya gago, Jehofa; ke tlaa tsamaya mo boammaaruring jwa gago; kitlanya pelo ya me e tle e boife leina la gago.” (Pesalema 86:11) Jehofa o ne a amogela thapelo eo, ka gonne o ne a dira gore e kwalwe mo Baebeleng. Re ka nna le tshepo ya gore fa re nna re mo rapela ka tlhoafalo le ka metlha gore a re thuse go bona matlotlo a semoya mo Baebeleng o tla re araba.—Luke 18:1-8.

Solomone o tlhalosa jaana: “O beela bathokgami botlhale jo bo itekanetseng, ke ene thebe kwa go ba ba tsamayang ka boitekanelo, gore a femele ditselana tsa katlholo, a dibele tsela ya baitshepi ba gagwe. Foo o tlaa tlhaloganya tshiamo le katlholo, le tekatekanyo, ee, tselana nngwe le nngwe e e molemo.” (Diane 2:7-9) A bo seno e le tlhomamisetso ruri! Fa batho ba batla botlhale jwa boammaaruri ka tlhoafalo, Jehofa ga a neye jone fela mme gape ke thebe ya ba ba thokgameng ka gonne ba supa botlhale jwa boammaaruri e bile ba tsamaisana ka boikanyegi le melao ya gagwe e e siameng. E kete re ka nna bangwe ba ba Jehofa a ba thusang go tlhaloganya “tselana nngwe le nngwe e e molemo.”

Fa “Kitso e Tlaa Nna Monate”

Go ithuta Baebele ka namana—e leng selo se se botlhokwatlhokwa fa o batla botlhale—gantsi ga se selo se se monate mo bathong ba le bantsi. Ka sekai, Lawrence wa dingwaga tse 58 o bolela jaana: “Ga ke bolo go dira ka diatla tsa me. Go ithuta go thata mo go nna.” Mme Michael wa dingwaga tse 24, yo o neng a sa itumelele go ithuta kwa sekolong, a re: “Ke ne ka tshwanelwa ke gore ke ipateletse go nna fa fatshe ke ithute.” Le fa go ntse jalo, keletso ya go ithuta e ka tlhagolelwa.

Akanya ka se Michael a ileng a se dira. O tlhalosa jaana: “Ke ne ka ipateletsa go ithuta lobaka lwa sephatlo sa ura letsatsi le letsatsi. Go ise go ye kae ke ne ka bona kafa go amang maikutlo a me ka teng, dikakgelo tsa me kwa dipokanong tsa Bokeresete le motlotlo wa me le ba bangwe. Jaanong ke lebelela pele mo dinakong tsa go ithuta, mme ga ke rate gore sepe se nkgoreletse mo go tsone.” Ee, go ithuta ka namana e nna selo se re se itumelelang fa re bona re gatela pele. Lawrence le ene o ne a tsaya matsapa go ithuta Baebele mme fa nako e ntse e ya, o ne a nna mogolwane mo phuthegong nngwe ya Basupi ba ga Jehofa.

Go dira gore go ithuta ka namana e nne selo se o se itumelelang go tlhokega maiteko ka metlha. Gone mme, melemo ya gone e megolo. Solomone a re: “Fa botlhale bo tsena mo pelong ya gago le kitso e nna monate mo moyeng wa gago, bokgoni jwa go akanya bo tla nna bo go lebeletse, temogo e tla go dibela.”—Diane. 2:10, 11, NW.

“Go go Golola mo Tseleng e e Bosula”

Botlhale, kitso, bokgoni jwa go akanya le temogo di ka nna tshireletso jang? Solomone a re: “[Di tshwanetse] go go golola mo tseleng e e bosula, mo mothong yo o buang ka dilo tse di sokameng, mo go ba ba tlogelang ditselana tsa thokgamo gore ba tsamaye mo ditseleng tsa lefifi, mo go ba ba ipelelang go dira bosula, ba ba ipelelang dilo tse di sokameng tsa bosula; ba ditselana tsa bone di kgopameng le ba ba nang le mokgwa wa go tsietsa.”—Diane 2:12-15, NW.

Ee, batho ba ba ratang botlhale jwa boammaaruri ba tila go itlwaelanya le ope fela yo o “buang dilo tse di sokameng,” e leng dilo tse di thulanang le se se leng boammaaruri le se se siameng. Bokgoni jwa go akanya le temogo di sireletsa motho mo bathong ba ba tlogelang boammaaruri gore ba tsamaye mo ditseleng tsa lefifi le mo go ba ba tsietsang le ba ba itumedisiwang ke ditiro tse di bosula.—Diane 3:32.

A bo re tshwanetse go leboga jang ne go bo botlhale jwa boammaaruri le dinonofo tse di tsamaisanang le jone di re sireletsa gape mo mekgweng e e bosula ya banna le basadi ba ba nang le boitsholo jo bo sa siamang! Solomone o oketsa ka go bolela gore dinonofo tseno di tshwanetse go “go golola mo mosading yo o leng o sele, e bong mo mosading yo o leng o sele yo o rethefatsang mafoko a gagwe; yo [o] latlhang tsala ya bokau jwa gagwe, a lebale kgolagano ya Modimo wa gagwe; gonne ntlo ya gagwe e ganelela kwa losong, le ditselana tsa gagwe kwa baswing. Mo go ba ba yang kwa go ene, ga go ope yo o bowang, le gone ga ba ke ba ye go wela ditselana tsa botshelo.”—Diane 2:16-19.

“Mosadi yo o leng o sele,” seaka, o bontshiwa fano e le motho yo o latlhang “tsala ya bokau jwa gagwe”—gongwe e le monna wa bokgarebe jwa gagwe.a (Bapisa Malaki 2:14.) O lebetse molao o o neng o iletsa boaka o e neng e le karolo ya kgolagano ya Molao. (Ekesodo 20:14) Ditselana tsa gagwe di isa losong. Ba ba itsalanyang le ene ba ka nna ba se ka ba tlhola ba “wela mo ditselaneng tsa botshelo,” ka gonne go ise go ye kae ba tla bo ba fitlhile mo seemong sa gore ba se tlhole ba kgona go boa, e leng loso. Motho yo o nang le temogo le bokgoni jwa go akanya o lemoga dithaelo tsa boitsholo jo bo sa siamang mme ka botlhale o tila go faposiwa ke tsone.

‘Bathokgami ba Tla Aga mo Lefatsheng’

Fa Solomone a sobokanya boikaelelo jwa kgakololo ya gagwe malebana le botlhale, o bolela jaana: “Gore o tle o tsamaye mo tseleng ya batho ba ba molemo, o tatamale fela le ditselana tsa basiami.” (Diane 2:20) A bo botlhale bo na le boikaelelo jo bo molemo jang ne! Bo dira gore re nne le botshelo jo bo itumetseng le jo bo kgotsofatsang jo bo amogelwang ke Modimo.

Akanya le ka masego a magolo a a tla amogelwang ke ba ba “mo tseleng ya batho ba ba molemo.” Solomone o tswelela jaana: “Bathokgami ba tlaa aga mo lefatsheng, le baitekanedi ba tlaa sala ba ntse ruri mo go lone. Baikepi ba tlaa kgaolwa ba tlosiwa mo lefatsheng, le ba ba dirang ka bonongwana ba tlaa khumolwa mo go lone.” (Diane 2:21, 22) E kete o ka nna mongwe wa baitekanedi ba ba tla agang ka bosakhutleng mo lefatsheng la Modimo le lesha la tshiamo.—2 Petere 3:13.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Mafoko “o sele” a ne a dirisiwa mo bathong ba ba neng ba fapoga mo go se se tsamaisanang le Molao mme ka go dira jalo ba itlhoboganya le Jehofa. Ka jalo, seaka—e seng motswagosele tota—o tlhalosiwa e le “mosadi yo e leng o sele.”

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Solomone o ne a rapelela botlhale. Le rona re tshwanetse go dira jalo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela