LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 12/1 ts. 9-14
  • “Dikgang Tse di Molemo” Tsa Apokalipisi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Dikgang Tse di Molemo” Tsa Apokalipisi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Bolela Dikgang Tse di Molemo
  • Se Tshenolo e re Tshwaretseng Sone
  • Kwana e Tshwanelwa ke go Tlotlwa
  • “Dikatlholo Tsa One di Boammaaruri e Bile di Siame”
  • Puso e e Molemo ya Mileniamo
  • Nnang Babadi ba ba Itumetseng ba Buka ya Tshenolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Buka ya Tshenolo—E Kaya Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Tshenolo—Go Konela ga Yone mo go Itumedisang!
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Buka ya Bibela ya bo 66—Tshenolō
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 12/1 ts. 9-14

“Dikgang Tse di Molemo” Tsa Apokalipisi

“Ka bona moengele yo mongwe a fofa mo gare ga legodimo, mme o ne a tshotse dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng go di bolela e le mafoko a a itumedisang mo go ba ba nnang mo lefatsheng.”—TSHENOLO 14:6.

1. Le fa Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore Apokalipisi e tlhotlheleditswe, ke eng fa e se “lekoko la apokalipisi”?

BASUPI BA GA JEHOFA ga se “lekoko la apokalipisi” kana “lekoko le le bolelelang pele masetlapelo.” Le fa go ntse jalo, ba a dumela gore Apokalipisi kana buka ya Tshenolo ke karolo ya Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. Ke boammaaruri gore Tshenolo e na le melaetsa ya katlholo e e tlileng go wela baikepi. Mme gone, fa batlhanka ba Modimo ba rera phatlalatsa, ba tlhoma mogopolo thata mo tsholofelong e e molemolemo e e tlhalosiwang mo Baebeleng, go akaretsa le ya Apokalipisi kana Tshenolo. Ka gone, ga ba oketse sepe kana go fokotsa sepe go tswa mo mafokong a boporofeti a a mo go yone.—Tshenolo 22:18, 19.

Go Bolela Dikgang Tse di Molemo

2. Dingwe tsa dikwalo tse gantsi Basupi ba ga Jehofa ba di dirisang mo tirong ya bone ya go rera ke dife?

2 Temana e Basupi ba ga Jehofa ba ratang go e dirisa e le motheo wa bodiredi jwa bone jwa phatlalatsa ke polelo eno ya ga Jesu: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla bolelwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo merafeng yotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Mathaio 24:14, ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW) Mme “dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi” ke dife? Bontsi jwa Basupi ba tla araba ka go nopola ditemana tse di mo go Tshenolo kgaolo 20 le 21 tse di buang ka Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete le puso ya gagwe ya Bogosi, le setšhaba sa batho, moo loso, selelo le botlhoko di tla bong di “sa tlhole di le gone.”—Tshenolo 20:6; 21:1, 4.

3. Bodiredi jwa phatlalatsa jwa Basupi ba ga Jehofa bo tsamaelana le tiro efe?

3 E re ka Basupi ba ga Jehofa e le baboledi ba dikgang tseno tse di molemo, ruri ke babueledi ba barongwa ba tshwantshetso ba selegodimo ba le bone tiro ya bone e tlhalosiwang mo go Tshenolo. “Ka bona moengele yo mongwe a fofa mo gare ga legodimo, mme o ne a tshotse dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng go di bolela e le mafoko a a itumedisang mo go ba ba nnang mo lefatsheng, le mo morafeng mongwe le mongwe le lotso le teme le batho.” (Tshenolo 14:6) “Dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng” di akaretsa go itsise gore “bogosi [kana bolaodi] jwa lefatshe” “jaanong ke bogosi jwa Morena wa rona le jwa ga Keresete wa gagwe” le gore “nako e e tlhomilweng” ya ga Jehofa e tlile ya gore a ‘senyake ba ba senyakang lefatshe.’ (Tshenolo 11:15, 17, 18) A seo ga se dikgang tse di molemo tota?

Se Tshenolo e re Tshwaretseng Sone

4. (a) Ke boammaaruri bofe jwa motheo jo bo tlhalosiwang mo kgaolong ya 1 ya Tshenolo? (b) Batho ba ba batlang go solegelwa molemo ke dikgang tse di molemo ba tshwanetse go dira eng?

4 Kgaolo e e simololang ya buka ya Tshenolo e tlhalosa Jehofa e le “Alefa le Omega, . . . Ene yo o gone le yo o neng a le gone le yo o tlang, Mothatayotlhe.” Gape e tlhalosa Morwawe, Jesu Keresete e le “Mosupi yo o Boikanngo,” “motsalwapele go tswa mo baswing,” le “Mmusi wa dikgosi tsa lefatshe.” Gape e bua ka Jesu e le “yo o re ratang le yo o neng a re golola mo maleong a rona ka madi a gagwe.” (Tshenolo 1:5, 8) Ka gone, go tloga fela kwa tshimologong Tshenolo e tlhalosa boammaaruri jwa motheo jo bo ka namolang botshelo. “Ba ba nnang mo lefatsheng” ga ba kitla ba solegelwa molemo ke dikgang tse di molemo tse ba di bolelelwang fa e le gore ga ba tseye tsia bolaodi jwa ga Jehofa, fa ba sa dumele mo mading a ga Jesu a a tsholotsweng, le fa ba sa dumele gore Jehofa o tsositse Keresete mo baswing le gore gone jaanong ke Mmusi wa lefatshe yo o tlhomilweng ke Modimo.—Pesalema 2:6-8.

5. Keresete o tlhalosiwa a le mo maemong afe mo kgaolong ya 2 le ya 3 ya Tshenolo?

5 Dikgaolo tse pedi tse di latelang di tlhalosa Keresete Jesu e le Molebedi yo o lorato wa selegodimo wa phuthego ya barutwa ba gagwe mono lefatsheng. Momeno o o kwaletsweng diphuthego tse supa tsa Bakeresete tse di neng di le kwa Asia Minor mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., o ne o na le mafoko a kgothatso le kgakololo e e gagametseng e e sa ntseng e ka dirisiwa le gompieno. Gantsi melaetsa e e rometsweng kwa diphuthegong tseno e ne e simolola ka mafoko a a jaaka “Ke itse ditiro tsa gago” kana “Ke itse pitlagano ya gago.” (Tshenolo 2:2, 9) Ee, Keresete o ne a itse sentle se se neng se direga mo diphuthegong tsa barutwa ba gagwe. Dingwe o ne a di akgolela lorato lwa tsone, tumelo, go dira ka natla mo bodireding, boitshoko le go kgomarela leina le lefoko la gagwe ka boikanyegi. Tse dingwe o ile a di kgalemelela go bo di ile tsa letla gore lorato lwa tsone ka Jehofa le Morwawe lo tsidifale, kana go bo di ile tsa wela mo boitshwarong jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo, kobamelo ya ditshwantsho, kana go nna le makoko a batlhanogi.

6. Ponatshegelo e e mo kgaolong ya 4 e thusa batho go tlhaloganya eng?

6 Kgaolo 4 e re tlhalosetsa ponatshegelo e e boitshegang ya setulo sa bogosi sa selegodimo sa ga Jehofa Modimo. E re naya lesedinyana kaga kgalalelo e kgolo e Jehofa a nang le yone le thulaganyo ya selegodimo ya go busa e a tla e dirisang. Babusi ba ba rweleng dirwalo tsa bogosi ba ditulo tsa bone tsa bogosi di dikologileng setulo sa bogosi se se fa gare sa lobopo, ba obamela Jehofa e bile ba bolela jaana: “O a tshwanela, Jehofa, le eleng Modimo wa rona, go amogela kgalalelo le tlotlo le maatla, ka gonne o tlhōdile dilo tsotlhe, mme ka ntlha ya thato ya gago di ne tsa nna gone e bile di ne tsa tlhōlwa.”—Tshenolo 4:11.

7. (a) Moengele o laela batho ba ba nnang mo lefatsheng go dira eng? (b) Karolo e e botlhokwa thata ya tiro ya rona ya go ruta ke eng?

7 A seno se na le bokao bongwe mo bathong gompieno? Go ntse jalo. Fa ba batla go tshela mo Bogosing jwa Mileniamo, ba tshwanetse go sekegela tsebe seno se ‘moengele yo o fofang mo gare ga legodimo’ a se bolelang: “Boifang Modimo lo bo lo o neye kgalalelo, ka gonne nako ya one ya go atlhola e gorogile.” (Tshenolo 14:6, 7) Boikaelelo bongwe jo bogolo jwa tiro ya Basupi ba ga Jehofa ya go ruta batho Baebele ke go thusa “ba ba nnang mo lefatsheng” go itse Jehofa le go mo obamela, go lemoga gore ke ene Mmopi le go rata go ikobela bolaodi jwa gagwe jwa tshiamo.

Kwana e Tshwanelwa ke go Tlotlwa

8. (a) Keresete o tlhalosiwa jang mo kgaolong ya 5 le ya 6? (b) Batho botlhe ba ba reetsang dikgang tse di molemo ba ka ithuta eng mo ponatshegelong eno?

8 Dikgaolo tse pedi tse di latelang, ya 5 le ya 6, di bua ka Jesu Keresete e le Kwana e e tshwanelegang go ka bula momeno o o nang le dikano tse supa, ka go dira jalo e senola ditiragalo tse di diregang mo motlheng wa rona ka tsela ya tshwantshetso. (Bapisa Johane 1:29.) Mantswe a a tswang kwa legodimong a bua jaana ka Kwana eno ya tshwantshetso: “O a tshwanela go tsaya lokwalomomeno o ba o bula dikano tsa lone, ka gonne o ne wa tlhabiwa mme ka madi a gago o ne wa rekela Modimo batho ba tswa mo lotsong longwe le longwe le teme le batho le morafe, mme wa ba dira gore ba nne bogosi le baperesiti ba Modimo wa rona, mme ba tla busa e le dikgosi godimo ga lefatshe.” (Tshenolo 5:9, 10) Ponatshegelo eno e re ruta gore ka ntlha ya madi a a tsholotsweng a ga Keresete, batho bangwe ba ba tswang mo ditsong tsotlhe ba bilediwa go ya go nna le ene kwa legodimong mme ba tla “busa e le dikgosi godimo ga lefatshe.” (Bapisa Tshenolo 1:5, 6.) Palo ya bone e e lekanyeditsweng e senolwa moragonyana mo go Tshenolo.

9. Keresete o tlhalosiwa jang mo kgaolong ya 6?

9 Mo ponatshegelong e nngwe, go buiwa ka Keresete e le mopagami wa pitse e tshweu yo o rweleng serwalo sa bogosi, a tsamaya a “fenya a ba a digela phenyo ya gagwe.” Se se itumedisang ke gore, o tla fenya dilo tse di sa itumediseng tse di tshwantshediwang ke bapalami ba bangwe ba bararo ba dipitse tsa Apokalipisi, ba go palama ga bone ka kgalefo go baketseng batho ntwa, leuba le loso fa e sa le go tloga ka ngwaga o o botlhokwatlhokwa wa 1914. (Tshenolo 6:1-8) Seabe se se botlhokwa sa ga Keresete, Kwana ya Modimo, mo go bolokeng batho le mo go diragatseng maikaelelo a a molemolemo a ga Jehofa ke setlhogo sa konokono se Basupi ba ga Jehofa ba se rutang mo tirong ya bone ya go ruta batho Baebele.

10. (a) Ke tshedimosetso efe e e botlhokwa e e tlhalosiwang mo kgaolong ya 7? (b) Keresete o ile a reng ka batho ba ba newang Bogosi?

10 Kgaolo ya 7 e tshotse dikgang tse di molemo tota. Ke buka ya Tshenolo fela e e re bolelelang palo ya batho ba Jesu a neng a re ke “letsomanyane” ba Rraagwe Kwana a ba nayang Bogosi. (Luke 12:32; 22:28-30) Jehofa Modimo ke ene yo o tshwayang bano ka moya wa gagwe o o boitshepo. (2 Bakorintha 1:21, 22) Moaposetoloi Johane yo o neilweng Tshenolo o tlhomamisa seno jaana: “Ka utlwa palo ya ba ba neng ba tshwailwe, dikete di le lekgolo masome a manè le bonè.” (Tshenolo 7:4) Palo eno e e tlhomameng e tlhomamisiwa mo kgaolong nngwe moragonyana e le palogotlhe ya batho ba ba ‘rekilweng mo bathong’ go tla go busa le Kwana ba le mo Thabeng ya Siona wa selegodimo. (Tshenolo 14:1-4) Le fa dikereke tsa Labokeresete di tlhalosa palo eno ka ditsela tse di sa utlwaleng sentle le tse di sa tlhatsweng pelo, selo se se kgatlhang ke gore mokanoki mongwe wa Baebele e bong E. W. Bullinger o bua jaana ka yone: “Ke boammaaruri jo bo tlhamaletseng: ke palo e e lekanyeditsweng e e sa tshwaneng le e nngwe e e sa lekanyediwang e go buiwang ka yone mo go yone kgaolo eno.”

11. (a) Ke dikgang dife tse di molemo tse di fitlhelwang mo kgaolong ya 7? (b) Batho ba “boidiidi jo bogolo” ba na le tsholofelo efe?

11 Bullinger o ne a bua ka palo efe e e sa lekanyediwang? Mo temaneng ya 9, moaposetoloi Johane o ile a kwala jaana: “Morago ga dilo tseno ka bona, mme, bona! boidiidi jo bogolo, jo go seng motho ope yo o neng a kgona go bo bala, bo tswa mo merafeng yotlhe le ditso le batho le diteme.” (Tshenolo 7:9) Ke bomang ba e leng boidiidi jono jo bogolo, gone jaanong ba na le boemo bofe mo Modimong, mme ba tlile go nna le isagwe e e ntseng jang? Karabo ya apokalipisi ke dikgang tse di molemo mo bathong ba ba nnang mo lefatsheng. Re bala jaana: “Bano ke bone ba ba tswang mo pitlaganong e kgolo, mme ba tlhatswitse dipurapura tsa bone ba ba ba di sweufatsa mo mading a Kwana.” Ka ntlha ya go dumela mo mading a a tsholotsweng a ga Keresete, ba tla sirelediwa ka nako ya “pitlagano e kgolo.” Keresete o tla ba “kaela go ya kwa metsweding ya metsi a botshelo. Mme Modimo o tla phimola keledi nngwe le nngwe mo matlhong a bone.” (Tshenolo 7:14-17) Ee, dimilione tsa batho tse di tshelang gompieno di ka nna bontlhanngwe jwa boidiidi jono jo bo se nang palo jwa batho ba ba tla falolang bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo. E re ka e tla bo e le babusiwa ba Kgosi Jesu Keresete ka nako ya Puso ya gagwe ya Mileniamo, o tla ba kaela go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng. A seo ga se dikgang tse di molemo?

“Dikatlholo Tsa One di Boammaaruri e Bile di Siame”

12, 13. (a) Kgaolo ya 8 go ya go ya 19 di tshotse eng? (b) Ke eng fa batho ba ba dipelo di ikanyegang ba sa tshwanela go tshwenngwa ke dipolelelopele tseo?

12 Kgaolo ya 8 go ya go ya 19 ke tsone tse segolobogolo di dirang gore buka ya Apokalipisi, kana Tshenolo, e tsewe e le buka e e bolelelang pele masetlapelo a a tshosang. Di tshotse melaetsa e e bogale ya katlholo (e e tshwantshediwang ke go lediwa ga terompeta, dipetso le megotswana ya kgalefo ya Modimo) e e malebana le dikarolo tse di farologaneng tsa tsamaiso ya dilo ya ga Satane. Dikatlholo tseno di tla diragadiwa pele mo bodumeding jwa maaka (“Babelona o Mogolo”), go tswa foo di diragadiwe mo tsamaisong e e boikepo ya dipolotiki e e tshwantshediwang ke dibatana.—Tshenolo 13:1, 2; 17:5-7, 15, 16.a

13 Dikgaolo tseno di tlhalosa go phepafadiwa ga magodimo ka gore Satane le badimona ba gagwe ba piriganyediwe mo lefatsheng. Seno ke sone fela se se re thusang go tlhaloganya lebaka la go bo go ile ga nna le mathata a a boitshegang mo lefatsheng fa e sa le ka 1914. (Tshenolo 12:7-12) Gape di tlhalosa ka tsela ya tshwantshetso, go senngwa ga tsamaiso e e boikepo ya ga Satane mo lefatsheng. (Tshenolo 19:19-21) A batho ba ba dipelo di ikanyegang ba tshwanetse go garolwa pelo ke ditiragalo tse di ntseng jalo tse di boitshegang? Nnyaa, ka gonne fa dikatlholo tsa Modimo di diragadiwa, lentswe le le tswang kwa legodimong le goeletsa jaana: “Bakang Ja, lona batho! Poloko le kgalalelo le maatla ke tsa Modimo wa rona, ka gonne dikatlholo tsa one di boammaaruri e bile di siame.”—Tshenolo 19:1, 2.

14, 15. (a) Tsamaiso eno e e boikepo e tlile go fedisiwa jang ka tshiamo? (b) Ke eng fa karolo eno ya Apokalipisi e tshwanetse go itumedisa batho ba ba dipelo di ikanyegang?

14 Jehofa a ka se tlise tsamaiso ya dilo e e siameng a ise a fedise batho ba ba senyang lefatshe. (Tshenolo 11:17, 18; 19:11-16; 20:1, 2) Le fa go ntse jalo, ga go na motho ope kana puso epe ya dipolotiki e e nang le taolo kana maatla a go dira seno. Ke Jehofa fela le Kgosi le Moatlhodi wa gagwe yo a mo tlhomileng e bong Keresete Jesu, yo o ka dirang seno ka tshiamo.—2 Bathesalonika 1:6-9.

15 Jehofa o ikaeletse go fedisa tsamaiso ya jaanong e e boikepo jaaka fa Apokalipise e bontsha jalo ka tlhamalalo. Kgang eno e tshwanetse go dira gore banna le basadi “ba ba fegelwang, le ba ba sonelelang dilo tsotlhe tse di makgapha tse di dirwang” ba itumele. (Esekiele 9:4) Seno se tshwanetse go ba bontsha kafa go leng botlhokwa ka teng gore ba sekegele tsebe boikuelo jwa moengele yo o tshotseng dikgang tse di molemo, yo o ileng a re: “Boifang Modimo . . . ka gonne nako ya one ya go atlhola e gorogile, mme jalo obamelang One o o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le metswedi ya metsi.” (Tshenolo 14:7) E kete batho bano ba ka obamela Jehofa le go mo direla mmogo le Basupi ba gagwe, “ba ba bolokang ditaolo tsa Modimo e bile ba na le tiro ya go naya bosupi ka Jesu.”—Tshenolo 12:17.

Puso e e Molemo ya Mileniamo

16. (a) Ke eng fa dikereke tsa Labokeresete di ganne go dumela tsholofelo ya Mileniamo? (b) Ke eng fa Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore thapelo ya sekao e tla arabiwa?

16 Kgaolo ya 20 go ya go ya 22 tsa buka ya Tshenolo di na le motheo wa Dikwalo wa go nna le tsholofelo ka Mileniamo. Ke yone fela karolo ya Baebele e tota e umakang nako ya dingwaga tse di sekete e e tla nnang ketapele ya boitumelo jo bo nnetseng ruri jo bo tlileng go nna gone kwa legodimong le mo lefatsheng. Dikereke tsa Labokeresete di ganne go dumela mo tsholofelong eno ya Mileniamo. E re ka thuto ya kereke e bolela gore basiami ba ya legodimong le gore baikepi ba ya diheleng, ga e dumele gore lefatshe le tla nna paradaise. Thapelo ya sekao e e kopang gore “thato [ya Modimo] e dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong,” ga e tlhole e na le bokao bope mo malokong a mantsi a dikereke tsa Labokeresete. (Mathaio 6:10, New International Version) Mme gone, ga go a nna jalo ka Basupi ba ga Jehofa. Ba dumela ba sa belaele gore Jehofa Modimo ga a ka a bopa lefatshe a le “bopela lefela,” go na le moo o ile a le bopela “go nniwa.” (Isaia 45:12, 18, NW) Ka gone, boporofeti jwa bogologolo, thapelo ya sekao le tsholofelo ya apokalipisi kaga Mileniamo tsotlhe fela di a dumalana. Mo Pusong ya gagwe ya Dingwaga Tse di Sekete, Keresete o tla tlhomamisa gore thato ya ga Jehofa e a dirwa mo lefatsheng fela jaaka e dirwa kwa legodimong.

17. Ke eng se se bontshang gore “dingwaga tse di sekete” di tshwanetse go tsewa e le tsa mmatota?

17 Lereo “dingwaga tse di sekete” le tlhaga ka makgetlo a le marataro mo ditemaneng tsa ntlha tse supa tsa Tshenolo kgaolo ya 20. Selo se re se lemogang ke gore mo mokwalong wa ntlhantlha wa Segerika, le dirisiwa ka makgetlo a manè le na le lebopi, e leng se se bontshang gore go buiwa ka mileniamo ya mmatota, e seng lobaka fela lo loleele lo go sa tlhomamisiwang boleele jwa lone, jaaka fa baakgedi ba bantsi ba Labokeresete ba bolela. Go tla diragala eng ka nako ya Mileniamo? Sa ntlha, Satane o tla bo a golegilwe mo lobakeng loo lotlhe. (Tshenolo 20:1-3; bapisa Bahebera 2:14.) A dikgang tse di molemo ruri!

18. (a) Ke eng fa Mileniamo e ka bidiwa gore ke “letsatsi” la katlholo? (b) Go tla diragala eng fa dingwaga tse di sekete di fela?

18 E re ka “maatla a go atlhola” a tla newa batho ba ba “[busang] e le dikgosi le Keresete ka dingwaga tse di sekete,” dingwaga tseo tota ke “letsatsi” la katlholo la dingwaga tse di sekete. (Tshenolo 20:4, 6; bapisa Ditiro 17:31; 2 Petere 3:8.) Baswi ba tla tsosiwa mme bone le batho ba ba tla falolang “pitlagano e kgolo,” ba tla atlholwa ka tsela e e tshwanetseng go ya ka ditiro tsa bone tsa nako eo. (Tshenolo 20:12, 13) E tla re fa dingwaga tse di sekete di sena go fela, Satane o tla gololwa ka nakwana e le gore a tle a leke batho ka teko ya bofelo e morago ga yone ene le badimona ba gagwe le batsuolodi botlhe ba ba mo setseng morago mo lefatsheng, ba tla fedisiwang ka bosakhutleng. (Tshenolo 20:7-10) Batho ba ba tla falolang teko eo ya bofelo maina a bone a tla kwalelwa ruri mo “bukeng ya botshelo” mme ba tla bona botshelo jo bo itumedisang jo bo sa khutleng, ba direla Jehofa le go mo obamela mo lefatsheng la paradaise.—Tshenolo 20:14, 15; Pesalema 37:9, 29; Isaia 66:22, 23.

19. (a) Ke eng fa re ka tlhomamisega gore ditsholofetso tse di molemo tse di tlhalositsweng mo bukeng ya Tshenolo ruri di tlile go diragadiwa? (b) Re tlile go sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?

19 Tseo ke dikgang tse di molemo tse di tlhalosiwang mo Apokalipising. Ga se ditsholofetso tsa maaka tse di itlhametsweng ke batho. Moaposetoloi Johane o ile a kwala jaana: “Yo o ntseng mo setulong sa bogosi a re: ‘Bona! Ke dira dilo tsotlhe disha.’ Gape, a re: ‘Kwala, ka gonne mafoko ano a boikanngo e bile a boammaaruri.’” (Tshenolo 21:5) Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re nne le seabe fa dikgang tseno tse di molemo di diragadiwa? Buka ya Tshenolo e na le kgakololo e ntsi e e ka thusang batho ba ba batlang go itumedisa Modimo. Fa re sekegela kgakololo eo tsebe re tla nna le boitumelo jo bogolo gone jaanong le ka bosakhutleng, jaaka fa setlhogo se se latelang se tla bontsha.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona tlhaloso e e feletseng ya buka ya Tshenolo, bona buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!, e e gatisitsweng ka 1988 ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

Dintlha Tsa Poeletso

◻ Ke boammaaruri bofe jwa motheo jo bo mo go Tshenolo kgaolo ya 4 go ya go ya 6 jo e leng karolo ya botlhokwa ya dikgang tse di molemo?

◻ Ke dikgang dife tse di molemo tse kgaolo ya 7 ya Tshenolo e di tshotseng?

◻ Ke eng fa batho ba ba dipelo di ikanyegang ba sa tshwanela go tshwenngwa ke melaetsa ya katlholo e e fitlhelwang mo go Tshenolo?

◻ Mileniamo e tla nna “letsatsi” la katlholo ka ditsela dife?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Kgosi Jesu Keresete o tla fedisa ntwa, leuba le loso gotlhelele mo lefatsheng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela