Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
Go ya ka ditaelo tsa Baebele tse di malebana le go dirisa madi ka tsela e e tshwanetseng, Basupi ba ga Jehofa ba leba jang kalafi e mo go yone go dirisiwang madi a gago ka namana?
Go na le gore motho a dire tshwetso e e ikaegileng fela ka gore ene ka boene o batla eng kana gore ba tsa kalafi ba akantsha eng, Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go akanya ka masisi gore Baebele ya reng. Ke kgang ya gagwe le Jehofa.
Jehofa, yo e leng ene a re neileng botshelo, o ile a laela gore madi a se ka a jewa. (Genesise 9:3, 4) Mo Molaong o o neng o neetswe Baiseraele ba bogologolo, Modimo o ile a lekanyetsa tsela e madi a tshwanetseng go dirisiwa ka yone ka go bo a emela botshelo. O ne a laela jaana: “Moya [kana botshelo] wa nama o mo mading mme nna ka bonna ke a lo beetse mo sebesong gore lo direle meya ya lona tetlanyo.” Mme go tweng fa motho a ne a bolaya phologolo go e ja? Modimo o ne a re: “A a tsholole madi a yone, a a bipe ka lorole.”a (Lefitiko 17:11, 13, NW) Jehofa o ne a boeletsa taelo eno gangwe le gape. (Duteronome 12:16, 24; 15:23) Soncino Chumash ya Sejuda e bolela jaana: “Madi ga a tshwanela go bolokiwa go na le moo a tshwanetse go tsewa a sa tshwanela go jewa ka go a tshololela fa fatshe.” Go ne go se na Moiseraele ope yo o neng a tshwanetse go tsaya, go boloka le go dirisa madi a sebopiwa se sengwe, se botshelo jwa sone e leng jwa Modimo.
Go boloka Molao wa ga Moshe go ile ga fela fa Mesia a swa. Le fa go ntse jalo, tsela e Modimo a lebang madi a le boitshepo ka yone ga e fetoge. E re ka baaposetoloi ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo wa Modimo, ba ne ba laela Bakeresete gore ‘ba ithibe mo mading.’ Taelo eo e ne e sa tshwanelwa go tsewa motlhofo fela. E ne e le botlhokwa fela jaaka go ntse ka go ithiba mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo kana kobamelo ya medingwana. (Ditiro 15:28, 29; 21:25) Fa go aba le go tshelwa madi e simolola go nna selo se se tlwaelegileng mo lekgolong la bo20 la dingwaga, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tlhaloganya gore mokgwa ono o kgatlhanong le Lefoko la Modimo.b
Ka dinako tse dingwe ngaka e ka kgothaletsa molwetse gore a boloke madi a gagwe ka namana dibeke di sekae pele ga a ariwa (preoperative autologous blood donation, kana PAD) gore fa go tlhokega, a tshele molwetse madi a gagwe ka namana a a neng a a bolokile. Le fa go ntse jalo, go kgobokanya, go boloka le go tshela madi go go ntseng jalo go thulana ka tlhamalalo le se se bolelwang mo go Lefitiko le Duteronome. Madi ga a tshwanela go bolokiwa; a tshwanetse go tshololwa—e kete a busediwa kwa Modimong. Ke boammaaruri gore Molao wa ga Moshe ga o dire gone jaanong. Le fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba tlotla melaometheo ya Modimo e e mo go one, mme ba ititeile sehuba gore ba tla ‘ithiba mo mading.’ Ka gone, ga re abe madi, le fa e le go boloka madi a rona ka namana a a tshwanetseng ‘go tshololwa’ gore a tshelwe mo go rona. Seo se thulana le molao wa Modimo.
Mekgwa e mengwe ya kalafi kana ditlhatlhobo tse di amang madi a motho ga di thulane ka tlhamalalo le se se leng mo melaometheong ya Modimo. Ka sekai, Bakeresete ba le bantsi ba ile ba dumela gore madi a bone a tsewe gore a tlhatlhobiwe, morago ga foo a bo a latlhwa. Dingaka di ka nna tsa akantsha gore go dirwe ditlhatlhobo tse dingwe tse di raraaneng tse di amanang le go dirisiwa ga madi a gago.
Ka sekai, ka nako ya dithulaganyo dingwe tsa karo, madi mangwe a ka nna a faposiwa mo mmeleng ka mokgwa o go tweng ke wa go fokotsa disele. Madi a a salang mo molwetseng a a tlhaolosiwa. Moragonyana, madi a gagwe a a elelang mo modikologong o o ka kwa ntle ga mmele a busediwa gape mo go ene, ka go dira jalo ba dira gore selekanyo sa madi a gagwe se tshwane le se se tlwaelegileng. Ka tsela e e tshwanang, madi a a dutlelang mo teng ga ntho a ka nna a tsewa a bo a tlhotlhiwa gore molwetse a busediwe disele tse di khibidu; mokgwa ono o bidiwa go boloka disele. Mokgwa o mongwe ke wa gore madi a tsenngwe mo motšhining o ka nakwana o tla dirang tiro e e dirwang ke dirwe tsa mmele (ka sekai, pelo, makgwafo kana diphilo). Go tswa foo madi a a mo motšhining a bo a busediwa mo molwetseng. Mo mekgweng e mengwe ya kalafi, madi a tsenngwa mo teng ga motšhini o o kgaoganyang dikarolo tsa madi (centrifuge) gore dikarolwana tse di kotsi kana tse di senyegileng tsa one di ntshiwe. Kana e ka nna ya bo e le gore ba batla go ntsha karolo nngwe ya madi mme ba bo ba e tsenya gongwe go sele mo mmeleng. Mme gape go na le ditlhatlhobo tse mo go tsone selekanyo se se rileng sa madi se ntshiwang gore se tsenngwe kana se tlhakanngwe le setlhare, go tswa foo a bo a busediwa gape mo mmeleng wa molwetse.
Ditlhaloso e ka nna ya bo e le tse di farologaneng, mme mekgwa e mesha ya go dira seno, ditsela tsa kalafi le ditlhatlhobo di tla nne di oketsega. Ga se tiro ya rona gore re tlhotlhomise tsela nngwe le nngwe le go dira ditshwetso malebana le gone. Mokeresete o tshwanetse gore a itirele tshwetso ya gore madi a gagwe a tla dirisiwa jang ka nako ya karo, ya fa a tlhatlhobiwa kana mo kalafing e e sa tswang go simololwa. O tshwanetse go botsa ngaka kana motegeniki wa tsa kalafi pele ga nako gore go tla dirwang ka madi a gagwe ka nako ya kalafi. Mme go tswa foo o tshwanetse go dira tshwetso go ya ka se segakolodi sa gagwe se mo letlang go se dira. (Bona lebokoso.)
Bakeresete ba tshwanetse go gakologelwa gore ba ineetse mo Modimong le gore ba tshwanetse go ‘mo rata ka dipelo tsa bone tsotlhe, ka moya otlhe, nonofo yotlhe le ka mogopolo otlhe.’ (Luke 10:27) Go farologana le batho ba le bantsi mo lefatsheng, Basupi ba ga Jehofa ba tsaya botsala jwa bone jo bo molemo le Modimo bo le botlhokwa thata. Moneibotshelo o kgothaletsa botlhe go ikanya madi a ga Jesu a a tsholotsweng. Re bala jaana: “Ka ene [Jesu Keresete] re na le kgololo ka thekololo ka madi a yoo, ee, boitshwarelo jwa ditlolo tsa rona.”—Baefeso 1:7.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Porofesa Frank H. Gorman o kwala jaana: “Go tshololwa ga madi go tlhaloganngwa botoka e le tsela ya go tlotla e e supang gore motho o tlotla botshelo jwa phologolo mme ka go dira jalo, o tlotla Modimo, yo o e bopileng e bile a tlhokomela botshelo joo.”
b Tora ya Tebelo ya July 1, 1951, (ka Seesemane), e ne ya araba dipotso tse di botlhokwa malebana le kgang eno, e bontsha lebaka la go bo go tshelwa madi a a abilweng ke ba bangwe go sa siama.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 31]
DIPOTSO TSE O KA DI IPOTSANG
Fa madi mangwe a me a tla bo a ntshiwa mo mmeleng wa me mme go elela ga one go emisiwa go sekae, a segakolodi sa me se tla ntetla gore ke tseye gore madi ano e sa ntse e le karolo ya mmele wa me, mme ka gone go sa tlhokege gore ‘a tshololelwe fa fatshe’?
A segakolodi sa me se se thapisitsweng ka Baebele se tla tshwenyega fa ka nako ya fa ke tlhatlhobiwa kana ke alafiwa go bo go tsewa mangwe a madi a me, a tswakanngwa a bo a busediwa gape mo go nna (kana mo) mmeleng wa me?