“O Boloke Ditaolo Tsa me, Mme o Tshele”
O NE a le mosha e bile a le botlhale, “a le montle a bopegile sentle.” Mosadi wa mong wa gagwe o ne a gogela e bile a na le boitsholo jo bo sa siamang. E re ka a ne a kgatlhwa thata ke lekawana leno, letsatsi le letsatsi o ne a leka go mo hepisa. “Ga dirala ya re ka lobaka loo Josefe a tsena mo ntlong go dira tiro ya gagwe; mme go ne go se na ope wa banna ba ntlo gone mo teng. Mosadi a mo phamola ka seaparo a re: ‘Robala le nna.’” Le fa go ntse jalo, Josefa morwa tlhogo ya lotso e bong Jakobe, a tlogela seaparo sa gagwe mme a tshabela mosadi wa ga Potifaro.—Genesise 39:1-12.
Le gale, ga se mongwe le mongwe yo o tshabelang boemo jo bo raelang. Ka sekai, akanya ka kgang ya lekawana le Kgosi Solomone wa Iseraele ya bogologolo a neng a le bona kwa mmileng bosigo. Fa a sena go hepisiwa ke mosadi mongwe yo o se nang boitsholo, “a tloga a mo latela jaaka kgomo e e yang tlhabong.”—Diane 7:21, 22, New International Version.
Bakeresete ba kgothalediwa gore ba ‘tshabe kgokafalo.’ (1 Bakorintha 6:18) Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela morutwa yo mmotlana wa Mokeresete e bong Timotheo jaana: “Tshaba dikeletso tse basha ba nang le go nna le tsone.” (2 Timotheo 2:22) Fa re lebane le maemo mangwe a a tlhotlheletsang kgokafalo, boaka kana boitsholo jo bongwe jo bo sa siamang, le rona re tshwanetse go tshaba re sa etsaetsege jaaka Josefa a ile a tshabela mosadi wa ga Potifaro. Ke eng se se tla re thusang go ititaya sehuba go dira jalo? Mo kgaolong ya bo7 ya buka ya Baebele ya Diane, Solomone o re neela kgakololo e e molemo. Ga a bue fela ka dithuto tse di re sireletsang mo tsietsong ya batho ba ba nang le boitsholo jo bo sa siamang mme gape o senola mekgwa e ba e dirisang ka go tlhalosa sentle boemo jo mo go jone lekawana lengwe le hepisiwang ke mosadi yo o sa itshwareng sentle.
‘O Bofelele Ditaolo Tsa me mo Menwaneng ya Gago’
Kgosi e simolola ka go neela kgakololo eno jaaka rre: “Morwaaka, tshegetsa mafoko a me, [o] beye ditaolo tsa me fa go wena. Tshegetsa ditaolo tsa me o tshele; le molao wa me jaaka thaka ya leitlho la gago.”—Diane 7:1, 2.
Batsadi, segolobogolo borre, ba na le maikarabelo a ba a filweng ke Modimo gore ba rute bana ba bone melao ya Modimo kaga se se molemo le se se bosula. Moshe o ne a gakolola borre jaana: “Mafoko a ke a go laolelang gompieno a nne mo pelong ya gago. O a rute bana ba gago ka tlhoafalo, o bue ka ga one fa o dutse mo ntlong ya gago, le fa o tsamaya mo tseleng, le fa o rapame, le fa o rapamologa.” (Duteronome 6:6, 7) Mme moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Lona, borrabana, lo se ka lwa bo lo sera bana ba lona, mme tswelelang lo ba godisetsa mo tshugong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baefeso 6:4) Ka jalo, ditaolo tsa motsadi tse di tshwanetseng go bolokiwa kana go tseelwa kwa godimo, di akaretsa dikgakololo, ditaolo le melao e e mo Lefokong la Modimo e leng Baebele.
Dithuto tsa batsadi di ka nna tsa akaretsa ditao tse dingwe—melao ya lelapa. Melao eno e direlwa go solegela maloko a lelapa molemo. Gone ke boammaaruri gore, go ikaegile ka dilo tse lelapa le di tlhokang, melao e ka nna ya farologana go ya ka malapa. Le fa go ntse jalo, batsadi ba na le tiro ya go dira tshwetso ya gore ke melao efe e e tla siamelang lelapa la bone. Mme gantsi melao e ba e dirang e supa lorato lwa bone lwa mmatota le kafa ba amegang ka teng. Kgakololo e e neelwang basha ke ya gore ba utlwe melao eno le dithuto tsa Dikwalo tse batsadi ba bone ba di ba nayang. Ee, go na le lebaka la go tshwara ditaolo tseno jaaka “thaka ya leitlho la gago”—o di tlhokomela thata. Ke kafa o ka tilang ditlamorago tse di botlhoko ka gone tsa go itlhokomolosa ditekanyetso tsa ga Jehofa mme o nne “o tshele.”
Solomone o tswelela jaana: “O di bofelele [ditaolo tsa me] mo menwaneng ya gago; o di kwale mo sekwalelong sa pelo ya gago.” (Diane 7:3) E re ka menwana e le yone e e bonalang thata mo matlhong a rona e bile e le botlhokwa go dira dilo tse re batlang go di dira, dithuto tse re golang re di rutiwa go tswa mo Dikwalong kana go nna le kitso ya Baebele di tshwanetse go re gakolola ka metlha le go re kaela mo go sengwe le sengwe se re se dirang. Re tshwanetse go di kwala mo sekwalelong sa dipelo tsa rona, re dira gore di nne karolo ya rona.
Kgosi e gakolola jaana e sa lebale botlhokwa jwa botlhale le tlhaloganyo: “Raya botlhale o re: ‘O kgaitsadiake’; mme e kete o ka bitsa tlhaloganyo o re ‘O wa losika.’” (Diane 7:4, NW) Botlhale ke go kgona go dirisa sentle kitso e re e filweng ke Modimo. Re tshwanetse go rata botlhale jaaka re rata kgaitsadiarona yo o rategang. Tlhaloganyo ke eng? Ke go kgona go lemoga kgang le go e tlhaloganya ka go utlwisisa gore dikarolo tse dingwe tsa kgang eno di amana jang le kgang yotlhe ka kakaretso. Re tshwanetse go rata tlhaloganyo thata jaaka e kete ke tsala e kgolo.
Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tshegetsa thapiso ya Dikwalo le go leka go nna le kamano e e gaufi le botlhale le tlhaloganyo? Gore “[re itise] mo mosading wa motswakwa, mo mothong wa moeng yo o rethefatsang mafoko a gagwe.” (Diane 7:5, NW) Ee, go dira jalo go tla re sireletsa mo mekgweng ya boferefere le e e tlhotlheletsang ya motswakwa kana moeng—motho wa boitsholo jo bo sa siamang.a
Lekau le Kopana le ‘Mosadi wa Leferefere’
Go tswa foo kgosi ya Iseraele e tlhalosa tiragalo e ene ka boene a e boneng: “Ke ne ka leba kwa tlase ka fensetere ya me, ka marofana a me, gore ke tle ke tlhodumele ba ba se nang maitemogelo. Ke ne ke kgatlhegela go lemoga lekau le le seng botlhale mo basimaneng, le le fetang ka mmila gaufi le sekhutlo sa mosadi yoo, le le gwantang mo tseleng le ya kwa ntlong ya gagwe, ka lotlatlana, maitseboa, fa bosigo le letobo di atamela.”—Diane 7:6-9, NW.
Fensetere e Solomone a lebileng ka yone e na le marofana—go bonala e ne e le letlhomeso le le logaganeng le gongwe le nang le mekgabiso e mentle. Fa letsatsi le ntse le phirima, mebila e a fifala. O bona lekawana le le ka tlhaselwang motlhofo thata. E re ka a se na temogo kana tlhaloganyo, ga a botlhale. Go ka direga gore o itse tikologo e a tsenang mo go yone e bile o itse le se se ka mo diragalelang koo. Lekawana leno le atamela “sekhutlo sa mosadi yoo,” se se mo tseleng e e yang kwa ntlong ya gagwe. Mosadi yoo ke mang? O batla go dira eng?
Kgosi e e kelotlhoko e tswelela jaana: “Bona! go ne go na le mosadi a tlile go mo kgatlhantsha, a apere seaparo sa seaka e bile a le pelo e e boferefere. O tsosa modumo e bile o tlhogo e thata. Dinao tsa gagwe ga di nne mo ntlong ya gagwe. Jaanong o kwa ntle, a tloge a ye kwa dipatlelong, mme o lalela gaufi le sekhutlo sengwe le sengwe.”—Diane 7:10-12, NW.
Tsela e mosadi yono a aparang ka yone e mo tlhalosa sentle gore ke motho yo o ntseng jang. (Genesise 38:14, 15) O apere ka tsela e e botlhaswa, jaaka seaka. Mo godimo ga moo, o na le pelo e e boferefere—mogopolo wa gagwe o a “tsietsa,” maikaelelo a gagwe ke a “bolotsana.” (An American Translation; New International Version) O modumo e bile o tlhogo e thata, ke mmalabadi e bile o bogoma, o leratla mme o a itshepa, o manganga e bile o lenyatso. Go na le gore a nne kwa ntlong ya gagwe, o batla go nna a ntse a kgarakgatshega mo dipatlelong, a emaema mo dikhutlong tsa mebila gore a iponele motswasetlhabelo wa gagwe. O emetse mongwe yo o tshwanang le lekawana leno.
‘Tlhotlheletso e Kgolo’
Lekawana leno le kopana jalo le mosadi wa boitsholo jo bo sa siamang yo o nang le maano a a boferefere. A bo seno se ile sa gapa tlhokomelo ya ga Solomone thata jang ne! O bolela jaana: “O mo tshwere mme a mo atla. A beta pelo, mme a simolola go mo raya a re: ‘Ke neilwe ditlhabelo tsa kabalano e le tiro. Gompieno ke duetse maikano a me. Ke gone ka moo ke tlileng go go kgatlhantsha, go batla sefatlhego sa gago, gore ke tle ke go bone.’”—Diane 7:13-15, NW.
Dipounama tsa mosadi yono di borethe. Ka go ipeta pelo, o tlhalosa mafoko a gagwe ka go itshepa. Sengwe le sengwe se a se buang se rulagantswe sentle gore a tle a kgone go raela lekawana leno. Fa a tlhalosa gore o ntshitse ditlhabelo e bile o duetse maikano a gagwe ka lone letsatsi leo, o itira motho yo o siameng, a supa gore ga a tlhaele sepe mo semoyeng. Ditlhabelo tsa kabalano tse di neng di ntshiwa kwa tempeleng ya kwa Jerusalema e ne e le nama, boupi, lookwane le beine. (Lefitiko 19: 5, 6; 22:21; Dipalo 15:8-10) E re ka motho yo o neng a ntsha setlhabelo a ne a ka kgona go tseela ene le lelapa la gagwe karolo ya setlhabelo sa kabalano, o ne a akantsha gore go na le dijo le dinō tse dintsi kwa ntlong ya gagwe. Se a neng a se bolela se ne se phepafetse: Lekawana leno le ne le tla ijesa monate koo. O ne a tswa kwa ntlong ya gagwe go tla go batla ene fela. A bo seo se utlwisa botlhoko jang ne—fa mongwe a ne a ka dumela kgang eo. Mokanoki mongwe wa Baebele o bolela jaana: “Gone ke boammaaruri gore o ne a ile go batla mongwe, a mme tota o ne a ile go batla lone lekawana leno ka tsela e e kgethegileng? Ke sematla fela se se ka mo dumelang—gongwe sone se.”
Fa mohepisi yono a sena go mo gogela ka moaparo wa gagwe, ka modumo wa lentswe la mafoko a a forang, le ka go mo tlamparela ga gagwe le ka dipounama tsa gagwe, o dirisa monkgo. O bolela jaana: “Ke kgabisitse bolawana jwa me ka matsela a a apesang, ka dilo tse dintsi tse di mebala, leloba la Egepeto. Ke kgatšhitse bolao jwa me ka mera, mekgwapha le sinamone.” (Diane 7:16, 17, NW) O kgabisitse bolao jwa gagwe ka tsela e ntle ka matsela a mebala a Egepeto a bo a bo nkgisa monate ka dinkgisamonate tse di tlhwatlhwakgolo tsa mera, mekgwapha le sinamone.
O tswelela jaana: “Tla, mme re nwe lorato ka botlalo go fitlha mo mosong; tla re ipelelane ka ditiro tse di bontshang lorato.” Taletso eno ga se fela ya go ja dijo tse di monate tsa motshegare tsa batho ba babedi. Mosadi yono o solofetsa go ijesa monate ka bokopano jwa tlhakanelodikobo. Mo lekawaneng leno, taletso eo e gwetlha tota e bile e a kgatlha! Go mo gogela le go feta, mosadi yoo o oketsa jaana: “Gonne monna wa me ga a yo mo ntlong ya gagwe; o tsere loeto lo loleele. O tsere kgetsi ya madi mo seatleng sa gagwe. O tla tla mo ntlong ya gagwe ka letsatsi la ngwedi o o tletseng.” (Diane 7:18-20, NW) O mo tlhomamisetsa gore ba tla bo ba babalesegile, ka gonne monna wa gagwe o tla bo a tsamaile a le mo loetong lwa kgwebo mme ga a lebelela gore a boe ka bonako. A bo a na le bokgoni jang ne jwa go tsietsa mosha! “O mo timeditse ka go mo tlhotlheletsa thata. O mo faposa ka dipounama tsa gagwe tse di borethe.” (Diane 7:21, NW) Go tlhokega monna yo o tshwanang le Josefa go ganana le kgogelo e e hepisang eno. (Genesise 39:9, 12) A lekawana leno le tshwana le ene?
‘Jaaka Poo e e Yang go Tlhabiwa’
Solomone o bega jaana: “Ka tshoganyetso o mo sala morago, jaaka poo e e tlang go tlhabiwa, le jaaka e kete o bofetswe go newa kotlhao e e newang seeleele, go fitlha motswi o fatola sebete sa gagwe, fela jaaka nonyane e potlakela kwa seraing, mme ga a ise a itse gore go ama moya wa gagwe.”—Diane 7:22, 23, NW.
Go bonala lekawana leno le sa kgone go gana taletso eo. O itlhokomolosa botlhale jotlhe mme o mo latela ‘jaaka poo e e yang go tlhabiwa.’ Fela jaaka monna yo o bofilweng ka dikeetane a sa kgone go tshabela kotlhao ya gagwe, lekawana leno le lone le tsena fela jalo mo boleong. Ga a bone kotsi epe go fitlha “motswi o fatola sebete sa gagwe,” e leng, go fitlha a nna le letsadi le le tla mmolayang. Loso e ka tswa e le lwa mmatota ka gonne o itsenya mo kotsing ya go tsenwa ke bolwetse jo bo bolayang jo bo tshwaetsanang jwa tlhakanelodikobo.b Letsadi leo le ka nna la dira gape gore a swe semoyeng; “go ama moya wa gagwe.” Botho jwa gagwe le botshelo jwa gagwe jotlhe bo amega ka tsela e e masisi e bile o leofetse Modimo ka tsela e e maswe. Ka gone o potlakela mo losong fela jaaka nonyane e potlakela mo seraing!
“Lo se Ka Lwa Kgarakgatshegela mo Ditseleng Tsa Gagwe”
Fa kgosi e e botlhale e neela thuto ka se e se boneng, e kgothatsa jaana: “Jaanong bomorwaaka, ntheetsang mme lo tlhwaele mafoko a molomo wa me tsebe. A pelo ya lona e se ka ya fapogela kwa ditseleng tsa gagwe. Lo se ka lwa kgarakgatshegela mo ditseleng tsa gagwe. Gonne o dirile gore ba bantsi ba we ba bolailwe setlhogo, mme botlhe ba a ba bolaileng ba bantsi. Ntlo ya gagwe ke ditsela tse di yang kwa Sheole; di fologela kwa diphaposing tse di kwa teng tsa loso.”—Diane 7:24-27, NW.
Ka gone he, kgakololo ya ga Solomone ke ya gore re fapoge ditsela tse di isang losong tsa motho wa boitsholo jo bo sa siamang mme ‘re tshele.’ (Diane 7:2) A bo kgakololo eno e tshwanela motlha wa rona jang ne! Ga go na pelaelo gore go tlhokega gore re tile go nna re boaboa mo mafelong a go nang le batho ba ba letileng go tshwara batswasetlhabelo. Ke eng fa o tshwanetse go itsenya mo kotsing ya maano a bone ka go ya kwa mafelong a a ntseng jalo? Ebu, ke eng fa o tshwanetse go nna motho yo o “seng botlhale” le yo o kgarakgatshegang mo ditseleng tsa “moeng”?
‘Mosadi wa motswakwa’ yo kgosi e mmoneng o ne a hepisa lekawana ka go le laletsa gore ba “ipelelane ka ditiro tse di bontshang lorato.” A ga go na basha ba bantsi—segolobogolo basetsana—ba ba ileng ba sotliwa ka tsela e e ntseng jalo? Mme akanya ka seno: Fa mongwe a leka go go gogela mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, a tota ke lorato lwa boammaaruri kana ke keletso ya bopelotshetlha fela? Ke eng fa monna yo ruri a ratang mosadi a tshwanetse go mo pateletsa go itlhokomolosa tsela ya Bokeresete e a thapisitsweng ka yone le segakolodi sa gagwe? Solomone o kgothatsa jaana: “A pelo ya lona e se ka ya fapogela” mo ditseleng tse di ntseng jalo.
Gantsi mafoko a motho yo o hepisang a borethe e bile a rulagantswe sentle. Fa re dira gore botlhale le tlhaloganyo di nne mo thoko ga rona go tla re thusa go a lemoga. Mme go sa lebale le ka motlha se Jehofa a re laetseng go se dira go tla re sireletsa. Ka gone e kete ka metlha re ka leka ‘go boloka ditaelo tsa Modimo mme re tshelele’ ruri.—1 Johane 2:17.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Lefoko “motswakwa” le ne le dirisediwa batho ba ba neng ba itlhoboganya le Jehofa ka go furalela Molao wa gagwe. Ka gone, mosadi yo o nang le boitsholo jo bo sa siamang, yo e leng seaka, o bidiwa “mosadi wa motswakwa.”
b Malwetse mangwe a a tshwaetsanang ka tlhakanelodikobo a senya sebete. Ka sekai, fa bolwetse jwa thosola bo setse bo godile, ditwatsi tsa bakateria di koafatsa sebete. Mme ditwatsi tse di bakang rasephiphi di ka rurutsha sebete.
[Ditshwantsho mo go tsebe 29]
O leba jang melao ya batsadi?
[Setshwantsho mo go tsebe 31]
Go boloka ditaolo tsa Modimo go raya botshelo