Phitlhelelo e e Botlhokwatlhokwa ya Semoya!
Go Gololwa ga Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo ka Setswana
KA December 1, 2000, go ne ga dirwa phitlhelelo e e botlhokwatlhokwa ya semoya: Go ne ga gololwa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo ka Setswana.
Mmogo le Dibaebele tse di sa bolong go dirisiwa ke batho ba ba boifang Modimo mo Afrika, jaanong re na le Thanolo ya Lefatshe le Lesha. Le fa go ntse jalo, ke ka ntlha yang go ne go sa ntse go tlhokega thanolo e nngwe ya Baebele? E ranotswe ke mang? Mme o ka tlhomamisega jang gore Thanolo ya Lefatshe le Lesha e a ikanyega?
Ke ka Ntlha Yang Fa go Na le Dithanolo Tse Dintsi Jaana Tsa Baebele?
Mo dingwageng tsa bosheng jaana, go ile ga gatisiwa dithanolo di le dintsi thata tsa Baebele. Dithanolo dingwe tse disha di ile tsa dira gore Lefoko la Modimo le nne gone ka dipuo dingwe lekgetlho la ntlhantlha. Le fa go ntse jalo, gape go gatisiwa Dibaebele tse disha ka dipuo tse di setseng di ntse di na le dithanolo tse di di dirisang. Lebaka la seno ke eng? Buka ya setlhogo se se reng So Many Versions?, e e kwadilweng ke Sakae Kubo le Walter Specht, e tlhalosa jaana: “Ga go na thanolo epe ya Baebele e e ka tsewang e le ya bofelo. Dithanolo di tshwanetse go tsamaisana le go gola ga bokanoki jwa Baebele le go fetofetoga ga puo.”
Mo lekgolong leno la dingwaga, puo ya Sehebera, Searamaika le Segerika—dipuo tse Baebele e neng ya kwala ka tsone la ntlhay—di ne tsa nna tsa tlhaloganngwa botoka go feta pele. Gape, go ne ga bonwa mekwalo mengwe ya bogologolo thata ya Baebele e e tlhomameng thata go gaisa e e neng e dirisiwa ke dikokomana tse di fetileng tsa baranodi ba Baebele. Ka jalo, Lefoko la Modimo le kgona go ranolwa ka tsela e e tlhomameng thata gompieno go feta pele!
The Atlantic Monthly e tlhalosa jaana fa e umaka mekgatlho ya dikgwebo: “Go gatisiwa ga Baebele ke kgwebo e kgolo—e kgolo ka tsela e e gakgamatsang.” Ka dinako tse dingwe, go bonala go tsewa e le selo se se botlhokwa thata go tlhagisa Baebele e e rekwang go di gaisa tsotlhe go na le e e buang boammaaruri. Mo Baebeleng nngwe e ntšha, go phimotswe ditemana dingwe tse bagatisi ba yone ba reng di a “lapisa.” Mo Baebeleng e nngwe, go fetotswe mafoko le dipolelo dingwe tse go akanngwang gore di ka nna tsa kgopisa babadi ba segompieno. Ka sekai, e leka go kgatlha batho ba ba lwelang ditshwanelo tsa basadi ka go bitsa Modimo e re “Rra-Mma.”
Go Fitlha Leina la Modimo
Gongwe dilo tse di tshwenyang thata ke tse di amanang le leina la Modimo—Jehofa. (Bakanoki bangwe ba le ranola ka go re “Yahweh.”) Mo Dibaebeleng tsa bogologolo, leina la bomodimo le emelwa ke ditumammogo di le nnè tsa Sehebera tse di ka ranolwang ka go dirisa maadingwa go nna YHWH kgotsa JHVH. Leina le le mo tlhaolang leno le tlhaga makgetlho a ka tshwara 7 000 mo go se se bidiwang Tesetamente ya Bogologolo fela. (Ekesodo 3:15; Pesalema 83:18) Ka jalo, go phepafetse gore boikaelelo jwa Mmopi e ne e le gore baobamedi ba gagwe ba itse leina leo ba bo ba le dirise!
Le fa go ntse jalo, makgolokgolo a dingwaga a a fetileng, tumelabotlhodi e ne ya dira gore Bajuda ba tlogele go bitsa leina la bomodimo. Moragonyana, dipono tse di ntseng jalo tsa tumelabotlhodi di ne tsa ama Bokeresete. (Bapisa Ditiro 20:29, 30; 1 Timotheo 4:1.) Baranodi ba Baebele ba ne ba tlwaela go emisetsa leina la bomodimo ka sereto sa “Morena.” Gompieno jaana, Dibaebele di le dintsi ga di na leina la Modimo gotlhelele. Dibaebele dingwe tsa segompieno tsa Seesemane di ntsha lefoko “leina” mo go Johane 17:6, moo Jesu a bolelang jaana gone: “Ke bonaditse leina la gago.” Today’s English Version e ranola temana eno jaana: “Ke dirile gore o itsiwe.”
Ke ka ntlha yang fa leina la Modimo le ilwa jaana? Akanya ka ditlhaloso tse di kwadilweng mo lekwalopakeng la Practical Papers for the Bible Translator. (Bolumo 43, ya bo4, 1992) E gatisitswe ke United Bible Societies (UBS), e e okametseng bontsi jwa tiro ya mo lefatsheng lotlhe ya go ranola Baebele. Setlhogo sengwe se ne sa tlhalosa jaana: “E re ka go se na pelaelo gore YHWH ke leinatota, go bonala go le ranola ka go dirisa maadingwa e tla nna tsela e e utlwalang sentle thata ya go le ranola.” Mme setlhogo seo se ne sa tlhagisa jaana: “Le fa go ntse jalo, go na le dilo dingwe tsa mmatota tse di tshwanetseng go tlhokomelwa.”
“Dilo tseno tsa mmatota” di boammaaruri go le kana kang? Go ya ka lekwalopaka leno, bakanoki bangwe ba tlhalosa jaana: “Fa re dirisa leina le le jaaka Yahweh [mo bathong ba e seng Bakeresete], le ka nna la tlisa megopolo e e sa siamang mo go bone . . . , e e akantshang gore ‘Yahweh’ ke Modimo o sele, kgotsa Modimo yo mosha yo o sa itsiweng, yo o farologaneng le Modimo yo ba setseng ba mo itse.” Le fa go ntse jalo, Baebele e ruta e gatelela gore Jehofa Modimo o farologane le medimo e e obamelwang ke batho ba e seng Bakeresete!—Isaia 43:10-12; 44:8, 9.
Bakanoki bangwe ba bolela gore ba a bo ba latelela tlwaelo eno fela fa ba emisetsa leina la Modimo ka sereto sa “MORENA.” Mme Jesu o ile a nyatsa go latelela ditlwaelo tse di tlontlololang Modimo. (Mathaio 15:6) Mo godimo ga moo, kgang ya go emisetsa leina leno ka sereto ga e tshegediwe ke Dikwalo. Jesu Keresete o na le direto di le mmalwa, jaaka “Lefoko la Modimo” le “Kgosi ya dikgosi.” (Tshenolo 19:11-16) A leina Jesu le tshwanetse go emisediwa ka sengwe sa direto tseno?
Setlhogo se sengwe mo lekwalopakeng le le umakilweng se bolela jaana: “Leina ‘Jehofa’ le tshwanetse go tilwa ka dinako tsotlhe.” Lebaka la gone ke eng? “Gantsi bakanoki ba dumela gore tsela ya ntlhantlha e le neng le bidiwa ka yone e emelwa botoka thata ke ‘Yahweh.’” Le fa go ntse jalo, maina a a tlwaelegileng a Baebele a a jaaka Jeremia, Isaia le Jesu le one a ranolwa ka tsela e e sa tshwaneng le e a neng a bidiwa ka yone mo Sehebereng sa ntlha (Yir·meyahʹ, Yesha·yaʹhu, le Yehoh·shuʹa). E re ka leina “Jehofa” e le yone tsela e e siameng ya go ranola leina la bomodimo—e bile e le e e tlwaetsweng ke batho ba le bantsi—mabaka a go gana go le dirisa ga a utlwale. Eleruri, go bonala mabaka a go gana go dirisa leina la bomodimo e le fela gore batho ba ikutlwa jang ka lone le ka ntlha ya go sa le rate, e seng mabaka a bokanoki.
Le fa go ntse jalo, kgangkgolo fano ga se fela mabaka a patlisiso eno e e dirilweng. Ka sekai, motho mongwe wa mokgatlho wa UBS yo go ikgolaganngwang le ene kwa India o ne a kwala ka ditlamorago tsa go ntsha leina la bomodimo mo dikgatisong tse pele le neng le le teng mo go tsone. O bolela jaana: “Bahindu ga ba kgatlhegele sereto sa Modimo; ba batla go itse leina la Modimo ka namana, fa ba sa itse leina leo, ga ba ka ke ba kgona go tsalana le mong wa lone.” Eleruri, go ka bolelwa jalo ka batho botlhe ba ba batlang Modimo. Go itse leina la Modimo go botlhokwa gore re kgone go mo tlhaloganya, e seng jaaka maatla mangwe a e seng motho, mme jaaka motho—mongwe yo re ka kgonang go mo itse. (Ekesodo 34:6, 7) Ka jalo Baebele e bolela jaana: “Mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa.” (Baroma 10:13) Baobamedi ba patelesega go dirisa leina la gagwe!
Thanolo e e Tlotlang Modimo
Ka jalo e ne e le phitlhelelo e e botlhokwatlhokwa ka 1950 fa go ne go gatisiwa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Segerika ya Seesemane la ntlha. Mo dingwageng di le lesome tse di latelang, dikarolo tse gantsi di bidiwang Tesetamente ya Bogologolo, kgotsa Dikwalo Tsa Sehebera, di ne tsa gatisiwa ka ditlhophana. Ka 1961, go ne ga gololwa Baebele e e feletseng ya Seesemane e le bolumo e le nngwe fela. Se se botlhokwa ke gore, Thanolo ya Lefatshe le Lesha e ranola leina la bomodimo Jehofa ka makgetlho otlhe a a ka nnang 7 000 a le tlhagang ka one mo “Tesetamente ya Bogologolo.” Se se tlhomologileng thata ke go busetsa ga yone leina la bomodimo makgetlho a le 237 mo “Tesetamente e Ntšha,” kgotsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika.
Go busetsa leina leo ga go tlotle Modimo fela mme gape go dira gore go tlhaloganngwe dilo tse dingwe tse di ntseng di sa tlhaloganngwe. Ka sekai, dithanolo di le dintsi di ranola Mathaio 22:44 jaana: “Morena o ne a raya Morena wa me a re.” Mme tota ke mang yo o buang fano mme o bua le mang? Thanolo ya Lefatshe le Lesha e ranola temana eno jaana, “Jehofa o ne a raya Morena wa me a re,” ka go dira jalo, e nopola Pesalema 110:1 sentle. Ka jalo babadi ba kgona go dira pharologanyo e e botlhokwa fa gare ga Jehofa Modimo le Morwawe.
Ke Mang Yo o E Emeng Nokeng?
Thanolo ya Lefatshe le Lesha e gatisitswe ke Watch Tower Bible and Tract Society, moemedi wa semolao wa Basupi ba ga Jehofa. Mokgatlho o feditse dingwaga di feta lekgolo o gatisa le go phasalatsa Dibaebele mo lefatsheng lotlhe. Setlhopha sa Bakeresete se se itsiweng e le New World Bible Translation Committee se ne sa naya Mokgatlho thanolo eno. E re ka ba ne ba sa batle go tuma, maloko a komiti eno a kopile gore maina a bone a se ka a itsisiwe tota le fa ba se na go swa.—Bapisa 1 Bakorintha 10:31.
Le fa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa Baebele eno e ne ya bidiwa Thanolo ya Lefatshe le Lesha? Seno se ne se bontsha tumelo e e nonofileng ya gore batho “ba tloga ba tsena mo lefatsheng le lesha” le le solofeditsweng mo go 2 Petere 3:13. Jaaka komiti eno ka boyone e ne ya kwala, mo “nakong eno ya go fetoga go tswa lefatsheng la bogologolo,” go botlhokwa gore dithanolo tsa Baebele di letle gore “boammaaruri jo bo itshekileng jwa Lefoko la Modimo” bo bonale sentle.—Bona Ketapele mo kgatisong ya 1950.
Thanolo e e Boammaaruri
Selo sa ntlhantlha se se neng sa tlhokomelwa e ne e le gore e bue boammaaruri. Baranodi ba kgatiso ya Seesemane ba ne ba dirisa ka tlhamalalo dipuo tsa ntlhantlha tsa Sehebera, Searamaika le Segerika, ba dirisa mekwalo e e gaisang e mengwe yotlhe e e leng teng.a Gape ba ne ba nna kelotlhoko ka tsela e e sa tlwaelegang gore kafa go kgonegang ka gone, ba ranole mokwalo wa bogologolo lefoko ka lefoko—mme e le ka puo e e tla tlhaloganngwang motlhofo ke babadi ba motlha wa segompieno.
Ga go gakgamatse go bo bakanoki bangwe ba ile ba baka Thanolo ya Lefatshe le Lesha ka ntlha ya go nna boammaaruri ga yone le go tlhomama. Porofesa Benjamin Kedar, e bong mokanoki wa Mohebera kwa Iseraele, o ne a bolela jaana ka 1989: “Fa ke ntse ke tlhatlhobisa Baebele ya Sehebera le dithanolo tsa yone, gantsi ke dirisa kgatiso ya Seesemane e e bidiwang New World Translation. Fa ke dira jalo, ke bona ke tlhomamisega gangwe le gape gore bakwadi ba yone ba lekile thata gore mokwalo wa yone o tlhaloganngwe sentle le gore e nne o o boammaaruri ka mo go ka kgonegang ka gone.”
Go Gatisa Dithanolo Tse Dingwe
Ka jalo, go matshwanedi go bo Mokgatlho wa Watch Tower o dirile gore go nne le Thanolo ya Lefatshe le Lesha le ka dipuo tse dingwe tse e seng tsa Seesemane. Gone jaanong, e gatisiwa e feletse kana e le bontlhanngwe jwa yone fela, ka dipuo di le 38. Go akofisa tiro eno, Mokgatlho o ne wa tlhama mokgwa wa go ranola Baebele o o kopanyeletsang go ithuta mafoko a Baebele le boranyane jwa khomputara. Gape Mokgatlho o tlhomile lephata la Ditirelo Tsa Boranodi, le jaanong le leng kwa Patterson, kwa New York, gore le thuse baranodi. Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa se tlhokometse thata tiro ya go ranola Baebele se dirisa Komiti ya sone ya Bokwadi. Mme tota tiro eno e dirwa jang?
Sa ntlha, go tlhomiwa setlhopha sa Bakeresete ba ba ineetseng gore ba nne setlhopha sa baranodi. Boitemogelo bo bontshitse gore fa baranodi ba bereka mmogo e le setlhopha, ba tlhagisa thanolo e e botoka, e e utlwalang sentle fela thata go na le fa e le moranodi a le mongwe fela. (Bapisa Diane 11:14.) Gantsi, leloko lengwe le lengwe la setlhopha seno le a bo le setse le na le maitemogelo a go ranola dikgatiso tsa Mokgatlho. Go tswa foo setlhopha se newa thapiso e e tseneletseng ya melawana ya go ranola Baebele le ya go dirisa thulaganyo ya khomputara e e tlhamilweng ka tsela e e kgethegileng.
Setlhopha sa baranodi se laelwa gore se tlhagise Baebele e e (1) boammaaruri, (2) e lefoko le le lengwe le ranolwang ka tsela e e tshwanang, (3) e e ranotsweng lefoko ka lefoko go ya kafa puo e letlang ka gone, mme (4) e tlhaloganngwa motlhofo ke batho ba ba sa rutegang. Seno se dirwa jang? Akanya ka Baebele e e sa tswang go gololwa. Setlhopha sa baranodi se simolotse ka go tlhopha mafoko a Setswana a e leng bokao jwa mafoko otlhe a konokono a Baebele a a dirisiwang mo kgatisong ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Seesemane. Khomputara e ne e dirilwe gore e ba bontshe mafoko a Baebele a a tsamaisanang ka bokao. Gape e ne e ba bontsha mafoko a ntlhantlha a Segerika kgotsa a Sehebera a mafoko a Seesemane a tserweng mo go one gore moranodi a tle a kgone go bona gore mafoko ao a Segerika kgotsa a Sehebera a ranotswe jang mo mafelong a mangwe gape kwa a tlhagang gone. Sotlhe seno se ne se thusa tota mo go tlhopheng mafoko a Setswana. Fa setlhopha se sena go dumalana ka mafoko ao, ba ne ba simolola go ranola Baebele, ba dirisa khomputara gore e ba bontshe mafoko a Setswana fa ba ntse ba ranola temana nngwe le nngwe.
Le fa go ntse jalo, go ranola ga se fela go emisetsa mafoko ka a mangwe. Go ne ga tshwanelwa ke gore go dirwe tiro e ntsi ya go tlhokomela gore mafoko a a tlhophilweng a Setswana a tlhagisa bokao jo bo tshwanetseng jwa Dikwalo mo temaneng nngwe le nngwe. Gape ba ne ba tshwanelwa ke go tlhokomela gore ba ne ba dirisa thutapuo le go aga dipolelo ka tsela e e siameng le e e tlwaelegileng. Tiro e e dirilweng ka natla mo porojekeng eno e a itlhalosa. Kgatiso ya Setswana ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha e ranotse Lefoko la Modimo ka tsela e e balegang motlhofo, e e utlwalang sentle e bile e tlhaloganngwa, mme e sa farologane ka gope le mekwalo ya bogologolo.
Re go kgothaletsa gore o ipalele Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo. O ka e bona mo bagatising ba makasine ono kgotsa mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa e e mo lefelong la gaeno. O ka e bala ka tsholofelo ya gore e ranola mafoko a Modimo ka boikanyegi ka puo ya gago. Ga go na pelaelo gore go ise go ye kae, o tla dumela gore go gololwa ga yone ga bosheng jaana ruri e ne e le phitlhelelo e e botlhokwatlhokwa ya semoya!
[Ntlha e e kwa tlase]
a The New Testament in the Original Greek, e e kwadilweng ke Westcott le Hort, e ne e le yone mokwalo wa konokono wa Segerika o ba neng ba o dirisa. Biblia Hebraica ya ga R. Kittel e ne e le mokwalo wa konokono wa Sehebera o ba neng ba o dirisa.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 25]
Dikarolo Dingwe Tsa Thanolo ya Lefatshe le Lesha
Mokwalo wa Yone o Bonala Sentle e Bile o Balega Sentle
Ditemana di Kgobokantswe ka Dirapa: Go na le gore temana nngwe le nngwe e ikemele e le serapa, ditemana di kgobokantswe ka dirapa. Seno se thusa mmadi go utlwa sentle kgopolo e e tlhalosiwang ke bakwadi ba Baebele.
Ditlhogo Tsa Dikgaolo: E re ka di tlhaga kwa godimo mo ditsebeng ka bontsi, di thusa motho go bona dipego tsa Baebele ka bonako.
Ditshupiso: Tsebe nngwe le nngwe e na le ditshupiso tse di go isang kwa ditemaneng tse di nang le bokao jo bo tshwanang.
Khonkhodense: Karolo e e ka kwa morago ga buka ya setlhogo se se reng “Kaedi ya Mafoko a Baebele.” Go tlhomagantswe mafoko a a tlhophilweng le gore a ka bonwa fa kae mo Baebeleng, mme gantsi go dirisitswe nopolo e khutshwanyane fela ya ditemana.
Mametlelelo: Ditlhogo di le mmalwa tse dikhutshwane tse di tlotlang ka dithuto tsa motheo tsa Baebele le dikgang tse di amanang le tsone.