LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w01 9/1 ts. 22-26
  • Lesedi la Semoya le a Phatsima mo Botlhabagare

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lesedi la Semoya le a Phatsima mo Botlhabagare
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Anama ga Lesedi Kwa Tshimologong
  • Go Neela Bosupi Kwa Mafatsheng a Baebele
  • Go Bereka le Barongwa
  • Go Rera Le fa Re Lebane le Mathata
  • Ditshono Tse Dingwe Tsa go Neela Bosupi
  • Karolo 4—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Ke Akanya ka Jehofa fa ke Dira Ditshwetso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Karolo 2—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Ruri Jehofa o Nthusitse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
w01 9/1 ts. 22-26

Kgang ya Botshelo

Lesedi la Semoya le a Phatsima mo Botlhabagare

JAAKA GO BOLETSE NAJIB SALEM

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., lesedi la Lefoko la Modimo le ne la phatsima go tswa mo Botlhabagare mme la ya go fitlha le kwa dikarolong tse di kwa kgakala tsa lefatshe. Mo lekgolong la bo20 la dingwaga, lesedi leo le ne la boa gape go tla go phatsimela karolo eo ya lefatshe. E re ke lo bolelele gore seo se diragetse jang.

KE TSHOTSWE ka 1913 mo toropong ya Amioun, kwa bokone jwa Lebanon. Oo e ne e le ngwaga wa bofelo wa fa dilo di ne di sa ntse di tlhomame e bile go ritibetse mo lefatsheng, ka gonne Ntwa ya Lefatshe I e ne ya runya mo ngwageng o o latelang. Fa ntwa e khutla ka 1918, Lebanon, e ka nako eo e neng e itsiwe e le perela ya Botlhabagare, e ne e feletswe gotlhelele mo go tsa ikonomi le mo dipolotiking.

Ka 1920, fa ditirelo tsa poso di ne di simolola go dira gape kwa Lebanon, go ne go tsena makwalo a a neng a tswa kwa bathong ba Lebanon ba ba neng ba nna kwa dinageng di sele. Bangwe ba batho bano e ne e le bomalome e bong Abdullah le George Ghantous. Ba ne ba kwalela rraabone, e bong Habib Ghantous, rremogolo, ba mmolelela ka Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 24:14) E ne ya re fela fa rremogolo a tlotlela baagi mmogo le ene se makwalo a bomorwawe a neng a se bua, ba ne ba simolola go mo sotla. Batho ba mo motseng ba ne ba tsamaya ba bua magatwe a gore bana ba ga Habib ba kgothaletsa rraabone go rekisa lefatshe la gagwe, a reke tonki, a tswe a ye go rera.

Go Anama ga Lesedi Kwa Tshimologong

Mo ngwageng o o latelang, ka 1921, Michel Aboud, yo o neng a ntse a nna kwa Brooklyn, New York, U.S.A., o ne a boela kwa Tripoli, kwa Lebanon. E ne e le Moithuti wa Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo. Le fa gone ba le bantsi ba ditsala tsa ga Mokaulengwe Aboud le ba losika lwa gagwe ba sa ka ba amogela molaetsa wa Baebele, batho bangwe ba le babedi ba ba itsegeng thata ba ne ba o amogela, e bong porofesara Ibrahim Atiyeh, le ngaka ya meno, Hanna Shammas. Tota e bile, Dr. Shammas, o ne a bula ntlo ya gagwe le tliliniki ya gagwe gore go tshwarelwe dipokano tsa Bokeresete mo go tsone.

Ke ne ke sa ntse ke le mosimanyana fa Mokaulengwe Aboud le Mokaulengwe Shammas ba ne ba etela kwa Amioun, kwa ke neng ke nna gone. Loeto lwa bone lo ne lwa nkama fela thata, mme ke ne ka simolola go tsamaya le Mokaulengwe Aboud mo tirong ya go rera. Ka dingwaga di le 40 re ne re dira mmogo ka metlha mo bodireding, go fitlhela Mokaulengwe Aboud a tlhokafala ka 1963.

Mo gare ga 1922 le 1925, lesedi la boammaaruri jwa Baebele le ne la anamela kgakala kwa metsaneng e mentsi e e kwa bokone jwa Lebanon. Batho ba ka nna 20 go ya go ba le 30 ba ne ba kopana mmogo go tlotla ka Baebele kwa magaeng a bone, a a jaaka kwa gae kwa Amioun. Baruti ba ne ba romela bana gore ba tle go tlhodia ka ditopisi le go goakaka go leka go re itaya tsebe mo dipokanong tsa rona, ka gone ka dinako tse dingwe re ne re kopanela kwa nageng, mo gare ga ditlhare tsa pine.

Fa ke ne ke sa ntse ke le monnye, go tlhoafalela ga me bodiredi—le go tlhoafalela go nna teng kwa dipokanong tsotlhe tsa Bokeresete—go ne ga dira gore ke bidiwe Timotheo. Mokaedi wa sekolo o ne a ntaela gore ke tlogele go ya kwa go se a neng a se bitsa “dipokano tseo.” Fa ke gana, o ne a nteleka kwa sekolong.

Go Neela Bosupi Kwa Mafatsheng a Baebele

E ne ya re ka bonako fela fa ke sena go kolobediwa ka 1933, ke ne ka simolola tiro ya bobulatsela, jaaka fa bodiredi jono jwa nako e e tletseng bo bidiwa ke Basupi ba ga Jehofa. Le mororo re ne re le mmalwanyana fela ka nako eo, re ne ra rerela metsana e le mentsinyana kwa karolong e e kwa bokone jwa Lebanon mme ra ba ra ya go fitlha le kwa Beirut le kwa ditorotswaneng tse di gaufi le yone go ya go fitlha le kwa borwa jwa Lebanon. Mo dingwageng tseo tsa bogologolo, gantsi re ne re tsamaya ka dinao kgotsa re pagama ditonki, jaaka Jesu Keresete le balatedi ba gagwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba dira.

Ka 1936, Yousef Rahhal, Mosupi mongwe wa kwa Lebanon yo o neng a nna kwa United States ka dingwaga di le dintsi, o ne a boela kwa Lebanon a tlile go eta. O ne a tla a tshotse didirisiwa tsa modumo le difonokerafo di le pedi. Re ne ra pega didirisiwa tseno mo koloing ya Ford ya 1931 mme ra tsamaya le Lebanon yotlhe le Siria, re isa molaetsa wa Bogosi kwa dikarolong tse di kwa kgakala. Segodisalentswe seno se ne se kgona go utlwala kwa sekgaleng sa dikilometara tse di fetang lesome. Batho ba ne ba palama mo dithulelong tsa matlo a bone gore ba utlwe se ba neng ba se tlhalosa e le mantswe a a tswang kwa legodimong. Ba ba neng ba le kwa masimong ba ne ba tlogela tiro ya bone mme ba atamela go tla go reetsa.

Lengwe la maeto a bofelo a ke neng ka a tsaya le Yousef Rahhal e ne e le fa re ya kwa Aleppo, Siria, ka mariga a 1937. Pele ga a boela kwa United States, re ne ra etela gape le kwa Palesetina. Koo re ne ra etela ditoropo tsa Haifa le Jerusalema, le metsana mengwe kwa nageng eo. Mongwe wa batho ba re neng ra kopana le bone e ne e le Ibrahim Shehadi, yo ke neng ke mo itsile pele ka go nna ke kwalelana le ene makwalo. Ibrahim o ne a gatetse pele ka kitso ya Baebele mo e leng gore ka nako ya fa re ne re etetse kwa go bone o ne a simolola go tsamaya le rona mo bodireding jwa ntlo le ntlo.—Ditiro 20:20.

Gape ke ne ke gakaletse go kopana le Porofesa Khalil Kobrossi, Mokatoliki yo o tlhoafetseng thata yo o neng a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa ka go kwalelana le bone. O bone jang aterese ya Basupi ba ba mo Lebanon? Se se neng sa direga ke gore kwa lebenkeleng kwa Haifa, mong wa lebenkele o ne a ile a phuthela dingwe tsa dilwana tsa ga Khalil ka pampiri e e neng e gagotswe mo go nngwe ya dibuka tsa Basupi ba ga Jehofa. Pampiri eno e ne e na le aterese ya rona mo go yone. Go ne go le monate fa re ne re mo etetse, mme moragonyana, ka 1939, o ne a tla kwa Tripoli go tla go kolobediwa.

Ka 1937, Petros Lagakos le mosadi wa gagwe ba ne ba goroga kwa Tripoli. Mo dingwageng di le mmalwa tse di neng tsa latela ka boraro jwa rona re ne ra etela karolo e kgolo ya Lebanon le Siria, re etela batho mo magaeng a bone ka molaetsa wa Bogosi. Ka nako ya fa Mokaulengwe Lagakos a tlhokafala ka 1943, Basupi ba ne ba isitse lesedi la semoya kwa ditoropong di le dintsi le metsana ya Lebanon, Siria le Palesetina. Ka dinako dingwe mo e ka nnang ba le 30 ba rona re ne re tswa ka koloi kgotsa ka bese mo mosong ka bo 3:00 a.m. gore re kgone go fitlha kwa dikarolong tse di kwa kgakala.

Ka bo1940, Ibrahim Atiyeh o ne a ranolela Tora ya Tebelo mo puong ya Se-Arabia. Morago ga moo ke ne ka kwala dikhopi di le nnè tsa makasine ono ka letsogo ke bo ke di romelela Basupi ba ba kwa Palesetina, Siria le Egepeto. Mo metlheng eo ya Ntwa ya Lefatshe II, tiro ya rona ya go rera e ne e ganediwa thata, mme gone re ne re kgona go ikgolaganya le barati botlhe ba boammaaruri jwa Baebele kwa Botlhabagare. Ke nna ke neng ke thala dimmapa tsa ditoropo le metsana e e fa gaufi, mme re ne re leka go e fitlhelela ka dikgang tse di molemo.

Ka 1944, fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e ntse e fagile, ke ne ka nyala Evelyn, morwadia mokaulengwe yo ke neng ke bula tsela le ene e bong Michel Aboud. Kgabagare ra nna le bana ba le bararo, a le esi wa mosetsana le basimane ba le babedi.

Go Bereka le Barongwa

Ka bonako fela fa ntwa e sena go khutla, baalogi ba ntlha ba Sekolo sa Gileade sa barongwa ba ne ba goroga kwa Lebanon. Ka ntlha ya moo go ne ga simololwa phuthego ya ntlha kwa Lebanon, mme ke ne ka tlhongwa go nna motlhanka wa setlhopha mo go yone. Mme e ne ya re ka 1947, Nathan H. Knorr le mokwaledi wa gagwe, e bong Milton G. Henschel, ba etela Lebanon mme ba kgothatsa bakaulengwe fela thata. Go ise go ye kae go ne ga fitlha barongwa ba bangwe ba ba oketsegileng, mme ba ne ba fitlha ba re thusa fela thata go rulaganya bodiredi jwa rona le go tshwara dipokano tsa phuthego.

Mo go lengwe la maeto a re neng ra a tsaya go ya kwa lefelong le le kwa kgakala kwa Siria, re ne ra fitlha ra ganediwa thata ke mobishopo wa lefelo leo. O ne a re latofatsa ka la gore re phasalatsa dikgatiso tse a neng a di bitsa gore ke tsa Bosione. Go ne go gakgamatsa gore pele ga 1948 baruti ba ne ba re bitsa “Makomonise.” Mo lekgetlhong leno, re ne ra tshwarwa mme ra thamathamisiwa ka dipotso sebaka sa diura di le pedi, mme ka yone nako eo go ne ga neelwa bosupi jo bo molemo thata.

Kwa bokhutlong, moatlhodi yo o neng a reeditse kgetsi ya rona o ne a bolela jaana: “Le mororo ke hutsa ditedu [sekapuo se se rayang bishopo] tse di lo latofatsang jaana, gone ke tshwanetse go di leboga ka gonne di nneile sebaka seno sa go kopana le lona le go ithuta ka dilo tse lo di rutang.” Go tswa foo o ne a kopa maitshwarelo ka mathata a seno se re baketseng one.

Dingwaga di le lesome moragonyana fa re le mo tseleng go ya kwa Beirut, ke ne ka simolola go bua le monna yo o neng a ntse fa thoko ga me, moenjiniri wa temothuo. Morago ga metsotso e le mmalwa a re reeditse re mo tlhalosetsa ka ditumelo tsa rona, o ne a bolela gore o utlwile tsala nngwe ya gagwe kwa Siria e bua dilo tse di tshwanang le tseno. Tsala eo ya gagwe e ne e le mang? Moatlhodi yo o neng a reeditse kgetsi ya rona dingwaga di le lesome pele ga fano!

Ka dingwaga tsa bo1950 ke ne ka etela Basupi kwa Iraq mme ka nna le seabe mo go neeleng bosupi ka ntlo le ntlo le bone. Gape ke ne ka tsaya maeto a le mantsi go ya kwa Joredane le West Bank. Ka 1951, ke ne ke le mongwe wa setlhopha sa Basupi ba le banè ba ba neng ba ya kwa Bethelehema. Re ne ra keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa koo. Pelenyana mo go lone letsatsi leo botlhe ba ba neng ba le teng mo tiragalong eo ba ne ba tsere bese go ya kwa Nokeng ya Joredane, koo go neng ga kolobediwa ba le 22 go bontsha boineelo jwa bone mo go Jehofa. Ka metlha e ne e re fa re lebane le kganetso mo karolong eo, re ne re re: “Re tlile fano go tla go lo bolelela gore mongwe wa batho ba ga lona o tlile go nna Kgosi e e busang lefatshe lotlhe! Lo galefetseng? Lo tshwanetse go itumela!”

Go Rera Le fa Re Lebane le Mathata

Ka kakaretso batho ba mo Botlhabagare ke batho ba ba molemo, ba ba boikokobetso e bile ba rata go amogela baeng. Ba le bantsi ba reetsa molaetsa wa Bogosi jwa Modimo ka kgatlhego. Eleruri ga go na selo se se neng se ka lapolosa go feta go itse gore go ise go ye kae tsholofetso eno ya Baebele e tlile go diragadiwa: “Modimo ka boene o tla nna le [batho ba gagwe]. Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.”—Tshenolo 21:3, 4.

Ke lemogile gore batho ba le bantsi ba ba ganetsang tiro ya rona tota ba dirwa ke gore ga ba e tlhaloganye e bile ga ba tlhaloganye molaetsa o re o bolelang. Baruti ba Labokeresete ba dirile go le gontsi go re senya leina! Ka gone ka ntwa ya maraganela teng a bana ba mpa e e neng ya runya kwa Lebanon ka 1975 mme ya tswelela e lowa ka lobaka lo lo fetang dingwaga di le 15, Basupi ba ne ba lebana le mathata a le mantsi.

Ka nako nngwe ke ne ke tshwara thuto ya Baebele le lelapa lengwe le le neng le tlhoafetse mo kerekeng. Kgatelopele ya bone mo go ithuteng boammaaruri jwa Baebele e ne e tena baruti. Ka ntlha ya moo, bosigo bongwe setlhopha sengwe sa bodumedi sa lefelo leo se ne sa tlhotlheletsa batho ba sone go tlhasela lebenkele la lelapa leo, mme ba fisa dilo tse di rekisiwang tse di jang bokana ka R77 000. Mo go jone bosigo joo ba ne ba tla kwa go nna mme ba ntsaya ka dikgoka. Le fa go ntse jalo, ke ne ka kgona go bontshana mabaka le moeteledipele wa bone, ke mo tlhalosetsa gore fa e le gore tota ke Bakeresete, ba ne ba se kitla ba itshwara sephologolo jaana. E ne ya re fa ke rialo a laela koloi gore e eme mme a ntaela gore ke tswe.

Ka nako e nngwe ke ne ka tsewa ka dikgoka ke masole a manè. Morago ga go ntshosetsa gantsi thata, moeteledipele wa bone, yo o neng a ile a bolela gore o ne a tlile go nthuntsha, o ne a fetola mogopolo ka bonako fela, mme ka gololwa. Gone jaanong ba le babedi ba banna bano ba kwa kgolegelong ka ntlha ya go bolaya le go kgothosa, mme ba bangwe ba babedi ba atlholetswe loso ba bolawa.

Ditshono Tse Dingwe Tsa go Neela Bosupi

Ke ile ka nna le ditshono di le dintsi tsa go kgona go fofela kwa dinageng tse di farologaneng. Nako nngwe fa ke ne ke le mo sefofaneng re tswa kwa Beirut re ya kwa United States, ke ne ke ntse fa thoko ga Charles Malek, yo e kileng ya bo e le tona ya Lebanon ya merero ya dinaga di sele. O ne a reeditse ka kelotlhoko, a itumelela temana nngwe le nngwe e ke neng ke mmalela yone mo Baebeleng. Kgabagare o ne a tlhalosa gore o ne a tsena sekolo kwa Tripoli koo morutabana wa gagwe e neng e le Ibrahim Atiyeh, e bong monna yo mogogadiake a neng a mmolelela boammaaruri jwa Baebele! Rre Malek o ne a tlhalosa gore Ibrahim o ne a mo rutile go tlotla Baebele.

Ka nako e nngwe gape fa ke ne ke le mo sefofaneng, ke ne ke ntse fa thoko ga monna mongwe yo e neng e le moemedi wa Palesetina kwa lekgotleng la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Ke ne ka nna le sebaka sa go mmolelela ka dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Kgabagare o ne a nkitsise mo lelapeng la ga monnawe kwa New York, mme gantsi ke ne ke tle ke ba etele koo. Gape ke ne ke na le mongwe wa losika yo o neng a bereka mo kagong ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng kwa New York. Nako nngwe fa ke ne ke mo etetse kwa ofising ya gagwe re ne ra nna diura di le tharo re tlotla, mme ke mo neela bosupi malebana le Bogosi jwa Modimo.

Gone jaanong ke na le dingwaga di le 88, mme ke sa ntse ke kgona go nna le seabe ka tlhagafalo mo go tlhokomeleng maikarabelo mangwe mo phuthegong. Mosadi wa me, e bong Evelyn o sa ntse a direla Jehofa mmogo le nna. Morwadiarona o ne a nyalwa ke molebedi mongwe yo o etang wa Basupi ba ga Jehofa, yo gone jaanong a direlang e le mogolwane mo phuthegong nngwe kwa Beirut. Morwadiabone le ene ke Mosupi. Morwa wa rona yo mmotlana le mosadi wa gagwe ke Basupi, mme le morwadiabone o mo boammaaruring. Fa e le ka morwa wa rona yo mogolo, o ne a rutiwa tumelo ya Bokeresete, mme ke solofela gore fa nako e ntse e ya, o tla bo amogela.

Ka 1933, ke ne ka tlhomiwa go nna mmulatsela—wa ntlha mo Botlhabagare. Ga go na tsela e nngwe e ke neng nka dirisa botshelo jwa me botokanyana go feta eno ya go direla Jehofa ke le mmulatsela mo dingwageng tseno tsotlhe tse 68 tse di fetileng. Mme ke ikemiseditse go tswelela pele ke tsamaya mo leseding la semoya le a re neelang lone.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Najib ka 1935

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Ka koloi ya sebuelagodimo kwa Dithabeng Tsa Lebanon, 1940

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Kwa godimo go ya kwa mojeng o simolola ka setshwantsho se se kwa godimo mo molemeng: Najib, Evelyn, morwadiabone, Mokaulengwe Aboud le morwawe Najib yo mogolo, 1952

Kwa tlase (mola o o kwa pele): Bakaulengwe Shammas, Knorr, Aboud le Henschel kwa legaeng la ga Najib, kwa Tripoli, 1952

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Najib le mosadi wa gagwe, Evelyn

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela