Pego ya Baboledi ba Bogosi
Thuso ya go Boloka Boitshepo Jwa Madi
MO LEFATSHENG lotlhe batlhanka ba ga Jehofa ba bontshitse gore ba ikanyega mo Modimong malebana le kgang ya boitshepo jwa madi. (Ditiro 15:28, 29) Setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale se thusitse bakaulengwe ba Bakeresete. Mma re bone gore matswela a seno e nnile afe kwa Philippines.
Lekala la kwa Philippines le bega jaana: “Ka 1990 re ne ra bolelelwa gore baemedi ba ba tswang kwa Bethele ya kwa Brooklyn ba ne ba tlile go tshwara seminara kwano mo Philippines. Go ne ga lalediwa bakaulengwe ba ba tswang kwa makaleng a le mmalwa a Asia, go akaretsa Korea, Taiwan le Hong Kong. Boikaelelo jwa yone e ne e le go thusa go tlhoma Maphata a Tirelo a Tshedimosetso Kaga Dikokelo kwa makaleng a bone le go rulaganya Dikomiti Tsa Puisano le Dikokelo. Kwa Philippines, la ntlha dikomiti tseno di ne di tlhomilwe mo ditoropong tse nnè tse dikgolo.” Dikomiti tseno di ne di tla leka go batla dingaka tse di neng di tla dirisana mmogo le rona malebana le boemo jwa Bokeresete mo kgannyeng ya madi. Gape di ne di tla thusa bakaulengwe fa go tsoga mathata a a amanang le kgang ya madi.
Remegio o ne a tlhophiwa go nna leloko la Komiti ya Puisano le Dikokelo kwa Baguio. Fa nako e ntse e tsamaya, dingaka di ne tsa simolola go lemoga mosola wa thulaganyo eno. Remegio o gakologelwa nako nngwe fa dingaka di le mmalwa tse di neng di kopane le Komiti ya Puisano le Dikokelo di ne di batla go itse gore di alafe jang balwetse ba Basupi ba ba neng ba sa batle go tshelwa madi. Remegio a re: “Dingaka di ne tsa simolola go botsa dipotso, mme ke ne ka iphitlhela ke kgobegile marapo ka gonne dipotso tsa bone di ne di le thata.” O ne a rapela Jehofa gore a mo thuse go lebana le bothata jono. Remegio o tswelela jaana: “Nako le nako fa go sena go bodiwa potso, dingaka tse dingwe di ne di tsholetsa matsogo di bua kafa tsone di ileng tsa dirisana le boemo joo ka gone.” Remegio o ne a itumelela thuso ya bone thata e re ka nako ya dipotso le dikarabo e ne ya tsaya diura di le pedi.
Jaanong go na le dikomiti di le 21 mo nageng eo yotlhe mme bakaulengwe ba le 77 ke maloko a tsone. Danilo, Mosupi yo e leng ngaka, a re: “Dingaka di lemoga gore balwetse ba Basupi ba engwe nokeng ke mokgatlho o o ba tlhokomelang ka lorato.” Kwa tshimologong, ngaka nngwe e ne e sa batle go ara mokaulengwe mongwe e sa mo tshele madi. Le fa go ntse jalo, mokaulengwe yoo o ne a ema a nitame a sa fetole boemo jwa gagwe. O ne a arwa ka katlego. Lephata la Tirelo ya Tshedimosetso Kaga Dikokelo le bega jaana: “Ngaka e ne ya gakgamadiwa ke kafa mokaulengwe yoo a neng a fola ka gone. E ne ya re: ‘Ka ntlha ya se se diragetseng fano, fa maloko a phuthego ya lona a ka batla go dirwa karo eno a sa tshelwe madi, ke tla itumelela go e dira.’”