LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w03 7/15 ts. 4-7
  • Lebaka La go Bo re Ka se Tshele re le Nosi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebaka La go Bo re Ka se Tshele re le Nosi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Matshelo a Bone a Fetotswe ke go Ratiwa le go Nna le Ditsala
  • Go na Le Boitumelo Jwa Mmatota mo go Abeng
  • A bo Go Itumedisa go Nna Mmogo ka Kutlwano!
  • Go Fitlhelela Sengwe sa Botlhokwa Se re Se Tlhokang
  • Nna le Kgatlhego ya Sebele mo go ba Bangwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ke ne Ka Bona Thuso Morago ga go Fetsa Dingwaga Tsa Bosha Ke na Le Maikutlo a go Itlhoboga
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Phuthego ya Bokeresete—Thuso e e Nonotshang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Ruthe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
w03 7/15 ts. 4-7

Lebaka La go Bo re Ka se Tshele re le Nosi

“Ba babedi ba botoka go na le a le mongwe . . . Fa a le mongwe wa bone a ka wa, yo mongwe o ka kgona go tsosa molekane wa gagwe.”—Kgosi Solomone

KGOSI SOLOMONE wa Iseraele wa bogologolo o ne a re: “Ba babedi ba botoka go na le a le mongwe, ka gonne ba na le maduo a a molemo a tiro ya bone ya bonatla. Gonne fa a le mongwe wa bone a ka wa, yo mongwe o ka kgona go tsosa molekane wa gagwe. Mme go tla nna jang fa yo o esi fela a wa mme go se na yo mongwe go mo emisa?” (Moreri 4:9, 10) Ka go rialo motho yono yo o botlhale yo o ileng a sekaseka mekgwa ya batho o bontsha gore re tlhoka go nna le ditsala le gore go botlhokwa gore re se ka ra itlhaola. Le fa go ntse jalo, eno e ne e se fela pono ya motho. Solomone o ne a bua mafoko ao ka ntlha ya botlhale le tlhotlheletso ya bomodimo.

Ga go botlhale gore re itlhaole. Batho ba a tlhokana. Rotlhe re tlhoka go nonotshiwa le go thusiwa ke batho ba bangwe. Seane sengwe sa Baebele sa re: “Yo o itlhaolang o tla batla tlhologelelo ya gagwe ya bopelotshetlha; o tla nna kgatlhanong le botlhale jotlhe jo bo mosola.” (Diane 18:1) Ka jalo ga go gakgamatse go bo baithutaloago ba kgothatsa batho gore ba nne maloko a setlhopha sengwe le gore ba kgatlhegele batho ba bangwe.

Mo dikakantshong tsa go tsosolosa mokgwa wa go dirisana mmogo jaaka setšhaba, Porofesa Robert Putnam o umaka go “tokafatsa tsela e bodumedi bo re tlhotlheletsang ka yone.” Basupi ba ga Jehofa ba tlhomologile mo ntlheng eno ka gonne ba na le tshireletso e ba e newang ke diphuthego tse di tshwanang le malapa mo lefatsheng lotlhe. Go dumalana le mafoko a ga moaposetoloi Petere, ba ‘rata bakaulengwe botlhe’ ba ba “boifang Modimo” ka go mo tlotla. (1 Petere 2:17) Gape Basupi ba tila go itlhaola le diphelelo tsa gone tse di sa siamang ka gonne ditiro tse dintsi tse di molemo tse di amanang le kobamelo ya boammaaruri di dira gore ba nne ba tshwaregile go thusa baagelani ba bone go ithuta boammaaruri jo bo fitlhelwang mo Lefokong la Modimo, Baebele.—2 Timotheo 2:15.

Matshelo a Bone a Fetotswe ke go Ratiwa le go Nna le Ditsala

Basupi ba ga Jehofa ke setlhopha se se utlwanang sa batho se mo go sone leloko lengwe le lengwe le diragatsang seabe sa botlhokwa. Ka sekai, sekaseka kgang ya ga Miguel, Froylán le Alma Ruth ba ba tswang mo lelapeng le le lengwe la kwa Latin America. Ba tshotswe ba na le bolwetse jwa marapo jo bo dirang gore motho a nne lemponempone. Botlhe ka boraro ba tsamaya ka ditulo tsa maotwana. Go kopanela le Basupi go amile matshelo a bone jang?

Miguel a re: “Ke ne ka welwa ke mathata a magolo, mme fa ke simolola go kopanela le batho ba ga Jehofa, botshelo jwa me bo ne jwa fetoga. Go itlhaola go kotsi thata. Go kopanela le badumedi mmogo kwa dipokanong tsa Bokeresete, go nna le bone beke le beke, go nthusitse thata go bona kgotsofalo.”

Alma Ruth a re: “Ke ne ke na le go tshwenyega thata mo maikutlong; ke ne ke na le go hutsafala thata. Mme fa ke sena go ithuta ka Jehofa, ke ne ka akanya gore nka kgona go nna le kamano e e gaufi le ene. Seo e ne ya nna selo sa botlhokwa thata mo botshelong jwa me. Lelapa la rona le re eme nokeng thata, mme seo se dirile gore re utlwane le go feta.”

Ka lorato rraagwe Miguel o ne a ruta Miguel go bala le go kwala. Go tswa foo Miguel ene o ne a ruta Froylán le Alma Ruth. Seno se ne se le botlhokwa gore ba gole semoyeng. Alma Ruth a re: “Go ithuta go bala go re thusitse thata ka gore jaanong re ka fepiwa semoyeng ka go bala Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng.”

Gone jaanong Miguel o direla e le mogolwane wa Mokeresete. Froylán o badile Baebele yotlhe makgetlho a le robongwe. Alma Ruth o okeditse tirelo ya gagwe mo go Jehofa ka go direla e le modiredi wa mmulatsela, kgotsa mmoledi wa Bogosi wa nako e e tletseng, fa e sale go tloga ka 1996. A re: “Ke fitlheletse mokgele ono ka tshegofatso ya ga Jehofa, ka gonne ke na le bokgaitsadi ba ba rategang ba Basupi ba ba nkemang nokeng, e seng fela mo go rereng mme gape le mo go ruteng, ka go nthusa gore ke kgone go tshwara dithuto di le 11 tsa Baebele tse ke kgonneng go di simolola.”

Sekao se sengwe se se molemo se tlhomilwe ke Emelia, yo o neng a tlhagelwa ke kotsi e e neng ya mo gobatsa mo maotong le mo mokokotlong, mme jaanong a tshwanelwa ke go dirisa setulo sa maotwana. Basupi ba ga Jehofa kwa Mexico City ba ne ba ithuta Baebele le ene mme o ne a kolobediwa ka 1996. Emelia a re: “Pele ga ke itse boammaaruri, ke ne ke batla go ipolaya; ke ne ke sa tlhole ke batla go tshela. Ke ne ka ikutlwa ke se na mosola, ke lela motshegare le bosigo. Mme fa ke kopanela le batho ba ga Jehofa, ke ne ka utlwa lorato lwa bakaulengwe. Tsela e ba nkgatlhegelang ka yone e ntse e nkgothatsa. Mongwe wa bagolwane o ntse jaaka morwarre kgotsa rre. Ene le batlhanka ba bodiredi bangwe ba nkisa dipokanong le kwa tirong ya go rera ke le mo setulong sa me sa maotwana.”

José, yo o kolobeditsweng go nna Mosupi wa ga Jehofa ka 1992, o nna a le nosi. O na le dingwaga di le 70, mme o tlogetse tiro ka 1990. José o kile a bo a tshwenyegile thata mo maikutlong, mme fa Mosupi mongwe a sena go mo rerela, o ne a simolola go ya dipokanong tsa Bokeresete ka bonako. O ne a rata se a neng a se utlwa le se a neng a se bona koo. Ka sekai, o ne a ela tlhoko botsalano jwa bakaulengwe mme a bona gore ba ne ba tshwenyegile ka ene. Jaanong bagolwane le batlhanka ba bodiredi mo phuthegong ya gagwe ba a mo tlhokomela. (Bafilipi 1:1; 1 Petere 5:2) Badumedi ka ene ba ba ntseng jalo ke ‘thuso e e mo nonotshang.’ (Bakolosa 4:11) Ba mo isa ngakeng, ba mo etela kwa gae, e bile ba ne ba mo eme nokeng fa a ne a ariwa makgetlho a le manè. A re: “Ruri ba amega ka nna. Ke lelapa la me tota. Ke itumelela botsala jwa bone.”

Go na Le Boitumelo Jwa Mmatota mo go Abeng

Fa Kgosi Solomone a ne a re “ba babedi ba botoka go na le a le mongwe,” o ne a fetsa go bua kafa go se nang mosola ka teng gore motho a dirise maatla a gagwe otlhe a bapala dikhumo. (Moreri 4:7-9) Seo ke sone se batho ba bantsi gompieno ba se dirang, le fa se dira gore ba se ka ba nna le dikamano mo teng ga lelapa le kwa ntle ga lone.

Moya oo wa bogagaru le wa bopelotshetlha o dirile gore batho ba bantsi ba itlhaole. Seno ga se a ba tlisetsa boitumelo le fa e le kgotsofalo mo botshelong, ka gonne batho ba ba welang mo mokgweng oo gantsi ba a tlalelwa e bile ba felelwa ke tsholofelo. Go farologana le seo, se se sa tswang go bolelwa se bontsha kafa go leng molemo ka teng go kopanela le batho ba ba direlang Jehofa le ba ba tlhotlhelediwang ke go mo rata le go rata moagelani wa bone. Go nna teng ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete, go engwa nokeng ke Bakeresete mmogo le go direla ka matlhagatlhaga mo bodireding e ne e le dilo tsa botlhokwa tse di neng tsa thusa batho bano go fenya maikutlo a a sa siamang a a amanang le go itlhaola.—Diane 17:17; Bahebera 10:24, 25.

Ka gonne re a tlhokana, go a utlwala go bo go direla batho ba bangwe dilo go kgotsofatsa. Albert Einstein, yo tiro ya gagwe e solegetseng ba bangwe molemo o ne a re: “Botlhokwa jwa motho . . . bo tshwanetse go bonwa mo go se a se abang e seng mo go se a se amogelang.” Seno se dumalana le mafoko ano a Morena wa rona Jesu Keresete: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Ka jalo, le fa go le molemo go amogela lorato, go bontsha ba bangwe lorato le gone go dira gore motho a nne le botsogo jo bo siameng.

Molebedi yo o etang yo o neng a ntse a etela diphuthego ka dingwagangwaga go di thusa semoyeng, yo gape a thusitseng go agela Bakeresete ba ba humanegileng mafelo a go kopanela, o tlhalosa maikutlo a gagwe jaana: “Boitumelo jwa go direla bakaulengwe ba me le go bona difatlhego tsa bone di tletse boitumelo go nkgothatsa gore ke tswelele ke batla ditshono tsa go thusa. Ke lemogile gore go kgatlhegela ba bangwe ke yone tsela ya go bona boitumelo. E bile ke itse gore rona bagolwane, re tshwanetse go nna ‘jaaka lefelo la go iphitlhela phefo . . . jaaka melatswana ya metsi mo nageng e e se nang metsi, jaaka moriti wa lefika le legolo thata mo lefatsheng le le omileng.’”—Isaia 32:2.

A bo Go Itumedisa go Nna Mmogo ka Kutlwano!

Ke boammaaruri gore go thusa ba bangwe le go nna ditsala tsa batho ba ba direlang Jehofa go solegela molemo thata e bile go itumedisa ka tsela ya mmatota. Mopesalema o ne a re: “Bona! Abo go le molemo jang e bile go itumedisa jang ne fa barwarramotho ba nna mmogo ka kutlwano!” (Pesalema 133:1) Kutlwano ya lelapa e botlhokwa thata fa batho ba batla go thusana, jaaka re bone ka Miguel, Froylán, le Alma Ruth. A bo e le masego a magolo jang ne go kopanela mmogo mo bodumeding jwa boammaaruri! Fa moaposetoloi Petere a sena go naya basadi le banna ba Bakeresete kgakololo, o ne a re: “La bofelo, nnang le mogopolo o o tshwanang lotlhe, lo bontshe go utlwela ba bangwe botlhoko, lo na le lorato lwa bokaulengwe, lo le pelotlhomogi ka bonolo, lo le boikokobetso mo mogopolong.”—1 Petere 3:8.

Botsala jwa mmatota bo tlisa melemo e megolo, mo maikutlong le mo semoyeng. Fa moaposetoloi Paulo a bua le batho ba ba mo tumelong le ene, o ba kgothatsa ka go re: “Buang ka tsela e e gomotsang le meya e e tshwenyegileng maikutlo, tshegetsang ba ba bokoa, nnang pelotelele mo go botlhe. . . . Ka metlha lwelang go direlana se se molemo le go direla ba bangwe botlhe se se molemo le bone.”—1 Bathesalonika 5:14, 15.

Ka jalo, batla ditsela tse o ka kgonang go direla ba bangwe molemo ka tsone. ‘Dira se se molemo mo go botlhe, mme segolobogolo mo go ba ba amanang le wena mo tumelong,’ ka gonne seno se tla dira gore botshelo jwa gago bo nne le bokao jwa mmatota e bile se tla dira gore o ritibale o bo o kgotsofale. (Bagalatia 6:9, 10) Morutwa wa ga Jesu e bong Jakobe o ne a kwala jaana: “Fa mokaulengwe kgotsa kgaitsadi a le mo seemong sa go sa ikatega e bile a se na dijo tse di lekaneng letsatsi leo, le fa go ntse jalo mongwe wa lona a ba raya a re: ‘Tsamaya ka kagiso, o nne o thuthafetse e bile o fepiwa sentle,’ mme lo sa ba neye dilo tse di tlhokwang ke mmele wa bone, go na le mosola wa eng?” (Jakobe 2:15, 16) Karabo ya potso eo e motlhofo. Re tshwanetse go ‘tlhokomela, e seng go kgatlhegela dilo tse di amang rona fela, mme gape go kgatlhegela le dilo tse di amang ba bangwe.’—Bafilipi 2:4.

Mo godimo ga go thusa ba bangwe ka dilo tse ba di tlhokang kgotsa fa go na le masetlapelo, Basupi ba ga Jehofa ba tshwaregile thata go thusa batho ka tsela ya botlhokwa thata—ka go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo. (Mathaio 24:14) Go bo Basupi ba feta 6 000 000 ba bolela molaetsa ono wa tsholofelo le kgomotso ke bosupi jwa gore ba kgatlhegela batho ba bangwe ka lorato ka tsela ya mmatota. Mme go naya thuso go tswa mo Dikwalong Tse di Boitshepo le gone go naya batho selo se sengwe se ba se tlhokang. Ke sefe?

Go Fitlhelela Sengwe sa Botlhokwa Se re Se Tlhokang

Gore re bone boitumelo jwa mmatota, re tshwanetse go nna le kamano e e tshwanetseng le Modimo. Ga twe: “Lebaka la go bo motho, gongwe le gongwe ka dinako tsotlhe, go tloga kwa tshimologong go tla go fitlha gompieno, a nnile le maikutlo a gore a kope thuso mo go sengwe se a neng a akanya gore se kwa godimo e bile se na le maatla go mo feta, le bontsha gore motho o tsholwa a rata bodumedi e bile bo tshwanetse go amogelwa mo go tsa saense. . . . Re tshwanetse ra gakgamadiwa ke tsela e ka yone batho botlhe mo lefatsheng ba ntseng ba batla le go dumela mo mothong yo mogolo thata mme ra e tlotla.”—Man Does Not Stand Alone, ya ga A. Cressy Morrison.

Jesu Keresete o ne a re: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.” (Mathaio 5:3) Dilo ga di tsamaele batho sentle fa ba nna ba itlhaotse mo go ba bangwe ka lobaka lo loleele. Le fa go ntse jalo, go itlhaola mo Mmoping wa rona go masisi le go feta. (Tshenolo 4:11) Go bapala le go dirisa “e e leng kitso ya Modimo” e tshwanetse go nna selo sa botlhokwa thata mo botshelong jwa rona. (Diane 2:1-5) Tota e bile, re tshwanetse go ikemisetsa go kgotsofatsa se re se tlhokang semoyeng, ka gonne re ka se ikemele re le nosi kwantle ga Modimo. Botshelo jo bo itumetseng le jo bo kgotsofatsang bo ikaegile ka go nna le kamano e e molemo le Jehofa, “Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.”—Pesalema 83:18.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Miguel: “Ke ne ka welwa ke mathata a magolo, mme fa ke simolola go kopanela le batho ba ga Jehofa, botshelo jwa me bo ne jwa fetoga”

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Alma Ruth: “Fa ke sena go ithuta ka Jehofa, ke ne ka akanya gore nka kgona go nna le kamano e e gaufi le ene”

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Emelia: “Pele ga ke itse boammaaruri, . . . ke ne ka ikutlwa ke se na mosola”

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go kopanela le baobamedi ba boammaaruri go re thusa go nna le se

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela