“Atamelang Modimo, Mme o Tla lo Atamela”
Pele le Morago ga go Ithuta Baebele—O ne a Bona Maatla a go Fetoga
SANDRA, mosadi wa kwa Mexico, o ne a itlhalosa e le motho yo o sa tshwanelegeng mo lelapeng la gabone. Dingwaga tsa gagwe tsa bosha di ne tsa senngwa ke go kgaphelwa kwa thoko le go tlhoka lorato. A re: “Ke ne ka fetsa dingwaga tsa bosha ke ikutlwa ke sena mosola e bile ke na le dipelaelo tse dintsi malebana le lebaka la go bo ke tshela le ka botshelo ka bojone.”
Fa Sandra a ne a le kwa sekolong se segolwane, o ne a simolola go nwa beine e rraagwe a neng a na le yone kwa gae. Fa nako e ntse e tsamaya, o ne a simolola go ithekela bojalwa mme jwa mo tshwakgola. O dumela jaana: “Ga go na sepe se se neng se dira gore ke batle go tswelela ke tshela.” Sandra o ne a simolola go dirisa diokobatsi ka ntlha ya go itlhoboga. A re: “Dilo tse ke neng ke di tshola mo kgetsaneng ya me ke tsone fela tse di neng di nthusa go lebala mathata a me: lebotlolo la bojalwa, diokobatsi kgotsa matokwane a sekae.”
Fa Sandra a fetsa go ithutela kalafi, o ne a tshwakgolwa ke bojalwa le go feta. O ne a leka go ipolaya. Mme o ne a tshela.
Sandra o ne a ya kwa madumeding a mantsi a a farologaneng a batla go thusiwa semoyeng le mo maikutlong. Ka gonne a ne a itlhobogile e bile a tlaletswe, gangwe le gape o ne a kuela kwa Modimong a re: “O kae? Ke ka ntlha yang fa o sa nthuse?” Nako nngwe fa a ne a ikutlwa a se na mosola go feta le fa e le leng pele, Mosupi wa ga Jehofa mongwe o ne a bua le ene. Seno se ne sa felela ka gore a ithute Baebele. Sandra o ne a amiwa maikutlo fa a ne a ithuta gore “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng.”—Pesalema 34:18.
Motho yo o neng a ruta Sandra Baebele o ne a mo thusa go tlhaloganya gore Jehofa Modimo o itse gore go motlhofo go dira diphoso ka ntlha ya boleo le bosaitekanelang jo re bo ruileng mo go Adame. Sandra o ne a lemoga gore Modimo o tlhaloganya gore re ka se ka ra ikobela melao e e siameng ka botlalo. (Pesalema 51:5; Baroma 3:23; 5:12, 18) O ne a itumelela go itse gore Jehofa ga a lebe fela diphoso tsa rona, e bile ga a lebelele gore re dire se se fetang se tota re ka kgonang go se dira. Mopesalema o ne a botsa jaana: “Fa nkabo o lebelela ditlolo, wena Jah, Jehofa, ke mang yo o neng a ka ema?”—Pesalema 130:3.
Boammaaruri jo bo botlhokwa jwa Baebele jo bo neng jwa ama pelo ya ga Sandra e ne e le setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete. Ka sone, Jehofa ka kutlwelobotlhoko o naya batho ba ba kutlo boemo jo bo siameng le fa ba dira diphoso. (1 Johane 2:2; 4:9, 10) Ee, re ka bona “boitshwarelo jwa ditlolo tsa rona” mme ka tsela e e ntseng jalo ra thusiwa go fenya maikutlo ape a gore ga re na mosola.—Baefeso 1:7.
Sandra o ne a ithuta dithuto tsa botlhokwa mo sekaong sa ga moaposetoloi Paulo. Moaposetoloi Paulo o ne a anaanela bopelonomi jwa Modimo thata ka go bo ka bopelontle a mo itshwaretse diphoso tsa mo nakong e e fetileng, e bile a mo thusa fa a lwa ka thata go fenya diphoso tse a neng a di dira gangwe le gape. (Baroma 7:15-25; 1 Bakorintha 15:9, 10) Paulo o ne a fetola mokgwa wa gagwe wa botshelo, a ‘itaya mmele wa gagwe a bo a o tshwara jaaka motlhanka’ gore a kgone go nna mo tseleng e e amogelwang ke Modimo. (1 Bakorintha 9:27) Ga a ka a letla ditshekamelo tsa gagwe tsa go dira boleo go mo dira motlhanka.
Diphoso tsa ga Sandra di ne di mo tshwenya, mme o ne a tswelela a di lwantsha. O ne a rapela Jehofa ka tlhoafalo gore a mo thuse go di fenya mme a kopa kutlwelobotlhoko ya gagwe. (Pesalema 55:22; Jakobe 4:8) Ka gonne Sandra a ne a lemoga gore Modimo o a mo kgatlhegela, o ne a kgona go fetola botshelo jwa gagwe. A re: “Ke itumelela go ruta ba bangwe Baebele ka nako e e tletseng.” Sandra o ne a nna le tshiamelo ya go thusa mogolowe le monnawe go itse Jehofa. Fa a ntse a ‘dira se se molemo,’ gape o ithaopa go thusa ka tsa kalafi mo dikopanong tsa Basupi ba ga Jehofa.—Bagalatia 6:10.
Go tweng ka dilo tse di neng di tshwakgotse Sandra? O bua jaana a tlhomamisegile: “Ke tlhapogetswe mo tlhaloganyong. Ga ke tlhole ke nwa, ke goga kgotsa ke dirisa diokobatsi. Ga ke di tlhoke. Ke bone se ke neng ke se batla.”
[Mafoko a a mo go tsebe 9]
“Ke bone se ke neng ke se batla”
[Lebokoso mo go tsebe 9]
Melaometheo ya Baebele e a Dira
Melaometheo ya Baebele e e thusitseng batho ba bantsi go tlogela mekgwa e e leswafatsang le e e tshwakgolang ke eno:
“A re intlafatseng leswe lengwe le lengwe la nama le moya, re itekanedisa boitshepo mo go boifeng Modimo.” (2 Bakorintha 7:1) Modimo o segofatsa batho ba ba intlafaditseng ka go tlogela dilo tse di leswafatsang, ba ba tilang go dira ditiro tse di maswe.
“Go boifa Jehofa go raya go tlhoa bosula.” (Diane 8:13) Go boifa Modimo ka go mo tlotla go thusa motho go tlogela mekgwa e e maswe, go akaretsa go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang. Kwantle ga gore motho yo o fetogileng o itumedisa Jehofa, o sireletsega mo malwetseng a a maswe.
‘Lo nne mo taolong lo bo lo nne kutlo mo dipusong le mo balaoding jaaka babusi.’ (Tito 3:1) Mo mafelong a mantsi, go nna le diokobatsi tse di rileng kgotsa go di dirisa ke tlolomolao. Bakeresete ba boammaaruri ga ba nne le diokobatsi tse di seng kafa molaong e bile ga ba di dirise.