LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w04 3/15 ts. 3
  • Mokete O o Go Amang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mokete O o Go Amang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sejo sa Morena sa Maitseboa—Tiragalo e e Ketekwang go Tlotla Modimo
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • ‘Dirang Seno E le Go Nkgopola’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Sejo sa Morena sa Maitseboa—Se Tshwanetse go Ketekwa Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
w04 3/15 ts. 3

Mokete O o Go Amang

FA Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng, o ne a tlhoma mokete o o tlotlang Modimo. Mokete ono ke one fela wa bodumedi o a neng a laela balatedi ba gagwe ka tlhamalalo gore ba o keteke. E ne e le Sejo sa Morena sa Maitseboa, se gape se itsiweng e le Selalelo sa Morena.

Akanya fela o le mongwe wa batho ba ba bonang ditiragalo tsa pele ga mokete oo. Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba kopane mo kamoreng e e kwa godimo kwa Jerusalema go keteka Tlolaganyo ya Sejuda. Ba feditse go ja dijo tse ka tlwaelo di neng di jewa ka Tlolaganyo, nama e e besitsweng ya kwanyana, merogo e metala e e bogalaka, senkgwe se se sa bedisiwang le beine e khibidu. Moaposetoloi yo o sa ikanyegeng, Judase Isekariota, o lelekilwe mme o tloga a oka Mong wa gagwe. (Mathaio 26:17-25; Johane 13:21, 26-30) Jesu o na le baaposetoloi ba gagwe ba ba 11 ba ba ikanyegang. Mathaio ke mongwe wa bone.

Go ya ka pego ya ga Mathaio yo e leng mosupi yo o boneng ka matlho, Jesu o tlhoma Sejo sa Morena sa Maitseboa jaana: “Jesu a tsaya senkgwe [se se sa bedisiwang] mme, morago ga go rapela, a se ngathoganya mme, ya re a se naya barutwa ba gagwe, a re: ‘Tsayang, jang. Seno se kaya mmele wa me.’ Gape, a tsaya senwelo [sa beine] mme, ya re a sena go leboga, a se ba naya, a re: ‘Nwang mo go sone, lotlhe; gonne seno se kaya ‘madi a kgolagano’ a me, a a tla tshololelwang ba le bantsi gore ba itshwarelwe maleo.’”—Mathaio 26:26-28.

Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a tlhoma Sejo sa Morena sa Maitseboa? Fa a ne a dira jalo, ke ka ntlha yang fa a ne a dirisa senkgwe se se sa bedisiwang le beine e khibidu? A balatedi botlhe ba ga Keresete ba ne ba tshwanetse go ja ditshwantshetso tseno? Sejo seno se ne se tshwanetse go ketekwa ga kae? A mme tota se na le bokao mo go wena?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela