LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w04 5/15 ts. 2-3
  • Maiteko a Batho ba a Dirileng go Itumedisa Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Maiteko a Batho ba a Dirileng go Itumedisa Modimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dithuto Tsa Boammaaruri—O ka Di Bona Kae?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2000
  • Go Diragalang fa Motho a Swa?
    O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo!
  • O ka Kgona go Itumedisa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
w04 5/15 ts. 2-3

Maiteko a Batho ba a Dirileng go Itumedisa Modimo

JOHN BOWKER o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya God—A Brief History: “Ga go na setšhaba sepe sa batho se Modimo a iseng a nne karolo ya sone ka tsela nngwe, gantsi e a bo e le ene a se laolang kgotsa a se bopileng. Go ntse jalo le mo ditšhabeng tse di ipoleletseng gore ga di batle go dumela mo Modimong.” Ka tsela nngwe maiteko a a dirilweng ke batho go batla Modimo le go dira gore a ba amogele e nnile tsone di tlhotlheletsang tsela e batho ba itshwarang ka yone. Lefatshe ka bophara batho ba le bantsi ba eletsa thata go itumedisa Modimo. Mme gone tsela e ba lekang go mo kgatlha ka yone e farologana go ya ka ditumelo tsa bone.

Bangwe ba dumela gore selo fela se se tlhokegang gore Modimo a ba amogele ke gore ba nne le boitsholo jo bo siameng. Bangwe bone ba akanya gore Modimo o ka ba amogela fa ba direla bahumanegi ditiro tse di molemo. Mme go feta foo, dimilione tsa batho ba bangwe tsone di tsaya meletlo ya sedumedi le dingwao e le tsone dilo tsa botlhokwa.

Ka fa letlhakoreng le lengwe go na le bangwe ba ba dumelang gore ga ba kake ba kgona go atamalana le Modimo—o kgakala thata le bone kgotsa o tshwaregile thata ka ditiro tse dingwe mo a ka se kang a kgona go sekegela batho fela ba maemonyana a a kwa tlase tsebe. Go begwa gore rafilosofi wa Gerika ya bogologolo e bong Epicurus o ne a dumela gore, ‘medimo e kgakala thata gore e ka ikamanya le dikgang tsa batho.’ Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ba akanyang jalo ke badumedi. E bile bangwe ba bone ba ka nna ba dira ditlhabelo le go diragatsa dingwao ka tsholofelo ya go itumedisa bagologolwane ba bone ba ba suleng.

Wena o akanyang ka kgang eno? A ruri Modimo o bona matsapa a re a tsayang go dira gore a re amogele? A tota re ka kgona go ama Modimo maikutlo le go mo itumedisa?

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]

COVER: Courtesy of ROE/Anglo-Australian Observatory, photograph by David Malin

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela