LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w04 8/15 ts. 30
  • A o A Gakologelwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o A Gakologelwa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Complutensian Polyglot—Sedirisiwa se se Botlhokwa sa go Ranola
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Baebele ya Segosi—Phitlhelelo e e Botlhokwa mo Tirong ya Bokanoki
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Thuto ka Boikgogomoso le Boikokobetso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
w04 8/15 ts. 30

A o A Gakologelwa?

A o ile wa itumelela go bala dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo? Fa go ntse jalo, bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

• Complutensian Polyglot e ne e le eng, mme ke ka ntlha yang fa e ne e le botlhokwa?

E ne e le Baebele e e gatisitsweng ka motšhine, e e nang le dikholomo, mokwalo o o molemo go gaisa mo nakong eo wa Sehebera, Segerika le Selatine mmogo le dikarolo dingwe tsa Searamaika. Baebele eno e ne e le kgatelopele e kgolo mo go ntsheng mokwalo o o dumalanang thata le dipuo tsa ntlhantlha.—4/15, tsebe 28-31.

• Batho ba ka itumedisa Modimo jang?

E re ka Jehofa e le motho wa mmatota yo o tshelang, o kgona go akanya le go dira. Ke “Modimo yo o itumetseng” mme gape o itumelela thata go diragatsa maikaelelo a gagwe. (1 Timotheo 1:11; Pesalema 104:31) Fa re ntse re ithuta ka tsela e Modimo a ikutlwang ka yone, re tla itse gore ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re mo itumedise.—5/15, tsebe 4-7.

• Ke ka ntlha yang fa Dafide a ne a letlelela mosadi wa gagwe e bong Mikale go nna le setshwantsho sa terafime?

Fa Kgosi Saulo a ne a loga leano la go bolaya Dafide, Mikale o ne a mo thusa go tshaba, a baya mo sekanamelong setshwantsho se gongwe se neng se tshwana le motho. O ka tswa a ne a nnile le terafime ka gonne pelo ya gagwe e ne e sa felela mo Modimong. Dafide o ne a sa itse kana o ne a mo letlelela go nna le sone ka gonne e ne e le morwadie Kgosi Saulo. (1 Ditiragalo 16:25, 26)—6/1, tsebe 29.

• Melao ya Modimo e ne e gatelela boammaaruri bofe malebana le madi?

Go ya ka se Modimo a neng a se bua morago ga Morwalela, go ya ka se se kwadilweng mo Molaong wa ga Moshe le go ya ka taolo e e fitlhelwang mo go Ditiro 15:28, 29, o ne a lebisa go setlhabelo se se amanang le madi a a tsholotsweng a ga Jesu. Re ka bona boitshwarelo le go nna le kagiso le Modimo ka madi ao fela. (Bakolosa 1:20)—6/15, tsebe 14-19.

• Go umakiwa dikgakgamatso di le kae tsa ga Jesu mo Baebeleng?

Pego ya Diefangele e umaka dikgakgamatso di le 35 tsa ga Jesu. Mme palo ya mmatota ya dikgakgamatso tsa ga Jesu, go akaretsa le tse di sa begwang ga e senolwe. (Mathaio 14:14)—7/15, tsebe 5.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela