LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w04 10/1 ts. 3-4
  • Boswa Jo o Ka Tlhomamisegang Gore o Tla bo Bona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boswa Jo o Ka Tlhomamisegang Gore o Tla bo Bona
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Ba ba Pelonolo ba Tla Rua Lefatshe”—Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Sireletsa Boswa Jwa Gago
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Dintlha Tsa Joshua
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • Boswa Jwa Rona jo bo Botlhokwa—Bo Kaya Eng mo go Wena?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
w04 10/1 ts. 3-4

Boswa Jo o Ka Tlhomamisegang Gore o Tla bo Bona

“FA O ka amogela lekwalo le tswa kwa mothong mongwe le re o tlogeletswe boswa gore o tle go bo tsaya, o nne kelotlhoko. Go ka tswa go na le letsipa lengwe le le batlang go go tsietsa.”

Ba United States Postal Inspection Ser­vice ba ne ba kwala tlhagiso eo mo tshedimosetsong ya bone ya Internet. Ka ntlha yang? Ka gonne batho ba le diketekete ba ne ba amogetse lekwalo mo posong le re, ‘Go na le mongwe wa losika lwa gaeno yo o tlhokafetseng mme o go tlogeletse boswa.’ Ka ntlha ya seo, batho ba bantsi ba ile ba romela madi a a kana ka R210 kgotsa go feta gore ba newe ‘lekwalo le le nayang tshedimosetso ka dithoto’ le go neng go twe le tlhalosa gore dithoto tseo di kae le gore di ka bonwa jang. Ba ne ba swabisiwa botlhoko. Batho botlhe ba ba neng ba romela madi ao ba ne ba romelelwa lekwalo le le tshwanang—mme go ne go se na boswa bope jo ope wa bone a neng a tlile go bo bona.

Maano a a ntseng jalo a dirwa ka gonne go itsiwe gore batho ka tlholego fela ba rata go amogela boswa. Le fa go ntse jalo, Baebele e bua sentle ka batho ba ba nayang ba bangwe boswa fa e re: “Yo o siameng o tla tlogelela bana ba bana boswa.” (Diane 13:22) Tota e bile ke Jesu Keresete ka boene a buileng mafoko ano a a itsegeng thata le a a rategang thata mo Therong ya kwa Thabeng: “Go itumela ba ba bonolo, e re ka ba tla rua lefatshe.”—Mathaio 5:5.

Mafoko a ga Jesu a re gakolola se Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo a neng a tlhotlhelediwa go se kwala makgolokgolo a dingwaga pele ga foo: “Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:11.

A bo go “rua lefatshe” e le tsholofelo e e itumedisang thata jang ne! A mme re ka tlhomamisega gore seno ga se leano fela la boferefere le le diretsweng go tsietsa batho? Ee re ka tlhomamisega. E re ka lefatshe e le karolo ya popo ya ga Jehofa e e gakgamatsang, ene jaaka e le Modiri le Mong wa lone o na le tshwanelo e e kafa molaong ya go le naya ope fela yo a mo tlhophang e le boswa. Jehofa, a dirisa Kgosi Dafide, o ne a solofetsa Morwawe yo o rategang Jesu Keresete jaana ka tsela ya boporofeti: “Nkope, gore ke tle ke ntshe ditšhaba go nna boswa jwa gago le mafelelo a lefatshe go nna thuo ya gago.” (Pesalema 2:8) Ke ka lone lebaka leno moaposetoloi Paulo a neng a tlhalosa Jesu a re ke “yo [Modimo] a mo tlhomileng moruaboswa wa dilo tsotlhe.” (Bahebera 1:2) Ka jalo re ka tlhomamisega ka botlalo gore fa Jesu a ne a re ba ba bonolo ba “tla rua lefatshe,” o ne a bua ka boikanyego e bile o na le taolo e e tshwanetseng gore a ka kgona go diragatsa tsholofetso ya gagwe.—Mathaio 28:18.

Potso ya botlhokwa ke gore, Tsholofetso eo e tla diragadiwa jang? Gongwe le gongwe fela gompieno, go lebega batho ba ba dikgoka le ba ba boikgogomoso ba atlega e bile ba tsaya se ba se batlang. Batho ba ba pelonolo ba tla rua eng? Mo godimo ga moo lefatshe le tletse ka mathata a a masisi a kgotlelo, mme matlotlo a lone a senngwa ke batho ba ba bogagapa le ba ba sa kgoneng go bonela dilo kwa pele. A tota go tla nna le lefatshe le le ka ruiwang boswa? Re kopa gore o bale setlhogo se se latelang gore o bone karabo ya dipotso tseno le tse dingwe tsa botlhokwa.

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

A o tla bona boswa jwa mmatota?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela