Baengele—Ke Bomang?
KGOSI ya mmusomogolo ga e dumele se e se bonang. Banna ba bararo ba ba atlholetsweng go bolawa ka go fisiwa mo leubelong la molelo ba namolwa ba setse ba lebagane fela le loso! Ke mang yo o ba namotseng? Kgosi ka boyone e raya banna bao ba bararo ba ba namotsweng e re: “A go bakwe Modimo wa [lona], o o rometseng moengele wa one mme wa golola batlhanka ba one ba ba neng ba o ikantse.” (Daniele 3:28) Mmusi yono wa Babelona yo o busitseng dingwaga di le dikete tse pedi tse di fetileng o ne a iponetse ka matlho fa baengele ba falotsa banna bao. Mo nakong e e fetileng, batho ba bantsintsi ba ne ba dumela mo baengeleng. Batho ba bantsi gompieno ba dumela gore baengele ba teng e bile ba dumela gore matshelo a bone a amiwa ke baengele ka tsela nngwe. Baengele ke bomang, le gone ba simologile kae?
Go ya ka Baebele, baengele ke meya, fela jaaka Modimo ka boene e le Moya. (Pesalema 104:4; Johane 4:24) Go na le baengele ba le bantsi, ba le dimilionemilione. (Tshenolo 5:11) Mme botlhe ba “maatla.” (Pesalema 103:20) Le fa baengele ba tshwana le batho ka gonne ba na le botho jo bo rileng e bile ba neilwe kgololesego ya go itlhopela, ga ba a simolola e le batho. Tota e bile, Modimo o bopile baengele bogologolo tala pele ga batho ba nna teng—le e leng pele ga go bopiwa polanete e e bidiwang Lefatshe. Fa Modimo a ne a “thaya lefatshe” Baebele ya re, “dinaledi tsa moso [baengele] di ne di goa mmogo ka boipelo, le bomorwa Modimo botlhe ba ne ba simolola go goa ba baka.” (Jobe 38:4, 7) E re ka baengele ba bopilwe ke Modimo, ba bidiwa bomorwa Modimo.
Ke ka ntlha yang fa Modimo a ne a bopa baengele? Ke seabe sefe, fa e le gore se teng, se baengele ba nnileng le sone mo matshelong a batho? A ba ama matshelo a rona gompieno? E re ka baengele ba na le kgololesego ya go itlhophela, a bangwe ba bone ba latetse mokgwa wa ga Satane Diabolo mme ba itirile baba ba Modimo? Baebele e re naya dikarabo tse di boammaaruri tsa dipotso tseo.