LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w06 10/15 ts. 14-17
  • Ditsela Tsa Roma—Sefikantswe sa Boenjeniri Jwa Bogologolo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditsela Tsa Roma—Sefikantswe sa Boenjeniri Jwa Bogologolo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Porojeke e Kgolo Thata ya go Aga Kwa Roma
  • Batsamai le go Anama ga Dikgopolo
  • A o Ne o Itse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Karolo 6—Mmuso wa Lefatshe wa Borataro—Roma
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • A Madumedi Otlhe a Siame?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Go Baakanyetsa Ditšhaba “Thuto ya ga Jehofa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
w06 10/15 ts. 14-17

Ditsela Tsa Roma—Sefikantswe sa Boenjeniri Jwa Bogologolo

SEFIKANTSWE se se tlhomologileng thata go feta tse dingwe tsotlhe kwa Roma ke sefe? A o ne o ka re ke lefelo le legolo la bobogelo la Colosseum, le motho a sa ntseng a kgona go bona matlotla a lone kwa Roma? Fa re batla go akanya ka dilo tse di agilweng tsa kwa Roma, tse di nang le lobaka lo loleele thata di le teng kgotsa tse di thusitseng go bopa hisitori ya naga eno, selo se re ka akanyang ka sone ke ditsela tsa teng.

Go ne go sa fete fela dithoto le mephato ya masole mo ditselengkgolo tsa Roma. Romolo A. Staccioli, yo e leng mankge yo o dirang dipatlisiso ka dikwalo tse di gabilweng, a re go ne go dirisiwa “ditsela tseno go fetisa dikgopolo, dilo tsa botaki, le dithuto tsa filosofi le tsa bodumedi,” go akaretsa le dithuto tsa Bokeresete.

Mo metlheng ya bogologolo, ditsela tsa Roma di ne di tsewa di tshwana le difikantswe. Mo makgolokgolong a dingwaga, Baroma ba ne ba aga mafaratlhatlha a ditsela a a neng a feleletsa a le boleele jwa dikilomitara di le 80 000 mo karolong e gone jaanong e leng ya dinaga di feta 30.

Via publica ya ntlha e e tsewang e le botlhokwa thata, kgotsa tselakgolo, jaaka fa e ne e ka bidiwa gompieno, e ne e le e e bidiwang Via Appia, kgotsa Tselakgolo ya Apio. Tsela eno, e e itsiweng e le yone tsela ya maemo a a kwa godimo go di gaisa tsotlhe, e ne e golaganya Roma le Brundisium (e gone jaanong e bidiwang Brindisi), e leng toropo e e neng e na le boemakepe jo batho ba neng ba bo dirisa go ya Botlhaba. Tsela eno e teeletswe ka Appius Claudius Caecus, e leng modiredimogolo wa Moroma, yo o neng a simolola go aga tsela eno mo e ka nnang ka 312 B.C.E. Ditsela tse dingwe gape tse di neng di dirisiwa kwa Roma ke Via Salaria le Via Flaminia, tse ka bobedi jwa tsone di neng di namela kwa botlhaba go ela kwa Lewatleng la Adriatic, di bula tsela e e yang kwa dinageng tsa Balkan le kwa dikgaolong tsa Rhine le Danube. Via Aurelia e ne e ya bokone go ela kwa Gaul le kwa Pheninsuleng ya Iberia, fa Via Ostiensis yone e ne e ya Ostia, e leng boemakepe jwa Roma jo bo neng bo dirisiwa thata mo maetong a a tswang kgotsa a a yang Afrika.

Porojeke e Kgolo Thata ya go Aga Kwa Roma

Roma e ne e tlhoka ditsela le eleng pele baagi ba yone ba simolola go aga tse disha. Toropo eno e ne ya simologa kwa ditsela tsa bogologolo di neng di kopanela gone, e leng mo lefelong le le lengwe fela le go neng go kgabaganngwa mo go lone kwa karolong e e kwa borwa ya Noka ya Tiber. Go ya ka metswedi ya bogologolo ya tshedimosetso, gore Baroma ba tokafatse ditsela tse ba fitlhetseng di le gone, ba ne ba tshwanelwa ke gore ba kopise mokgwa wa go aga ditsela wa batho ba Carthage. Mme go bonala ba tota ba simolotseng botswerere jwa go aga ditsela pele ga batho Baroma e ne e le batho ba Etruria. Matlotla a ditsela tsa teng a sa ntse a kgona go bonwa. Mo godimo ga moo, le eleng pele ga metlha ya Roma, mo kgaolong eo go ne go na le ditselana di le dintsi tse go neng go tsamaiwa thata mo go tsone. Go ka direga gore ditsela tseno di ne di dirisiwa go fudusa diphologolo go tswa kwa karolong e nngwe ya mafulo go ya kwa go e nngwe. Le fa go ntse jalo, go ne go se motlhofo go tsamaya mo ditselaneng tseno, ka gonne di ne di le dithole fa pula e sa ne, e bile di le diretse fa pula e nele. Gantsi Baroma ba ne ba aga ditsela tsa bone mo godimo ga ditselana tseno.

Dipolane tsa go aga ditsela tsa Roma di ne di dirwa ka manontlhotlho, e bile ditsela tsa teng di ne di agiwa gore di nne popota, di kgone go dirisiwa, e bile di nne dintle. Ditsela tseno di ne di golaganya ntlha e go tlogwang mo go yone le e go iwang kwa go yone go dirisiwa tsela e khutshwane thata go ya kwa lefelong le go iwang kwa go lone, ke gone ka moo bontsi jwa ditsela tseno di neng di le ditelele e bile di tlhamaletse. Le fa go ntse jalo, gantsi ditsela tseno di ne di tshwanetse go tsamaisana le dipopego tsa lefelo le di agiwang mo go lone. Mo go kgonegang teng, mo dikarolong tse di dithota le dithaba, baenjeniri ba Roma ba ne ba aga ditsela tsa bone go sekae mo dikarolong tsa motlhatlogo, kafa karolong ya thaba e e tlhabelwang thata ke letsatsi. Seno se ne se fokoletsa badirisi ba tsela mathata le fa e ka nna afe a a neng a ka nna a bo a bakwa ke maemo a a seng mantle a bosa.

E le gore Baroma ba ne ba aga jang ditsela tsa bone? Go ne go dirisiwa mekgwa e e farologaneng, mme fa go ne go ribololwa marope go fitlhetswe gore gantsi go ne go dirisiwa mokgwa o o latelang.

Go ne go rulaganngwa pele gore tsela eno e tlile go tsamaya jang. Tiro eno e ne e newa batlhatlhobi ba metlheng eo ba ba neng ba tlhatlhoba lefatshe. Go tswa foo tiro e e thata ya go epa e ne e tlogelelwa masole, babereki, kgotsa makgoba. Go ne go epiwa mesele e mebedi e e bapileng. Sekgala mo gare ga mesele e mebedi eno se ne se sa tshwanela go nna kwa tlase ga dimetara di le 2,4, mme gantsi se ne se nna dimetara di le 4, mme mo tsela e neng e obega gone sekgala mo gare ga mesele eno se ne se bulega go feta moo. Fa tsela e wediwa e ne e ka nna bophara jwa dimetara di le lesome, go akaretsa le ditselana tse go neng go tsamaya batsamaakadinao mo go tsone, mo matlhakoreng oomabedi. Go tswa foo go tla bo go ntshiwa mmu o o mo gare ga mesele e mebedi eno, go dirwa lehuti. Fa go fitlhwa mo karolong e e thata ya lehuti leno, le ne le tladiwa ka dikarolo di ka nna tharo go ya go di le nnè tsa dilo tse di farologaneng. Karolo ya ntlha e ne e ka nna matlapa a magolo kgotsa thotobolo. Go tswa foo go tla bo go latela karolo ya matlapa a a borethe kgotsa a a sephaphathi, gongwe a tshwaragantswe ka konkereite. Go tswa foo mo godimo go tla bo go tshelwa karolo ya kerabole e e sitsweng kgotsa matlapa a a papetlilweng.

Karolo e e kwa godimo ya dingwe tsa ditsela tsa Roma e ne e le kerabole fela e e kitlaneng. Le fa go ntse jalo, ditsela tse batho ba metlheng eo ba neng ba di rata thata ke tse di dirilweng sephaphathi. Bogodimo jwa tsone bo ne bo tsenngwa matlapa a magolo a a dirilweng dimatla, gantsi e le dimatla tsa matlapa a lefelo leo. Di ne di agiwa ka tsela e e dirang gore mo gare di ye kwa godimo go sekae gore metsi a se ka a itira letamo mo gare ga tsela, mme a kgone go elelela kwa meeding e e kafa matlhakoreng a tsela. Mokgwa ono wa go aga o dirile gore ditsela tseno di kgone go nna sebaka di sa senyege, le gore dingwe tsa tsone di bo di sa ntse di le teng le gompieno.

Mo e ka nnang dingwaga di le 900 morago ga gore go agiwe Tselakgolo ya Apio, mokwalahisitori wa kwa Byzantium e bong Procopius o ne a e tlhalosa e le “e ntle fela thata.” Fa a ne a bua ka matlapa a a dirilweng dimatla a a neng a le mo godimo ga tsela eno, o ne a kwala jaana: “Le fa go fetile lobaka lo loleele jaana e bile go ne go feta dikoloi di le dintsi thata jaana mo godimo ga one letsatsi le letsatsi, ga a ise a senyege, e bile a sa ntse a le borethe.”

Ditsela tseno di ne di feta jang mo dikgoreletsing tsa tlhago, tse di tshwanang le dinoka? Selo se segolo se se neng se dirwa e ne e le go aga maborogo, a mangwe a one a sa ntseng a le teng le gompieno jaana, a ntsha bosupi jwa gore Baroma ba bogologolo ba ne ba na le bokgoni tota mo dilong tsa botegeniki. Go ka direga gore dithanele e ne e se selo se se itsiweng go le kalo mo ditseleng tsa Roma, mme tsela ya go di aga e ne e gakgamatsa le go feta, fa o tla go akanya ka kitsonyana e ba neng ba na le yone ka nako eo mo dilong tsa botegeniki. Buka nngwe e tlhalosa jaana: “Le eleng morago ga makgolokgolo a dingwaga, go ne go se na ope yo o neng a ka kgona go fitlhelela mokgwa wa boenjeniri o o tshwanang le wa Baroma.” Sekai sa ntlha eno ke thanele e e kwa leborogong la Furlo mo tseleng ya Via Flaminia. Bogologolo ka 78 C.E., morago ga gore baenjeniri ba e akanyetse ka kelotlhoko, go ne ga epiwa thanele ya dimetara di le 40, e e bophara jwa dimetara di le 5 le bogodimo jwa dimetara di le 5, mo lefikeng le le thata. Seo e ne e le phitlhelelo e e seng kana ka sepe, fa o tla go akanyetsa didirisiwa tse ba neng ba na le tsone ka nako eo. Go aga ditsela tse di ntseng jalo e ne e le e nngwe ya diphitlhelelo tse dikgolo thata tsa batho.

Batsamai le go Anama ga Dikgopolo

Masole le badiri, bareri le bajanala, batshameki ba difilimi le batshameki ba metshameko ya ntwa, botlhe ba ne ba dirisa ditsela tseno. Ba ba neng ba tsamaya ka dinao ba ne ba kgona go tsamaya sekgala sa dikilometara di ka nna 25 go ya go 30 ka letsatsi. Batsamai ba ne ba kgona go bona gore lefelo lengwe le bokgakala jo bokae ka go leba dipilara tse di neng di tlhongwa mo tseleng. Dipilara tseno tse e neng e le matlapa a dipopego tse di farologaneng, mme gantsi di le sebopego sa selennere, di ne di bewa morago ga sekgala sengwe le sengwe sa dimetara di le 1,480—se se neng se lekana le maele wa Roma. Gape go ne go nna le mafelo a go ikhutsa, mo batsamai ba neng ba ikhutsisa dipitse, ba reke dijo kgotsa, mo mabakeng mangwe ba lale moo bosigo. Mangwe a mafelo ano a go ikhutsa a ne moragonyana a fetoga ditoropo tse dinnye.

Pelenyana fela ga Bokeresete bo simologa, Kaesara Aguseto o ne a simolola thulaganyo ya go tlhokomela le go baakanya ditsela. O ne a tlhoma badiredi ba ba neng ba tla tlhokomela e le nngwe kgotsa go feta ya ditsela tseno. O ne a dira gore mo Kgotleng ya Roma go tlhongwe se se neng se itsiwe e le miliarium aureum, pilara ya gouta. Pilara eno e e neng e takilwe ka ditlhaka tsa boronse e ne e le mo ditsela tsotlhe tsa Roma kwa Italy di fitlhang gone. Ke sone se se neng sa dira gore go feleletse go na le seane se se reng: “Ditsela tsotlhe di isa kwa Roma.” Gape Aguseto o ne a dira gore go manegwe mmapa wa ditsela tsotlhe tsa puso ya Roma gore o bonwe ke botlhe. Go bonala ditsela ka nako eo di ne di le mo maemong a mantle thata go ka tlhokomela ditlhoko tsa batho le maemo a nako eo.

Batsamai bangwe ba bogologolo ba ne ba bile ba dirisa masupatsela a a kwadilweng go ba thusa mo maetong a bone. Masupatsela ano a ne a ntsha tshedimosetso e e tshwanang le gore ke sekgala se se kana kang go fitlha kwa mafelong a a farologaneng a go emisa e bile a tlhalosa ditirelo tse o tla di newang mo mafelong ao. Le fa go ntse jalo, masupatsela ano a ne a le theko e kwa godimo mme ka gone go ne go se bonolo gore batho botlhe ba a bone.

Mme go ntse go le jalo, bareri ba efangele ba Bakeresete ba ne ba rulaganya le go tsaya maeto a le mantsi a maleele. Moaposetoloi Paulo, jaaka batho ba motlha wa gagwe, gantsi ba ne ba tlhopha go tsamaya ka sekepe fa ba ya kwa dikarolong tse di kwa botlhaba, gore ba kgone go tsamaisiwa ke diphefo tse di neng di le dintsi go ya koo. (Ditiro 14:25, 26; 20:3; 21:1-3) Kwa Lewatleng la Mediterranean, diphefo tseno di ne di foka di tswa kwa bophirima mo dikgweding tsa selemo. Le fa go ntse jalo, fa Paulo a ya kwa bophirima, gantsi o ne a tsamaya mo mmung, a dirisa ditsela tsa Roma. Paulo o ne a rulaganya loeto lwa gagwe lwa bobedi le lwa boraro lwa borongwa a dirisa ditsela tseno. (Ditiro 15:36-41; 16:6-8; 17:1, 10; 18:22, 23; 19:1)a Mo e ka nnang ka 59 C.E., Paulo o ne a ya Roma a dirisa Tselakgolo ya Apio mme a kopana le badumedi ka ene kwa Kgotleng e e tlhanaselang thata ya Apio, kgotsa Marekisetso a Apio, dikilometara di le 74 go ela kwa borwabotlhaba jwa Roma. Ba bangwe ba ne ba mo letetse dikilometara di le 14 go tswa kwa Roma kwa lefelong la go ikhutsa la Matlomararo a Boitapolosetso. (Ditiro 28:13-15) Mo e ka nnang ka 60 C.E., Paulo o ne a kgona go bua a re dikgang tse di molemo di ne di rerilwe “mo lefatsheng lotlhe” jaaka le ne le itsiwe ka nako eo. (Bakolosa 1:6, 23) Thulaganyo ya ditsela e ile ya thusa mo go direng gore seo se kgonege.

Ka gone ditsela tsa Roma di itshupile di tshwana le difikantswe tse di tlhomologileng le tse di nnetseng ruri—e bile di thusitse go dira gore dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo di anamisiwe.—Mathaio 24:14.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Leba mmapa o o mo go tsebe 33 ya ‘Bona Lefatshe le le Molemo,’ e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Pilara ya Roma e e neng e tlhongwa mo sekgaleng sengwe le sengwe sa maele

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Via Appia mo dintshing tsa Roma

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Tsela kwa Ostia wa bogologolo, kwa Italy

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Metlhala ya tsela e e dirilweng ke maotwana a dikoloi tsa bogologolo, kwa Austria

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Karolo ya tsela ya Roma e na le dipilara tse di tlhongwang sekgala sengwe le sengwe sa maele, kwa Jordan

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Matlotla a mabitla mo tseleng ya Via Appia kafa ntle fela ga Roma

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Thanele ya Furlo mo tseleng ya Via Flaminia, mo kgaolong ya Marche

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Leborogo la ga Tiberius mo tseleng ya Via Emilia kwa Rimini, kwa Italy

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Paulo o ne a kopana le badumedi ka ene kwa Kgotleng ya Apio e e neng e tlhanasela thata, kgotsa Marekisetso a Apio

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Karolo e e ka kwa molemeng, Ostia: ©danilo donadoni/Marka/age fotostock; ka kwa mojeng, tsela le dipilara tsa mo tseleng: Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela