LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w07 2/15 ts. 13-17
  • Banna ba ba Nyetseng—Etsang Botlhogo Jwa ga Keresete

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Banna ba ba Nyetseng—Etsang Botlhogo Jwa ga Keresete
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se se Ka Dirang Gore Monna a Atlege
  • Tsela ya go Lebana le Dikgwetlho Tsa Lenyalo
  • Sekao Segolobogolo mo Banneng
  • Lorato Lwa ga Jesu ga se Fela Lwa go Amega Maikutlo
  • Go Molemo Gore Banna ba Nne Pelotelele
  • Kaelo e e Mosola e e Newang Banyalani
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Kafa o ka Dirang ka Teng Gore Botshelo Jwa Lelapa la Gago bo Itumedise
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • A Modimo o Tla Pele mo Lelapeng la Lona?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • O se Ka wa Kgaoganya se Modimo a se Kopantseng Mmogo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
w07 2/15 ts. 13-17

Banna ba ba Nyetseng—Etsang Botlhogo Jwa ga Keresete

“Tlhogo ya monna mongwe le mongwe ke Keresete.”—1 BAKORINTHA 11:3.

1, 2. (a) Katlego ya monna yo o nyetseng e ka lekanngwa ka eng? (b) Ke eng fa go le botlhokwa go tsaya tsia kgang ya gore lenyalo le simolotswe ke Modimo?

O NE o ka lekanya katlego ya monna yo o nyetseng ka eng? Ka bokgoni jwa gagwe jwa tlhaloganyo kgotsa ka nonofo ya mmele? Ka bokgoni jwa gagwe jwa go dira madi? Kgotsa a segolobogolo o ne o ka bo lekanya ka tsela e e lorato le e e pelonomi e a tshwarang mosadi wa gagwe le bana ka yone? Banna ba le bantsi fa katlego ya bone e lekanngwa go ya ka tsela e ba tshwarang ba malapa a bone ka yone, ba tlhaela fela thata, ka gonne ba tlhotlhelediwa ke moya wa lefatshe le tsela ya go akanya ya batho. Ka ntlha yang? Gantsi ke ka gonne ba sa tseye tsia le go dirisa kaelo ya Mosimolodi wa lenyalo—Ene yo o neng “a dira logopo lo a lo tsereng mo monneng go nna mosadi a bo a mo tlisa kwa monneng.”—Genesise 2:21-24.

2 Jesu Keresete o ne a tlhomamisa boammaaruri jwa pego eno ya Baebele ya kafa Modimo a neng a simolola thulaganyo ya lenyalo ka teng, ka go raya baganetsi ba motlha wa gagwe a re: “A lo ne lwa se ka lwa bala gore yo o neng a ba bopa go tswa kwa tshimologong o ne a ba dira monna le mosadi a ba a re, ‘Ka lebaka leno monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe, mme bobedi jono bo tla nna nama e le nngwe’? Mo e leng gore ga ba tlhole ba le babedi, mme ke nama e le nngwe. Jalo, se Modimo a se kopantseng mmogo [ka lenyalo] a motho ope a se se kgaoganye.” (Mathaio 19:4-6) Kgang fano ke gore, selo sa botlhokwa se se dirang gore motho a nne le lenyalo le le atlegileng ke go tsaya tsia kgang ya gore lenyalo ke thulaganyo e e simolotsweng ke Modimo le gore katlego ya lone e ikaegile ka go dirisa kgakololo e e fitlhelwang mo Lefokong la Modimo, Baebele.

Se se Ka Dirang Gore Monna a Atlege

3, 4. (a) Ke eng se se dirang gore Jesu a nne le kitso e kgolo ka dikgang tsa lenyalo? (b) Mosadi wa tshwantshetso wa ga Jesu ke mang, mme banna ba tshwanetse go tshwara basadi ba bone jang?

3 Selo se se ka thusang monna yo o nyetseng go atlega ke go ithuta dithuto tsa ga Jesu le go etsa sekao sa gagwe. O na le kitso e kgolo ka lenyalo ka gonne o ne a le teng fa go ne go bopiwa banyalani ba ntlha le ka nako ya lenyalo la bone. Jehofa Modimo o ile a mo raya a re: “A re dire motho mo setshwanong sa rona, kafa tshwanong ya rona.” (Genesise 1:26) Ee, Modimo o ne a bua le Ene yo o neng a mmopa pele ga a bopa dilo tse dingwe tsotlhe, Ene yo o neng a “le fa thoko ga gagwe [e] le modiri yo o setswerere.” (Diane 8:22-30) Ene yono ke “leitibolo la popo yotlhe.” Ke ene “tshimologo ya popo ka Modimo,” yo o sa bolong go nna gone le pele ga lobopo lo re lo bonang lo bopiwa.—Bakolosa 1:15; Tshenolo 3:14.

4 Jesu o bidiwa gore ke “Kwana ya Modimo,” mme gape ka tsela ya tshwantshetso o tlhalosiwa e le monna yo o nyetseng. Moengele o kile a re: “Tla kwano, ke tla go bontsha monyadiwa, mosadi wa Kwana.” (Johane 1:29; Tshenolo 21:9) Ke mang he monyadiwa yoo, kgotsa mosadi wa gagwe? “Mosadi wa Kwana” o dirilwe ka balatedi ba ba ikanyegang ba ga Keresete ba ba tloditsweng ka moya, ba ba tla busang le ene kwa legodimong. (Tshenolo 14:1, 3) Ka gone, tsela e Jesu a neng a tshwara barutwa ba gagwe ka yone fa a ne a na le bone mo lefatsheng e tlhomela banna sekao sa kafa ba tshwanetseng go tshwara basadi ba bone ka teng.

5. Jesu ke sekao mo go bomang?

5 Ke boammaaruri gore, Jesu o tlhalosiwa mo Baebeleng e le sekao mo balateding botlhe ba gagwe, jaaka fa re bala jaana: “Keresete o ne a boga ka ntlha ya lona, a lo tlogelela sekao gore lo latele dikgato tsa gagwe gaufiufi.” (1 Petere 2:21) Lefa go ntse jalo, ke sekao segolobogolo mo banneng. Baebele ya re: “Tlhogo ya monna mongwe le mongwe ke Keresete; mosadi le ene tlhogo ya gagwe ke monna; Keresete le ene tlhogo ya gagwe ke Modimo.” (1 Bakorintha 11:3) E re ka Keresete e le tlhogo ya monna, banna ba ba nyetseng ba tshwanetse go etsa sekao sa gagwe. Ka gone, gore lelapa le atlege le bo le itumele, le tshwanetse go dirisa molaomotheo wa botlhogo. Gore lelapa le kgone go nna jalo, banna ba tshwanetse go dirisana le basadi ba bone ka tsela e e lorato e e tshwanang le e Jesu a ileng a dirisana ka yone le mosadi wa gagwe wa tshwantshetso, e leng barutwa ba gagwe ba ba tloditsweng.

Tsela ya go Lebana le Dikgwetlho Tsa Lenyalo

6. Banna ba tshwanetse go tshela jang le basadi ba bone?

6 Mo lefatsheng la gompieno le le tletseng mathata, banna ba tshwanetse go etsa sekao sa ga Jesu, segolobogolo sa bopelotelele, lorato le go kgomarela melaometheo e e siameng ka boikanyegi. (2 Timotheo 3:1-5) Malebana le sekao se Jesu a se tlhomileng, re bala jaana mo Baebeleng: “Lona banna ba lo nyetseng, tswelelang lo nna le [basadi ba lona] ka mokgwa o o tshwanang go ya ka kitso.” (1 Petere 3:7) Ee, banna ba tshwanetse go lebana le dikgwetlho tsa lenyalo ka tsela e e bontshang go nna le kitso, fela jaaka Jesu a ile a dira fa a ne a lebane le mathata. O ile a lebana le diteko tse dikgolo go gaisa motho ope fela, le fa go ntse jalo, o ne a lemoga gore diteko tseo di ne di tswa mo go Satane, badimona, le lefatshe leno le le boikepo. (Johane 14:30; Baefeso 6:12) Le ka motlha Jesu o ne a sa gakgamadiwe ke diteko, ka jalo batho ba ba nyalaneng le bone ga ba a tshwanela go gakgamala fa ba lebana le “pitlagano mo nameng ya bone.” Baebele e tlhagisa gore batho ba ba nyalang ba ka lebelela go lebana le pitlagano e e ntseng jalo.—1 Bakorintha 7:28.

7, 8. (a) Go tshela le basadi kafa kitsong go akaretsa eng? (b) Ke eng fa basadi ba tshwanelwa ke go tlotlwa?

7 Baebele ya re banna ba tshwanetse go tshela le basadi ba bone “go ya ka kitso, [ba] ba naya tlotlo jaaka sejana se se bokoa, sa sesadi.” (1 Petere 3:7) Go na le go gatelela basadi ka tsela e e setlhogo, jaaka fa Baebele e ile ya bolelela pele gore banna ba le bantsi ba ne ba tla dira jalo, monna yo o amogelwang ke Modimo o tla tlotla mosadi wa gagwe. (Genesise 3:16) O tla batla go mo tshwara jaaka letlotlo le le tlhwatlhwakgolo, le ka motlha a sa dirise nonofo e kgolo ya mmele e a nang le yone go mo utlwisa botlhoko. Go na le moo, o tla akanyetsa maikutlo a gagwe, ka metlha a mo tshwara ka tlotlo le ka seriti.

8 Ke eng fa banna ba tshwanetse go tshwara basadi ba bone ka tlotlo e e tshwanetseng? Baebele e araba jaana: “E re ka le lona lo le baruaboswa le bone ba letlhogonolo le le sa re tshwanelang la botshelo, e le gore dithapelo tsa lona di se ka tsa kgoreletsega.” (1 Petere 3:7) Banna ba tshwanetse go itse gore Jehofa ga a tseye banna ba ba mo obamelang ba le botlhokwa ka tsela epe fela go feta basadi ba ba mo obamelang. Basadi ba ba tsewang ba tshwanelwa ke kamogelo ya Modimo ba tla abelwa tuelo e e tshwanang le ya banna ya botshelo jo bo sa khutleng—bontsi jwa bone e le ya go tshela kwa legodimong, kwa go se nang “motho wa monna le fa e le motho wa mosadi” teng. (Bagalatia 3:28) Ka jalo, banna ba tshwanetse go se lebale gore selo se se dirang gore Modimo a tseye motho a le botlhokwa ke boikanyegi jwa gagwe mo go ene. Ga se kgang ya gore a motho ke monna kgotsa mosadi, monna yo o nyetseng kgotsa mosadi yo o nyetsweng, kgotsa le e leng gore a ke ngwana.—1 Bakorintha 4:2.

9. (a) Go ya ka Petere, ke lebaka lefe le le tshwanetseng go dira gore banna ba tlotle basadi ba bone? (b) Jesu o ne a bontsha go tlotla basadi jang?

9 Mafoko a a konelang a ga moaposetoloi Petere a gatelela botlhokwa jwa go bo monna a tshwanetse go tlotla mosadi wa gagwe, fa a re “gore dithapelo tsa lona di se ka tsa kgoreletsega.” A bo sekgoreletsi seo se ka nna kotsi jang ne! Se ka nna sa ba sa dira gore dithapelo tsa monna di kgoreletsege, jaaka go ile ga direga ka batlhanka bangwe ba Modimo ba nako e e fetileng ba ba neng ba sa tseye dilo masisi. (Dikhutsafalo 3:43, 44) Ka botlhale banna ba Bakeresete—ba ba nyetseng le ba ba akanyetsang go nyala—ba tla ithuta tsela e e nang le seriti e Jesu a neng a tshwara basadi ka yone. O ne a ba amogela mo setlhopheng se se neng se tsamaya le ene mo bodireding, e bile o ne a ba tshwara ka bopelonomi le ka tlotlo. Nako nngwe Jesu o ile a ba a dira gore basadi bangwe e nne bone ba pele go ba senolela boammaaruri jo bo gakgamatsang, o ile a ba a ba laela gore ba bo bolelele banna!—Mathaio 28:1, 8-10; Luke 8:1-3.

Sekao Segolobogolo mo Banneng

10, 11. (a) Ke eng fa banna segolobogolo ba tshwanetse go ithuta sekao sa ga Jesu? (b) Banna ba tshwanetse go bontsha basadi ba bone lorato jang?

10 Jaaka go boletswe pelenyana, Baebele e tshwantsha kamano ya monna le mosadi wa gagwe le kamano ya ga Keresete le “monyadiwa” wa gagwe, e leng phuthego ya balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng. Baebele ya re: “Monna ke tlhogo ya mosadi wa gagwe jaaka Keresete le ene a le tlhogo ya phuthego.” (Baefeso 5:23) Mafoko ano a tshwanetse go kgothaletsa banna go sekaseka tsela e Jesu a neng a dirisa botlhogo jwa gagwe kgotsa e a neng a etelela balatedi ba gagwe pele ka yone. Ke ka go dira jalo fela banna ba ka kgonang go etsa sekao sa ga Jesu sentle le go kaela basadi ba bone, go ba rata le go ba tlhokomela, jaaka fa Jesu a ile a tlhokomela phuthego.

11 Baebele e kgothatsa Bakeresete jaana: “Banna, tswelelang lo rate basadi ba lona, fela jaaka Keresete le ene a ne a rata phuthego a ba a ineela ka ntlha ya yone.” (Baefeso 5:25) Mo kgaolong ya Baefeso e e tlang pele ga eno, “phuthego” e bidiwa gore ke “mmele wa ga Keresete.” Mmele ono wa tshwantshetso o na le maloko a le mantsi a banna le a basadi, mme otlhe a nna le seabe mo go thuseng mmele go dira sentle. Ke boammaaruri gore Jesu ke “tlhogo ya mmele, e leng phuthego.”—Baefeso 4:12; Bakolosa 1:18; 1 Bakorintha 12:12, 13, 27.

12. Jesu o ile a bontsha jang gore o rata mmele wa gagwe wa tshwantshetso?

12 Jesu o ile a bontsha go rata mmele wa gagwe wa tshwantshetso, e leng “phuthego,” segolobogolo ka tsela e e lorato e a neng a tlhokomela ka yone ba e neng e tlile go nna maloko a yone. Ka sekai, fa barutwa ba gagwe ba ne ba lapile, o ile a re: “Tlang . . . lona ka bolona, re yeng kwa thoko mo lefelong le le se nang batho mme lo ikhutse go sekae.” (Mareko 6:31) Mongwe wa baaposetoloi ba ga Jesu o ile a kwala jaana fa a tlhalosa se Jesu a ileng a se dira diura di se kae pele ga a bolawa: “Jesu, ka a ne a ratile ba gagwe [ke go re, maloko a mmele wa gagwe wa tshwantshetso] . . . , a ba rata go ya bokhutlong.” (Johane 13:1) A bo Jesu a tlhomile sekao se se molemo jang ne sa kafa banna ba tshwanetseng go tshwara basadi ka teng!

13. Banna ba gakololwa jang gore ba rate basadi ba bone?

13 Fa moaposetoloi Paulo a tswelela ka go dirisa sekao se Jesu a se tlhometseng banna o ile a ba gakolola jaana: “Banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone. Yo o ratang mosadi wa gagwe o a ithata, gonne ga go motho ope yo o kileng a tlhoa nama ya gagwe; mme o a e fepa a ba a e ngomaela, jaaka Keresete le ene a dira phuthego jalo.” Paulo o ile a oketsa jaana: “A mongwe le mongwe wa lona ka bongwe a rate mosadi wa gagwe jalo jaaka a ithata.”—Baefeso 5:28, 29, 33.

14. Monna o tshwara jang mmele wa gagwe o o sa itekanelang, mme seno se bontsha eng ka tsela e a tshwanetseng go tshwara mosadi wa gagwe ka yone?

14 A ko o akanye ka mafoko ao a ga Paulo. A motho yo o itekanetseng sentle mo tlhaloganyong a ka ikgobatsa mmele ka boomo? Fa go direga gore motho a kgope sengwe ka monwana wa leoto a a ka itaya monwana oo ka gonne o dirile gore a kgopege? Legoka! A monna a ka itlhabisa ditlhong fa pele ga ditsala tsa gagwe kana a tsamaya a seba ka makoa a gagwe? Nnyaa! Fa e le gore go ntse jalo, jaanong ke eng fa a ka sotla mosadi wa gagwe ka mafoko kana se se maswe le go feta, go mo itaya, fa a dirile phoso? Banna ga ba a tshwanela go akanyetsa dilo tse di amang bone fela go na le moo ba tshwanetse go akanyetsa le dilo tse di amang basadi ba bone.—1 Bakorintha 10:24; 13:5.

15. (a) Ke eng se Jesu a ileng a se dira fa barutwa ba gagwe ba ne ba bontsha makoa a bosaitekanelang? (b) Ke dithuto dife tse re ka ithutang tsone go tswa mo sekaing sa gagwe?

15 Akanya ka tsela e Jesu a ileng a bontsha go amega ka barutwa ba gagwe ka yone mo bosigong jwa pele ga a swa, ka nako ya fa ba bontsha makoa a bosaitekanelang. Le mororo a ile a ba kopa gangwe le gape gore ba rapele, o ba fitlhela ba robetse ka makgetlo a le mararo kwa tshimong ya Gethesemane. Ka tshoganyetso banna ba ba tshwereng dibetsa ba a ba dikaganyetsa. Jesu o botsa banna bano jaana: “Lo batla mang?” Fa ba araba ba re: “Jesu Monasaretha,” Jesu o ba raya a re: “Ke nna.” E re ka a itse gore ‘nako e gorogile’ ya gore a bolawe, o ile a re: “Fa e le gore ke nna yo lo mpatlang, lesang bano ba tsamaye.” Ka metlha Jesu o ne a akanyetsa maemo a barutwa ba gagwe—karolo ya monyadiwa wa gagwe wa tshwantshetso—mme o ne a senka tsela ya go ba sireletsa. Fa banna ba ba nyetseng ba ithuta tsela e Jesu a neng a tshwara barutwa ba gagwe ka yone, ba tla bona melaometheo e le mentsi e ba ka e dirisang malebana le tsela e ba tshwanetseng go tshwara basadi ba bone ka yone.—Johane 18:1-9; Mareko 14:34-37, 41.

Lorato Lwa ga Jesu ga se Fela Lwa go Amega Maikutlo

16. Jesu o ne a ikutlwa jang ka Maratha, mme gone o ile a mo kgalema jang?

16 Baebele ya re: “Jesu o ne a rata Maratha le monnawe le Lasaro,” ba ba neng ba tle ba mo laletse go etela kwa legaeng la bone. (Johane 11:5) Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a se ka a ikgogona go kgalema Maratha fa a ne a bontsha go tlhoma mogopolo ka tsela e e feteletseng mo dijong tse a neng a di apeile, ka go dira jalo a itima nako e e lekaneng ya go bona thuto ya semoya go tswa mo go Jesu. O ile a re: “Maratha, Maratha, o a tlhobaela e bile o tshwenyegile ka dilo tse dintsi. Mme, go tlhokega dilo di sekaenyana fela, kgotsa se le sengwe fela.” (Luke 10:41, 42) Ga go pelaelo gore lorato lo a neng a rata Maratha ka lone lo ne lwa dira gore go nne motlhofo gore Maratha a amogele kgakololo ya gagwe. Ka tsela e e tshwanang, banna ba tshwanetse go tshwara basadi ba bone ka bopelonomi, ka lorato, ba tlhopha mafoko ka kelotlhoko. Mme gone, fa basadi ba tlhoka go kgalemelwa, banna ba tshwanetse go dira jalo fela jaaka Jesu a dirile.

17, 18. (a) Petere o ile a omanya Jesu jang, mme ke eng fa Petere a ne a tlhoka go kgalemelwa? (b) Monna o na le boikarabelo bofe?

17 Nako nngwe Jesu o ne a tlhalosetsa barutwa ba gagwe gore o tshwanetse go ya kwa Jerusalema, ko a neng a tlile go bogisiwa teng ke “bagolwane le baperesiti ba bagolo le bakwadi, a ba a bolawe, mme a tsosiwe mo letsatsing la boraro.” Fa Petere a utlwa seo o ile a tseela Jesu kwa thoko mme a simolola go mo omanya a re: “Ikutlwele botlhoko, Morena; ga o na go nna le phelelo eno ka gope.” Ga go pelaelo gore Petere o ne a tlhotlhelediwa ke go tseega maikutlo. O ne a tshwanelwa ke gore a kgalemelwe. Ka jalo Jesu o ile a mo raya a re: “Mpota kafa morago, Satane! O sekgopi mo go nna, ka gonne ga o akanye dikakanyo tsa Modimo, mme tsa batho.”—Mathaio 16:21-23.

18 Jesu o ne a sa tswa go tlhalosa se e leng thato ya Modimo—e leng gore a boge dilo di le dintsi mme a bolawe. (Pesalema 16:10; Isaia 53:12) Ka jalo Petere o ne a le phoso ka go omanya Jesu. Ee, Petere o ne a tlhoka kgalemelo e e gagametseng, fela jaaka rotlhe re e tlhoka ka dinako dingwe. E re ka monna e le tlhogo ya lelapa, o na le taolo le boikarabelo jwa go kgalemela ba lelapa la gagwe, go akaretsa le mosadi wa gagwe. Le fa gone a tlhoka go dira jalo a gagametse, kgalemelo e e ntseng jalo e tshwanetse go neelwa ka bopelonomi le ka lorato. Ka jalo, fela jaaka Jesu a ile a thusa Petere go leba dilo ka tsela e e siameng, monna le ene ka dinako tse dingwe a ka tshwanelwa ke go dira se se tshwanang ka mosadi wa gagwe. Ka sekai, monna a ka tshwanelwa ke go lemotsha mosadi wa gagwe ka bopelonomi lebaka la go bo a tlhoka go baakanya tsela e a aparang ka yone kana e a dirisang mabenyane kana ditlolo tsa go intlafatsa ka yone, fa a sa tlhole a le bori jaaka fa Dikwalo di gakolola.—1 Petere 3:3-5.

Go Molemo Gore Banna ba Nne Pelotelele

19, 20. (a) Baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba nna le bothata bofe, mme Jesu o ile a bo rarabolola jang? (b) Maiteko a ga Jesu a ile a atlega go le kana kang?

19 Fa go na le phoso nngwe e e tlhokang go baakanngwa, banna ga ba a tshwanela go lebelela gore maiteko a bone a go e baakanya a tla atlega ka yone nako eo. Jesu o ile a tshwanelwa ke go thusa baaposetoloi ba gagwe gangwe le gape go fetola maikutlo a bone. Ka sekai, go ne ga nna le kganetsano gareng ga bone e e neng ya tsoga gape go ela kwa bofelong jwa bodiredi jwa gagwe. Ba ne ba ganetsana ka ga gore ke mang yo o bonalang a le mogolo gareng ga bone. (Mareko 9:33-37; 10:35-45) Go ise go ye kae morago ga lekgetlo leo la bobedi, Jesu o ne a rulaganya go keteka Tlolaganyo ya bofelo le bone ba le nosi fela. Ka nako eo, ga go ope wa bone yo o neng a tsaya matsapa a go dira tiro e e bonalang e nyatsega e e neng e tle e dirwe ya go tlhapisa dinao tse di lerole tsa ba bangwe. Jesu o ne a dira tiro eo. Go tswa foo o ne a re: “Ke lo tlhometse sekao.”—Johane 13:2-15.

20 Banna ba ba nyetseng ba ba bontshang boikokobetso jo bo ntseng jalo jo bo tshwanang le jwa ga Jesu go ka direga thata gore basadi ba bone ba dirisane sentle le bone le go ba ema nokeng. Le fa go ntse jalo seo se tlhoka bopelotelele. Moragonyana mo go jone bosigo joo jwa Tlolaganyo, baaposetoloi ba ile ba ngangisana gape ka ga gore ke mang yo o bonalang a le mogolo go ba feta. (Luke 22:24) Gantsi go tsaya nako e telele gore batho ba fetole maikutlo le boitshwaro jwa bone. Le fa go ntse jalo, a bo go itumedisa jang fa matswela a a molemo a tlhaga, jaaka go ile ga direga ka baaposetoloi!

21. Fa banna ba ba nyetseng ba lebana le mathata gompieno, ba gakololwa go gopola eng le go dira eng?

21 Gompieno, manyalo a lebana le dikgwetlho tse dikgolo go feta le fa e le leng pele. Batho ba le bantsi ga ba tlhole ba tsaya maikano a bone a lenyalo masisi. Ka gone banna, akanyang ka tshimologo ya lenyalo. Se lebaleng gore lenyalo le simolotswe ke Modimo, Jehofa ke ene motlhami le mosimolodi wa lone. O ne a ntsha Morwawe Jesu e seng fela gore a nne Morekolodi—Mmoloki wa rona—mme gape gore a nne sekao se banna ba ba nyetseng ba ka se etsang.—Mathaio 20:28; Johane 3:29; 1 Petere 2:21.

O ne O ka Araba Jang?

• Ke eng fa go le botlhokwa gore re tseye tsia tshimologo ya lenyalo?

• Banna ba kgothalediwa go rata basadi ba bone ka ditsela dife?

• Ke dikai dife tsa tsela e Jesu a neng a tshwara barutwa ba gagwe ka yone e e bontshang tsela e banna ba tshwanetseng go dirisa botlhogo jo bo tshwanang le jwa ga Keresete ka yone?

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Ke eng fa banna ba ba nyetseng ba tshwanetse go ithuta sekao sa kafa Jesu a neng a tshwara basadi ka teng?

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Jesu o ne a bontsha go akanyetsa barutwa ba gagwe fa ba ne ba lapile

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Banna ba tshwanetse go kgalemela basadi ba bone ka bopelonomi le ka go tlhopha mafoko a ba a dirisang

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela