LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w07 4/15 ts. 31
  • O Golafetse Mme o Tlhagafaletse go Direla

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Golafetse Mme o Tlhagafaletse go Direla
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Ka Dirisa Nako ya Gago le Maatla a Gago go Direla Jehofa?
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2020
  • Go Agiwa ga Diholo Tsa Bogosi—Karolo e e Botlhokwa ya Tirelo e e Boitshepo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Seabe Seo O Nang le Sone mo go Ageleng Isagwe
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Go Itshokela Kutlobotlhoko
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
w07 4/15 ts. 31

O Golafetse Mme o Tlhagafaletse go Direla

FA O simolola go kopana le Leonardo, o ka nna wa se ka wa akanya gore ke moagi. Ga a kgone go dirisa diatla tsa gagwe tsoopedi ka gonne di ile tsa kgaoga mo kotsing e e neng ya mo tlhagela kwa tirong. Mme le fa Leonardo a golafetse jalo, o ne a dira ka natla fa go ne go agiwa kago nngwe kwa Acajutla, kwa El Salvador, jaaka fa o bona mo setshwantshong.

Leonardo o ne a itlhamela didirisiwa gore a kgone go thusa mo tirong eo ya kago. O somela letsogo la gagwe la moja mo tshitswaneng e e golegetsweng mo ntlheng ya garawe mme ka botswerere a bo a ga mmu a o tshela mo kiribeng. O golegetse ditshitswana mo mekgothing ya kiriba gore a kgone go ikgoromeletsa kiriba ka boene. Ke eng se se neng sa mo tlhotlheletsa gore a nne le seabe mo tirong eno ya go aga?

Leonardo o ne a batla go tsenya letsogo mo kagong ya Holo ya Bogosi, kgotsa lefelo la kobamelo la phuthego ya gabone ya Basupi ba ga Jehofa. O ne a na le mabaka a mantsi a gore a se ka a nna le seabe mo tirong ya go aga. O ne a na le tiro ya boitshediso ya nako e e tletseng, a golafetse, mme o ne a setse a direla mo phuthegong ya gagabo e le motlhanka wa bodiredi. Le fa go ntse jalo, o ne a batla go dira sotlhe se a ka se kgonang go direla Modimo le kwa lefelong la kago.

A le wena o ikutlwa jalo ka go direla Modimo? Mo boemong jwa go ipata ka bogole jwa gagwe, Leonardo o ne a dirisa bokgoni jwa gagwe jwa tlhaloganyo go itlhamela didirisiwa gore a kgone go dira tiro e a neng a ka se ka a kgona go e dira. O ne a direla Modimo ‘ka mogopolo otlhe wa gagwe.’ (Mathaio 22:37) Le fa ba ka tswa ba golafetse kgotsa nnyaa, badiri ba ba nnang le seabe mo go agiweng ga Diholo tsa Bogosi tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba na le moya wa boithaopo. Batho botlhe ba lalediwa go tla dipokanong tsa bone, mme le wena o a amogelwa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela