LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w07 6/1 ts. 31
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Thapisa Mosimane ka Tsela E e Mo Tshwanetseng”
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2016)
  • Batsadi—Thapisang Bana ba Lona ka Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Thapisa Ngwana wa Gago go Tloga Boseeng
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Bontsha Bana ba Gago Gore O a Ba Kgatlhegela
    Tsogang!—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
w07 6/1 ts. 31

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A Diane 22:6 e tlhomamisa gore fa bana ba Bakeresete ba thapisitswe sentle, ga ba ne ba tlogela tsela ya ga Jehofa?

Temana eno e balega jaana: “Thapisa mosimane ka tsela e e mo tshwanetseng; le fa a tsofala ga a na go e fapoga.” Fela jaaka go koba kala go laola tsela e setlhare se tla golang ka yone, gantsi go nna motlhofo gore bana ba ba thapisitsweng sentle ba tswelele ba direla Jehofa fa ba gola. Fela jaaka motsadi mongwe le mongwe a itse, thapiso e e ntseng jalo e tlhoka nako e ntsi le maiteko. Gore bana ba bone ba nne barutwa ba Bakeresete, batsadi ba tshwanetse go ba ruta ka kelotlhoko, ba ba gakolole, ba ba kgothatse le go ba otlhaya mme ba ba tlhomele sekao se se molemo. Ba tshwanetse go dira seno ka metlha le gone e le ka lorato ka dingwaga di le dintsi.

Mme gone a seno se raya gore fa ngwana a tlogela go direla Jehofa, bothata bo a bo bo nnile mo thapisong ya batsadi? Ka dinako dingwe batsadi ba ka tswa ba ne ba palelwa golo gongwe fa ba ntse ba leka go godisa bana ba bone mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa. (Baefeso 6:4) Kafa letlhakoreng le lengwe seane seno ga se tlhomamise gore go thapisa bana sentle go tla dira gore ba ikanyege mo Modimong. Batsadi ga ba ka ke ba kgona go dira gore bana ba bone ba nne se bone ba se batlang. Fela jaaka batsadi, bana ba na le kgololesego ya go itlhophela mme kgabagare ke bone ba itlhophelang tsela e ba batlang go tshela ka yone. (Duteronome 30:15, 16, 19) Go sa kgathalesege matsapa a a tseneletseng a batsadi ba a tsayang, bana bangwe ba a fetoga mme ba se ka ba tlhola ba ikanyega fela jaaka Solomone yo o kwadileng temana e re tlotlang ka yone. Tota le Jehofa o ne a na le barwa ba ba neng ba itshupa fa ba sa ikanyege.

Ka jalo, temana eno ga e reye gore ngwana mongwe le mongwe “ga a na go e fapoga” mme e raya gore ka kakaretso fela seno ke se se ka diregang. Ruri seno ke kgothatso mo batsading! Ba tshwanetse go kgothala fa ba utlwa gore matsapa a ba a tsayang ka tlhoafalo go thapisa bana ba bone mo tseleng ya ga Jehofa, a tla dira gore go nne le matswela a a itumedisang. E re ka seabe sa bone se le botlhokwa le tlhotlheletso ya bone e le kgolo, batsadi ba kgothadiwa gore ba tseye seabe seno sa bone ka tsela e e masisi.—Duteronome 6:6, 7.

Tota le fa bana ba ka tlogela go direla Jehofa, batsadi ba ba tsereng matsapa go thapisa bana ba bone ba ka solofela gore bana bano ba tla itharabologelwa. Boammaaruri jwa Baebele bo maatla, mme thapiso ya batsadi yone ga e lebalege motlhofo.—Pesalema 19:7.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela