LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w07 8/1 ts. 2-3
  • Go Kgaratlhela go Rata Dilo Tsa Bomodimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Kgaratlhela go Rata Dilo Tsa Bomodimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Na le Tumelo e e Nonofileng?
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
  • Lelapa la Bokeresete Le Baya Dilo tsa Semoya kwa Pele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ke Eng Se se Ka go Thusang go Rata Dilo Tsa Bomodimo ka Tsela e e Tshwanetseng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Tswelela o Nonotsha Tumelo ya Gago!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
w07 8/1 ts. 2-3

Go Kgaratlhela go Rata Dilo Tsa Bomodimo

MO THERONG ya gagwe e e itsegeng thata ya kwa Thabeng, Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.” (Mathaio 5:3) O tshwanetse wa bo o dumalana le mafoko ao. Gongwe le gongwe batho ba a lemoga gore ba tlhoka dilo tsa bomodimo mo botshelong jwa bone, mme ba dumela gore fa ba ka di bona, di tla ba leretse boitumelo. Totatota polelo e e reng “go rata dilo tsa bomodimo” e bolelang?

Go itse Modimo go raya gore re tlhaloganya ka botlalo tsela e a akanyang le e a dirang dilo ka yone. Mme go rata dilo tsa bomodimo go raya gore re a mo rata e bile re tlotla dilo tse di amanang le kobamelo.

Ka jalo, ke eng se motho a ka se dirang gore a kgone go rata dilo tsa bomodimo fela thata? Le fa gone go lebega mo e ka nnang bodumedi bongwe le bongwe bo ipolela gore bo itse gore ke eng se se ka thusang motho gore a rate dilo tsa bomodimo, dilo tse ba reng di ka thusa di dintsi go lekana le one madumedi ao ka boone. Moporotesetanta a ka nna a bolela gore ene o bolokilwe kwa pokanong ya tsosoloso. Mokatoliki ene o leka go nna le kamano le Modimo ka go ya Mmiseng. Mo-Buddha ene o batla go sedifaletswa dilo ka go tlhatlhanya. Mme Mo-Hindu o leka go tswa mo go tsalweng sesha gantsintsi ka go itshotla. A dilo tseno tsotlhe ke tsone tse di dirang gore motho a rate dilo tsa bomodimo? A go na le nngwe ya tsone e e ka thusang?

Ba le bantsi ba araba dipotso tseo ka gore nnyaa. Ba bolela gore go rata dilo tsa bomodimo go raya go “dumela mo Modimong mme o sa ikamanye le bodumedi bope.” Ba bangwe bone ba gatelela gore batho ba ba batlang go nna le bokao jwa mmatota mo botshelong le kagiso ya mogopolo ga ba tlhoke go nna badumedi kana go amana ka gope le dilo tsa bomodimo. Mme go na le moo, ba tlhoka fela go tlhoma mogopolo mo maikutlong a bone a a kwa tengteng. Mokwadi mongwe a re, go nna le bokao jwa mmatota mo botshelong “ke sengwe se motho a ka se fitlhelelang mo maikutlong a gagwe a a kwa tengteng. Ke tsela e motho a ratang ka yone le go amogela lefatshe le batho ba ba mo dikologileng. Ga se selo se se ka bonwang mo kerekeng kana ka go dumela mo bodumeding bongwe.”

Ga go pelaelo gore dikgopolo tsa batho di farologana thata mo kgannyeng ya go rata dilo tsa bomodimo. Dibuka di le dintsi di bolela gore di na le tsela e e ka thusang batho go rata dilo tsa bomodimo, mme gantsi batho ba sala ba ntse ba sa kgotsofala e bile ba tlhakane tlhogo le go feta fa ba fetsa go di bala. Le fa go ntse jalo, go na le buka nngwe e e nang le kaelo e e ikanyegang e e malebana le dilo tsa bomodimo. Ke buka e go nang le bosupi jwa gore e tlhotlheleditswe ke Modimo. (2 Timotheo 3:16) Mma re boneng gore buka eo, e leng Baebele, ya re go rata dilo tsa bomodimo go bolelang mme go botlhokwa go le kae.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]

COVER: Background: © Mark Hamblin/​age fotostock

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela