LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w07 8/1 ts. 31
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dafide le Saulo
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Lebaka La go Bo Dafide a Tshwanetse go Tshaba
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Dintlha Tsa 1 Samuele
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • “Go Utlwa go Botoka Go na Le Setlhabelo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
w07 8/1 ts. 31

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ke ka ntlha yang fa Kgosi Saulo a ne a botsa Dafide a re, “O morwa mang, mosimane?” fa Dafide a sena go bolaya Goliathe, mme e le gore Saulo o ne a kile a bitsa Dafide gore a tle go nna motlhankedi wa gagwe?—1 Samuele 16:22; 17:58.

Go ka nna motlhofo go araba fela ka go re Saulo o ne a lebetse gore Dafide ke mang ka gonne ba ne ba kopane ka nako e khutshwane. Mme ga go lebege go le jalo ka gonne pego e e mo go 1 Samuele 16:18-23 e bontsha gore Kgosi Saulo o ne a romile ka tlhamalalo gore Dafide a tlisiwe kwa go ene mme a mo rata thata a ba a mo dira motsholadibetsa wa gagwe. Saulo o tshwanetse a bo a ne a itse Dafide sentle.

Bakanoki bangwe ba Baebele ba tsaya gore 1 Samuele 17:12-31 le 17:55–18:5 di tshwanetse tsa bo di ile tsa tsenngwa moragonyana ka gonne ditemana tseno ga di yo mo dikhoping dingwe tsa Septuagint ya Segerika, thanolo ya Dikwalo tsa Sehebera e e weditsweng ka lekgolo la bobedi la dingwaga B.C.E. Le fa go ntse jalo, ga go botlhale go dira tshwetso e e ntseng jalo go ikaegilwe fela ka dikhopi tseno tsa thanolo ya Septuagint, ka gonne ditemana tseno di teng mo mekwalong e mengwe e e tsewang e le boammaaruri ya Dikwalo Tsa Sehebera.a

Go bonala sentle gore, fa Saulo a ne a botsa Abenere, go tswa foo a bo a botsa Dafide ka boene, o ne a sa batle fela go itse leina la ga rraagwe Dafide. Fa Saulo a sena go bona botho jo bongwe jwa ga Dafide, gore ke motho wa tumelo le bopelokgale yo o neng a sa tswa go fenya Goliathe, o ne a batla go itse gore mosimane yono o godisitswe ke motho yo o ntseng jang. Saulo o ka tswa a ne a akantse go dira gore rraagwe Dafide, Jese, kgotsa maloko a mangwe a lelapa la gagabo a tsene mo sesoleng, ka gonne le bone ba ka tswa ba le pelokgale jaaka Dafide.

Le fa 1 Samuele 17:58 e na le karabo e khutshwanyane fela ya ga Dafide a re, “morwa motlhanka wa gago Jese wa Mobethelehema,” mafoko a a latelang morago ga moo a bontsha gore ba ka tswa ba tlotlile se se fetang seo. Mo ntlheng eno, ela tlhoko se se buiwang ke C. F. Keil le F. Delitzsch: “Mafoko a a mo go [1 Samuel 18:1] a a reng, ‘fa a sena go digela go bua le Saulo,’ a bontsha sentle gore Saulo o ne a tlotla le ene mo go oketsegileng ka dikgang tsa lelapa la gagabo ka gonne one mafoko ano a bontsha gore go ne go nnile le motlotlo o moleele.”

Go ya ka seno sotlhe, re ka swetsa ka gore fa Saulo a botsa a re, “O morwa mang, mosimane?” o ne a sa batle go itse leina la ga Dafide, ka a ne a setse a le itse, mme o ne a batla go itse gore Dafide o tswa mo lelapeng le le ntseng jang.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Fa o batla go bona gore mafoko a a sa tsenngwang mo thanolong ya Septuagint a boammaaruri go le kae, bona Insight on the Scriptures, Bolumo 2, tsebe 855, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Ke ka ntlha yang fa Saulo a ne a botsa Dafide gore ke morwa mang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela