LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w07 9/15 ts. 3
  • Ke Eng fa Modimo a Letlelela Boikepo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng fa Modimo a Letlelela Boikepo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng Fa Modimo O Letlile Pogo Gore E Tswelele?
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • Jeremia 11:11—‘Ke Tla Tlisa Bosula mo go Bone’
    Ditemana Tsa Baebele di a Tlhalosiwa
  • Molemo Kgatlhanong le Bosula—Ntwa E E sa Bolong go Loa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • A Molemo O Tla Tsamaya O Fenya Bosula?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
w07 9/15 ts. 3

Ke Eng fa Modimo a Letlelela Boikepo?

GONGWE le gongwe fela kwa o lebang teng go tletse bosula le pogo. Dintwa di bolaya batho ba e seng masole mmogo le masole. Bokebekwa le thubakanyo di aname. Gongwe bosheng o kile wa tshwarwa ka tsela e e bontshang letlhoo kana ka tsela e e sa siamang. Ka ntlha ya se o se boneng le se se go diragaletseng, gongwe o boditse jaana, ‘Ke eng fa Modimo a letlelela boikepo?’

Batho ba bantsi ba boditse potso eo. Dingwaga di ka nna 3 600 tse di fetileng, motlhanka mongwe yo o ikanyegang wa Modimo yo o bidiwang Jobe o ne a botsa a re: “Ke ka ntlha yang fa baikepi ba tswelela ba tshela?” (Jobe 21:7) Ka gonne moporofeti Jeremia, yo o tshedileng mo lekgolong la bosupa la dingwaga B.C.E., a ne a tshwentswe ke ditiro tse di bosula tsa batho ba gagabo, o ne a botsa a re: “Ke ka ntlha yang fa tsela ya baikepi e atlegile, fa botlhe ba ba dirang boferefere ba sa tshwenyege?” (Jeremia 12:1) Jobe le Jeremia ba ne ba itse gore Modimo o siame. Le fa go ntse jalo, ba ne ba ipotsa gore ke ka ntlha yang fa go na le boikepo jo bo kanakana. Gongwe le wena seno se a go akabatsa.

Batho bangwe ba pega Modimo molato ka ntlha ya boikepo le pogo tse di leng teng. Ba bangwe ba ipotsa jaana: ‘Fa e le gore Modimo o maatla otlhe, o siame e bile o lorato, ke ka ntlha yang fa a sa fedise bosula le pogo? Ke eng fa a letlile gore bosula bo tswelele go tla go fitlha gompieno?’ Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tseno le tse dingwe tsa botlhokwa.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

AP Photo/Adam Butler

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela