LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w08 1/1 ts. 26
  • Petere o Itatola Jesu

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Petere o Itatola Jesu
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Senngwa ga Sodoma le Gomora
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Jesu o Fodisa Batho ka Kgakgamatso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Jesu o Gakgamatsa Bareetsi ba Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Jesu o Emelana le Thaelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
w08 1/1 ts. 26

Tsa Basha

Petere o Itatola Jesu

Ditaelo: Direla porojeke eno mo lefelong le le didimetseng. Fa o ntse o bala ditemana, akanya o na le seabe mo go se se diregang. Bona tiragalo eo ka leitlho la mogopolo. Utlwa mantswe. Ikutlwe kafa batsayakarolo ba konokono ba ikutlwang ka gone.

AKANYA KA KELOTLHOKO KA LEFELO LE TIRAGALO EO E DIREGANG MO GO LONE.—BALA MATHAIO 26:31-35, 69-75.

O akanya gore go ne go na le batho ba le kae mo lefelong leo?

․․․․․

A o akanya gore batho ba ba neng ba bua le Petere ba ne ba le botsalano? ba batla go itse? ba galefile? kgotsa ba na le boikutlo jo bongwe?

․․․․․

O akanya gore Petere o ne a ikutlwa jang fa a ntse a botsolodiwa?

․․․․․

Ke ka ntlha yang fa Petere a ile a itatola Jesu? A o ne a sa mo rate kgotsa a na le lebaka le lengwe?

․․․․․

DIRA DIPATLISISO TSE DI OKETSEGILENG.—BALA LUKE 22:31-34; MATHAIO 26:55-58; JOHANE 21:9-17.

Go itshepa go feta tekano ga ga Petere go ka ne go ile ga nna le seabe jang mo go reng a dire phoso?

․․․․․

Jesu o ne a bontsha jang gore o ikanya Petere, le fa a ne a itse gore Petere o ne a tla kgopega ka nakwana?

․․․․․

Le fa Petere a ne a itatola Jesu, o ne a bontsha ka tsela efe gore o ne a le pelokgale go feta barutwa ba bangwe?

․․․․․

Jesu o ne a bontsha jang gore o itshwaretse Petere?

․․․․․

O akanya gore ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a botsa Petere ka makgetlo a le mararo jaana: “A o a nthata?”

․․․․․

O akanya gore Petere o ne a ikutlwa jang fa a sena go tlotla le Jesu ka kgang eno, mme ka ntlha yang?

․․․․․

DIRISA SE O SE ITHUTILENG. KWALA SE O SE ITHUTILENG KA . . .

Go boifa batho.

․․․․․

Tsela e Jesu a neng a utlwela barutwa ba gagwe botlhoko ka yone, le fa ba dirile phoso.

․․․․․

Ke eng se se botlhokwa thata mo go wena ka pego eno, mme ka ntlha yang?

․․․․․

․․․․

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela