Thusa Ngwana wa Gago go Itshokela Kutlobotlhoko
MMÈ mongwe yo o neng a galefile o ne a goeletsa morekisi mo lebenkeleng le le tlhanaselang le le rekisang dibuka, a re: “Lebenkele la lona le tletse ka dibuka mme ga ga go epe ya tsone e e ka thusang ngwanake!” Mmè yono o ne a batla sengwe se se ka mo kaelang gore a thuse morwawe yo mmotlana go itshokela loso lwa tshoganyetso lwa mongwe wa losika.
Mmè yono o ne a na le lebaka le le utlwalang la go betwa ke pelo. Ruri go ngomola pelo fa ngwana yo monnye a swelwa ke mongwe yo a mo ratang! Bana ba gola sentle fa ba tlhokometswe ke ba lelapa, le fa go ntse jalo, loso lo kgona go ba amoga mongwe yo ba mo ratang thata. Fa o le motsadi, o ka thusa jang ngwana wa gago fa mongwe yo a mo ratang a le gaufi le go swa kgotsa a sa tswa go swa?
Gone mme, fa o swetswe ke mongwe yo o mo ratang, o ka nna wa fitlhela go le thata go lwantshana le maikutlo a gago; o ka nna wa ikutlwa o tlaletswe thata e bile o akantse thata ka tatlhegelo ya gago. Le fa go ntse jalo, o se ka wa lebala gore ngwana wa gago o tlhoka gore o mo eme nokeng. Kgatiso nngwe e e neng ya anamisiwa ke bookelo bongwe jo bo tlhokomelang batho ba ba lwalang thata jwa kwa Minnesota, U.S.A., ya re: “Bana ba ka nna ba utlwa batho ba bua ka sengwe mme gantsi ba bo ba sa se tlhaloganye sentle kgotsa ba bo ba nna le mogopolo o o sa siamang ka sone.” Gape e tswelela ka go re: “Bana ba tshwanetse go bolelelwa boammaaruri.” Ka jalo, go ka nna botlhale gore o bolelele ngwana wa gago boammaaruri ka tsela e e leng gore o tla bo tlhaloganya ka yone o ntse o akanyetsa dingwaga tsa gagwe. Seno se ka nna thata ka gonne bana ba ka nna ba farologana thata ka bokgoni jo ba nang le jone jwa go tlhaloganya se se diragetseng.—1 Bakorintha 13:11.
Kafa o ka Tlhalosang Loso ka Gone
Babatlisisi bangwe ba re batsadi ba tshwanetse go nna kelotlhoko gore ba se ka ba dirisa mafoko a a jaaka “o robetse,” “o re tlogetse,” kgotsa “o ile” fa ba bua le ngwana ka loso. Go dirisa mafoko a a tshwanang le ao o sa tlhalose bokao jwa one go ka tlhakanya ngwana tlhogo. Ke boammaaruri gore Jesu o ne a tshwantshanya loso le boroko mme go ne go tshwanela mo bathong ba a neng a bua le bone. Mme gone, se lebale gore o ne a sa bue le bana. Mo godimo ga moo, o ne a tlhalosa se a neng a se kaya. Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Lasaro tsala ya rona o ile go ikhutsa.” Le fa barutwa ba gagwe e ne e le bagolo, “ba ne ba ithaya ba re [Jesu] o ne a bua ka ga go ikhutsa mo borokong.” Ka jalo, Jesu o ne a tlhalosa kgang eo sentle a re: “Lasaro o sule.” (Johane 11:11-14) Fa bagolo ba ne ba tlhoka go tlhalosediwa jalo, go tweng ka bana?
Mary Ann Emswiler le James P. Emswiler ba e leng bakwadi ba re: “Motsadi a ka nna a leka go dirisa mafoko a a motlhofo fa a tlhalosetsa ngwana ka loso, mme fa a dira jalo, a ka nna a tsenya ngwana megopolo e e tshosang le e e kotsi e a neng a se na yone.” Ka sekai, fa o bolelela ngwana yo monnye gore mongwe yo a mo ratang yo o tlhokafetseng o robetse, seno se ka dira gore a tshabe go robala bosigo a boifa gore a ka nna a se ka a tlhola a tsoga gape. Fa a bolelelwa fela gore motho yo o tlhokafetseng “o ile” a ka nna a akanya gore motho yoo o mo tlhokomologile kgotsa o mo latlhile.
Fa batsadi ba ne ba leka go tlhalosetsa ngwana ka loso, bontsi jwa bone ba fitlhetse gore bana ba tlhaloganya ka bonako mafoko a a sa raraanang go feta dikgopolo tse ba sa kgoneng go di tlhaloganya kgotsa mafoko a phefofatso. (1 Bakorintha 14:9) Babatlisisi ba akantsha gore o kgothaletse ngwana wa gago go botsa dipotso le go bua ka dilo tse di mo tshwenyang. Go bua ka kgang eno ka metlha go ka nna ga go thusa go tlhalosa dilo tse a sa di tlhaloganyang le go go bontsha ditsela dingwe tse o ka thusang ngwana wa gago ka tsone.
Motswedi O o Ka Ikanngwang wa Kaelo
Ka nako ya khutsafalo, ngwana wa gago o tla tlhoka gore o mo kaele, o mo eme nokeng le go araba dipotso tsa gagwe. Ka jalo, o ka bona kae tshedimosetso e e ka ikanngwang ka kgang eno ya loso? Batho ba le bantsi ba fitlhetse gore Baebele ke motswedi o o ka ikanngwang wa kgomotso le wa tsholofelo. E re naya tshedimosetso e e boammaaruri ya gore loso lo simologile jang, boemo jwa baswi le tsholofelo ka baswi. Boammaaruri jo bo sa raraanang jwa gore “baswi . . . ga ba itse sepe gotlhelele” bo tshwanetse go thusa ngwana wa gago gore a lemoge gore motho yo o tlhokafetseng yo a mo ratang ga a boge. (Moreri 9:5) Mo godimo ga moo, mo Baebeleng, Modimo o re naya tsholofelo ya gore kwa lefatsheng la paradaise re tla bona gape baratiwa ba rona ba ba suleng.—Johane 5:28, 29.
Fa o dirisa Dikwalo tse di Boitshepo, o ka kgona go thusa ngwana wa gago go ithuta gore Baebele e naya kaelo e e ka ikanngwang le kgomotso mo maemong mangwe le mangwe a a ngomolang pelo. Gape ngwana wa gago o bona gore le wena o ikaegile ka Lefoko la Modimo gore le go kaele mo dikgannyeng tsa botlhokwa mo botshelong.—Diane 22:6; 2 Timotheo 3:15.
Dipotso Tsa Gago di a Arabiwa
O ka nna wa lebana le maemo a o sa itseng gore o direng mo go one fa o ntse o leka go thusa ngwana wa gago go itshokela loso lwa mongwe yo a mo ratang. O ka dira eng?a Mma re sekasekeng dingwe tsa dipotso tse o ka nnang wa ipotsa tsone.
• A ke tshwanetse go fitlhela ngwanake kutlobotlhoko ya me? Ke ga tlholego gore o batle go sireletsa ngwana wa gago. Mme gone, a go phoso gore ngwana wa gago a go bone o hutsafetse ka ntlha ya go swelwa ke mongwe yo o mo ratang? Batsadi ba le bantsi ba go fitlhetse go le molemo gore ba se ka ba fitlha khutsafalo ya bone, mme bana ba kgona go bona gore ga go phoso go utlwa botlhoko. Batho bangwe ba ne ba bua le bana ba bone ka dikai tsa mo Baebeleng tsa batho ba ba neng ba se ka ba fitlha khutsafalo ya bone. Ka sekai, Jesu o ne a lela fa tsala ya gagwe e a e ratang thata Lasaro e ne e swa. Ga a ka a fitlha maikutlo a gagwe.—Johane 11:35.
• A go siame gore ngwanake a nne teng kwa tirelong ya phitlho? Fa e le gore ngwana o tlile go nna teng kwa phitlhong, go molemo gore o mo tlhalosetse pele gore go tlile go direga eng le lebaka la go bo go na le tirelo ya phitlho. Ke boammaaruri gore mo maemong a mangwe, batsadi ba ka nna ba bona go le molemo gore bana ba bone ba se ka ba nna teng mo ditirelong tse di amanang le phitlho. Bana ba ba nnang teng mo ditirelong tsa phitlho tse di tshwarwang ke Basupi ba ga Jehofa ba ka nna ba solegelwa molemo ke puo e e neelwang e e theilweng mo Baebeleng. Gape “lorato lwa bopelonomi” lo batho ba ba tlileng tirelong ya phitlho ba lo bontshang lo ka ama pelo le go gomotsa thata, tota le mo baneng.—Baroma 12:10, 15; Johane 13:34, 35.
• A ke tshwanetse go bua le ngwanake ka motho yo re mo ratang yo o tlhokafetseng? Babatlisisi bangwe ba re fa o tila go bua ka kgang eno gotlhelele ngwana wa gago a ka nna le mogopolo o o phoso wa gore o mo fitlhela sengwe ka motho yo o tlhokafetseng kgotsa o leka go lebala motho yoo gotlhelele. Mokwadi mongwe yo o bidiwang Julia Rathkey a re: “Go botlhokwa go thusa bana gore ba nne ba gopola motho yoo mme ba se ka ba mmoifa.” Go bua ka kgololesego ka motho yo o tlhokafetseng, le go umaka dilo tse di molemo ka botho jwa gagwe le ka botshelo jwa gagwe go ka nna ga thusa mo nakong eo ya khutsafalo. Batsadi ba Basupi ba gomotsa bana ba bone ka tsholofelo e e mo Baebeleng ya gore baswi ba tla tsogela mo lefatsheng la paradaise mo bolwetse le loso di tla bong di sa tlhole di le gone.—Tshenolo 21:4.
• Nka thusa jang ngwanake mo khutsafalong ya gagwe? Ngwana wa gago a ka nna a lwala fa a ntse a hutsafaletse mongwe yo o tlhokafetseng. A ka nna a galefa kgotsa a tshwenyega gonne a sa itse gore a dire eng e bile a tlaletswe. Se gakgamale fa o bona a tshwenngwa ke go ikutlwa a le molato, a sa batle go kgaogana le wena kgotsa a tshwenyega fa o goroga thari mo lapeng kgotsa o lwala. O ka lebana jang le maemo ano? Le ka motlha ngwana wa gago ga a tshwanela go nna le maikutlo a gore ga o lemoge gore o utlwile botlhoko. Ka jalo, ntsha matlho dinameng mme o ele maemo tlhoko. Nna kelotlhoko gore o se ka wa tlhaetsa matlho tsela e loso lo mo amileng ka yone. Mo kgothatse ka metlha, mme o mo rotloetse go go botsa dipotso le go buisana le wena ka kgololesego. O ka nonotsha tsholofelo ya ngwana wa gago—mmogo le ya gago—“ka kgomotso ya Dikwalo.”—Baroma 15:4.
• Ke leng nka boelang mo thulaganyong ya ka metlha ya lelapa le mo ditirong tse dingwe? Baitse bangwe ba re o leke kafa o ka kgonang ka gone go tswelela ka dithulaganyo tse di farologaneng tsa ka metlha. Go bolelwa gore mokgwa mongwe o o ka thusang go laola kutlobotlhoko ke ka go boloka thulaganyo e e molemo ya ka metlha. Batsadi ba bantsi ba Basupi ba ga Jehofa ba fitlhetse gore go nna le thulaganyo e e molemo ya dilo tsa semoya, e e akaretsang thuto ya ka metlha ya lelapa ya Baebele le go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete, go ka nonotsha lelapa fela thata.—Duteronome 6:4-9; Bahebera 10:24, 25.
Gangwe le gape bana ba tla lebana le masetlapelo a a bakwang ke loso go fitlha ka nako e Jehofa Modimo a tla bong a fedisitse bolwetse le loso. (Isaia 25:8) Le fa go ntse jalo, fa bana ba kgothadiwa ka tshwanelo le go engwa nokeng ba ka thusiwa gore ba kgone go itshokela loso lwa mongwe yo ba mo ratang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Maikaelelo a tshedimosetso e e mo setlhogong seno ga se go go tlhomela melao. Re tshwanetse go lemoga gore maemo le ditlwaelo di farologana thata go ya ka dinaga le ditso.
[Mafoko a a mo go tsebe 19]
Kgothaletsa ngwana wa gago gore a go botse dipotso le go bua ka dilo tse di mo tshwenyang
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Nna le thulaganyo ya ka metlha, e e akaretsang thuto ya lelapa ya Baebele