LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w08 7/1 ts. 30
  • A go Phoso go Dirisa Leina la Modimo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A go Phoso go Dirisa Leina la Modimo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Leina la Modimo—Tsela e le Dirisiwang ka Yone Le se Le se Kayang
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Jehofa
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Leina la Modimo
    Tsogang!—2017
  • A go Phoso go Bitsa Leina la Modimo?
    Tsogang!—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
w08 7/1 ts. 30

A go Phoso go Dirisa Leina la Modimo?

MO DIKWALONG TSA SEHEBERA, tse gantsi di bidiwang “Tesetamente e Kgologolo,” leina la Modimo le tlhaga makgetlo a ka nna 7 000 ka tsela eno יהוה (le balwa go tloga kafa mojeng go ya kwa molemeng). Seno se raya gore leina la Modimo le gantsi le ranolwang go twe YHWH, le emelwa ke ditlhaka di le nnè tsa Sehebera e leng Yohdh, He, Waw, le He.

Bogologolo Bajuda ba ne ba na le kgopolo ya gore go phoso go dirisa leina la Modimo. Ka ntlha ya seo, ba ne ba gana go le bitsa, mme mo dibukeng tsa bone, ba ne ba simolola go dirisa maina a mangwe mo boemong jwa lone. Le fa go ntse jalo, baranodi ba le bantsi ba Baebele ba dirisitse leina “Yahweh,” kgotsa “Jehofa.” Nngwe ya dithanolo tse di dirang jalo ke Jerusalem Bible ya Katoliki. Go ya ka thanolo eno, fa Moshe a ne a botsa Modimo gore o tshwanetse go araba jang fa Baiseraele ba ne ba ka mmotsa gore o romilwe ke mang kwa go bone, Modimo o ne a re: “O tla raya bomorwa Iseraele o re, ‘Yahweh, Modimo wa borraalona, Modimo wa ga Aborahame, Modimo wa ga Isake le Modimo wa ga Jakobe, o nthomile kwa go lona.’ Leno ke leina la me ka dinako tsotlhe; mme ke tla rapelwa ka leina leno ke dikokomana tsotlhe tse di tla nnang teng.”—Ekesodo 3:15.

Fa Jesu a ne a rapela, o ne a bua jaana malebana le go dirisiwa ga leina la Modimo: “Ke ba itsisitse leina la gago e bile ke tla tswelela ke le itsise. Mme mo thapelong e gantsi e itsegeng e le Rara wa Rona, Jesu o ne a re: “Rraarona yo o kwa legodimong, a leina la gago le nne boitshepo.”—Johane 17:26; Mathaio 6:9, JB.

Ka jalo, o ka nna wa gakgamala go lemoga gore mo bukeng ya ga Mopapa Benedict XVI ya bosheng e e bidiwang Jesus of Nazareth, o ne a bua jaana malebana le go dirisa leina la Modimo: “Baiseraele ba ne ba . . . dira sentle fa ba ne ba gana go bitsa leina leno le Modimo a ipitsang ka lone, le le tlhalosiwang mo mafokong a a reng YHWH, e le go tila go le tlontlolola jaaka maina a medingwana ya boheitane. Ka tsela e e tshwanang, dithanolo tsa bosheng tsa Baebele di ne di le phoso go dirisa leina leno—le ka dinako tsotlhe Baiseraele ba neng ba le leba e le masaitseweng e bile e le le le ka se kang la bidiwa—jaaka e kete e ne e le leina lengwe la bogologolo.”

Wena o akanya eng? A go siame kgotsa go phoso go dirisa leina la Modimo? Fa Jehofa ka boene a re: “Leno ke leina la me ka dinako tsotlhe; mme ke tla rapelwa ka leina leno ke dikokomana tsotlhe tse di tla nnang teng,” a go na le mongwe yo o tshwanetseng go ganetsana le ene?

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Jesu o ne a dirisa leina la Modimo fa a rapela

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela