LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w08 7/1 ts. 31
  • Kgalefo ya ga Kaine

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgalefo ya ga Kaine
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Senngwa ga Sodoma le Gomora
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Jesu o Fodisa Batho ka Kgakgamatso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Jesu o Gakgamatsa Bareetsi ba Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Jesu o Emelana le Thaelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
w08 7/1 ts. 31

Tsa Basha

Kgalefo ya ga Kaine

Ditaelo: Direla porojeke eno mo lefelong le le didimetseng. Fa o ntse o bala ditemana, akanya o na le seabe mo go se se diregang. Bona tiragalo eo ka leitlho la mogopolo. Utlwa mantswe. Ikutlwe kafa batsayakarolo ba konokono ba ikutlwang ka gone. Dira gore pego eno e nne le botshelo.

AKANYA KA KELOTLHOKO KA LEFELO LE TIRAGALO EO E DIREGANG MO GO LONE.—BALA GENESISE 4:1-12.

Fa o akanya, o ne o tla tlhalosa jang tsela e Kaine a neng a lebega ka yone le botho jwa gagwe? Abele ene o ne a ntse jang?

․․․․․

Ke ‘ditiro dife tsa nama’ tse di neng di bonala mo go Kaine mme re itse seo jang? (Bagalatia 5:19-21)

․․․․․

DIRA DIPATLISISO TSE DI OKETSEGILENG.—BALA TEMANA 4-7 GAPE.

A Jehofa o ne a amogela ditlhabelo fela kgotsa o ne a sa di amogele, kgotsa a go ne go na le se sengwe gape se sele? (Diane 21:2)

․․․․․

Ke mo maemong afe a mo go one go siameng go galefa mme ke ka ntlha yang fa go ne go sa siama gotlhelele gore Kaine a ‘tuke bogale’?

․․․․․

Ke leng go siameng go nna lefufa mme ke ka ntlha yang fa mo kgannyeng ya ga Kaine go ne go sa tshwanela? (1 Dikgosi 19:10)

․․․․․

Ke dilo dife tse Kaine a tshwanetseng a ka bo a ne a di dirile gore ‘a fenye’ kgalefo ya gagwe?

․․․․․

DIRISA SE O SE ITHUTILENG. KWALA SE O SE ITHUTILENG KA . . .

Go galefa.

․․․․․

Lefufa.

․․․․․

Kafa o ka ‘fenyang’ mekgwa e e bosula ka gone.

․․․․․

KE KAROLO EFE YA PEGO ENO E O E RATANG THATA, MME KA NTLHA YANG?

․․․․․

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela