Se re Ithutang Sone mo go Jesu
Kafa re ka Tshwarang ba Bangwe ka Gone
Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna pelonomi?
A o pelonomi le fa batho ba bangwe ba sa go bontshe bopelonomi? Fa re batla go etsa Jesu, re tshwanetse go nna pelonomi tota le mo bathong ba ba re tlhoileng. Jesu o ne a re: “Fa lo rata ba ba lo ratang, go na le tlotlo efe mo go lona? Gonne le e leng baleofi ba rata ba ba ba ratang . . . Go na le moo, tswelelang lo rata baba ba lona . . . , mme lo tla nna bomorwa Mogodimodimo, ka gonne o pelonomi mo go ba ba sa lebogeng le ba ba boikepo.”—Luke 6:32-36; 10:25-37.
Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go itshwarela ba bangwe?
Fa re dira diphoso, re batla gore Modimo a re itshwarele. Jesu o ne a ruta gore re tshwanetse go rapela Modimo gore a re itshwarele. (Mathaio 6:12) Le fa go ntse jalo, gape o ne a re Modimo o tla re itshwarela fa fela re itshwarela ba bangwe. O ne a re: “Gonne fa lo itshwarela batho ditlolo tsa bone, Rraalona wa selegodimo le ene o tla lo itshwarela; mme fa lo sa itshwarele batho ditlolo tsa bone, le Rraalona ga a na go itshwarela ditlolo tsa lona.”—Mathaio 6:14, 15.
Malapa a ka itumela jang?
Le fa Jesu a ne a sa nyala, re ka ithuta go le gontsi mo go ene gore re ka dira jang gore botshelo jwa lelapa e nne jo bo itumedisang. O ne a re tlhomela sekao se re ka se latelang ka tsela e a neng a bua le go itshwara ka yone. Akanya ka dintlha tse tlhano tse di latelang:
1. Monna o tshwanetse go rata mosadi wa gagwe jaaka mmele wa gagwe. Jesu o ne a tlhomela banna sekao. O ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Ke lo naya taelo e ntšha, ya gore lo ratane.” Go ya bokgakaleng bofe? O ne a re: “Fela jaaka ke lo ratile.” (Johane 13:34) Fa Baebele e dirisa molaomotheo ono mo banneng ya re: “Banna, tswelelang lo rate basadi ba lona, fela jaaka Keresete le ene a ne a rata phuthego a ba a ineela ka ntlha ya yone . . . Ka tsela eno banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone. Yo o ratang mosadi wa gagwe o a ithata, gonne ga go motho ope yo o kileng a tlhoa nama ya gagwe; mme o a e fepa a ba a e ngomaela, jaaka Keresete le ene a dira phuthego jalo.”—Baefeso 5:25, 28, 29
2. Banyalani ba tshwanetse go ikanyega mongwe mo go yo mongwe. Go tlhakanela dikobo le motho yo o sa nyalanang le ene ke go leofela Modimo e bile go senya malapa. Jesu o ne a re: “A lo ne lwa se ka lwa bala . . . ‘Ka lebaka leno monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe, mme bobedi jono bo tla nna nama e le nngwe’? Mo e leng gore ga ba tlhole ba le babedi, mme ke nama e le nngwe. Jalo, se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye. . . . Ke a lo raya ka re le fa e le mang yo o tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka lebaka la kgokafalo, mme a nyala yo mongwe o dira boaka.”—Mathaio 19:4-9.
3. Bana ba tshwanetse go ikobela batsadi ba bone. Fa Jesu a ne a sa ntse a le ngwana, o ne a ikobela batsadi ba gagwe le fa ene a ne a itekanetse mme bone ba sa itekanela. Baebele e bua jaana ka Jesu fa a ne a na le dingwaga di le 12: “A fologa le bone [batsadi ba gagwe] a tla mo Nasaretha, a tswelela a le mo taolong ya bone.”—Luke 2:51; Baefeso 6:1-3.
Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dirisa melaometheo eno?
Jesu o ne a bua jaana malebana le dithuto tse a neng a di ruta barutwa ba gagwe: “Fa lo itse dilo tseno, lo a itumela fa lo di dira.” (Johane 13:17) Gore re nne Bakeresete ba boammaaruri, re tshwanetse go dirisa kgakololo e Jesu a re nayang yone ya kafa re ka tshwarang ba bangwe ka gone. O ne a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.”—Johane 13:35.
Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 14 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng?a
[Ntlha e e kwa tlase]
a E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.
[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]
Setshwantsho sa ga Jesu se se ka ga morwa sesenyi se re ruta botlhokwa jwa go nna pelonomi le go itshwarela.—Luke 15:11-32
[Setshwantsho mo go tsebe 17]
Banyalani ba tshwanetse go ikanyega mongwe mo go yo mongwe