LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w08 8/1 ts. 24-25
  • Samuele O ne A Nna a Dira se se Siameng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Samuele O ne A Nna a Dira se se Siameng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Samuele O ne A Tswelela a Dira se se Siameng
    Ruta Bana ba Gago
  • Mosimanyana o Direla Modimo
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • O ne “A Tswelela a Gola fa Pele ga ga Jehofa”
    Etsa Tumelo ya Bone
  • O ne “A Tswelela a Gola fa Pele ga ga Jehofa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
w08 8/1 ts. 24-25

Ruta Bana ba Gago

Samuele O ne A Nna a Dira se se Siameng

A O TLE o bone batho ba bangwe ba dira dilo tse di sa siamang?—a Samuele o ne a tle a ba bone. O ne a nna mo lefelong le o neng o ka se lebelele gore batho ba dire dilo tse di sa siamang mo go lone. E ne e le kwa motlaaganeng wa Modimo, kgotsa lefelo la kobamelo, kwa motseng wa Shilo. A re bone kafa motlaagana o ileng wa nna legae la ga Samuele ka teng dingwaga tse 3 000 tse di fetileng.

Pele ga Samuele a tsholwa, mmaagwe e bong Hana o ne a eletsa thata go nna le ngwana. Fa Hana a ne a etetse kwa motlaaganeng, o ne a rapela Modimo ka kgang eno. O ne a rapela ka tlhoafalo thata jaana mo dipounama tsa gagwe di neng tsa bo tsa roroma. Seno se ile sa dira gore moperesiti yo mogolo, Eli, a akanye gore o tagilwe. Mme e rile Eli a lemoga gore ga a tagwa go na le moo o utlwile botlhoko thata, o ne a mo segofatsa, a mo raya a re: “E kete Modimo wa Iseraele a ka go naya kopo e o e kopileng mo go ene.”—1 Samuele 1:17.

Moragonyana, Samuele o ne a tsholwa, mme Hana o ne a itumetse thata jaana mo a ileng a raya monna wa gagwe e bong Elekana a re: ‘Fela fa ke sena go kgwisa Samuele, ke tlile go mo isa kwa motlaaganeng gore a direle Modimo a le koo.’ O ne a dira fela jalo! Ka nako eo, Samuele a ka tswa a ne a na le dingwaga di le nnè kana di le tlhano.

Eli o ne a setse a tsofetse, mme barwa ba gagwe, e bong Hofeni le Finease, ba ne ba sa obamele Jehofa ka tsela e e siameng. E bile ba ne ba dira boitsholo jo bo sa siamang le basadi ba ba neng ba etela motlaagana! O akanya gore rraabone a ka bo a dirile eng?— Ee, a ka bo a ba kgalemetse mme a sa ba letla go dira dilo tseo tse di maswe.

Samuele yo mmotlana o ne a ntse a gola kwa motlaaganeng, mme a ka tswa a ne a itse ka mekgwa e e sa siamang ya barwa ba ga Eli. A Samuele o ile a latela mekgwa ya bone e e sa siamang?— Nnyaa, o ne a tswelela a dira se se siameng, fela jaaka batsadi ba gagwe ba mo rutile. Le fa go ntse jalo, ga go gakgamatse, go bo Jehofa a ile a galefela Eli. O ne a ba a romela moporofeti gore a bolelele Eli kafa a tlileng go otlhaya lelapa la gagwe ka teng, segolobogolo barwa ba gagwe ba ba bosula.—1 Samuele 2:22-36.

Samuele o ne a tswelela a direla le Eli kwa motlaaganeng. Bosigo bongwe fa Samuele a robetse, o ne a utlwa lentswe le bitsa leina la gagwe. Ka jalo, Samuele o ne a tabogela kwa go Eli mme Eli a mo raya a re ga a ise a mmitse. Seo se ne sa boa sa diragala gape. Morago ga gore seo se diragale lekgetlo la boraro, Eli o ne a bolelela Samuele gore a arabe a re: “Bua, Jehofa, gonne motlhanka wa gago o reeditse.” Fa Samuele a sena go bua jalo, Jehofa o ne a bua le ene. A o itse gore ke eng se Jehofa a neng a se bolelela Samuele?—

Modimo o ne a bolelela Samuele gore o ne a tlile go otlhaya lelapa la ga Eli. Mo mosong o o latelang Samuele o ne a boifa go bolelela Eli se Jehofa a se buileng. Mme Eli a kopa Samuele jaana: ‘Tsweetswee o se ka wa mphitlhela.’ Ka jalo, Samuele o ne a feleletsa a boleletse Eli sengwe le sengwe se Jehofa a ileng a re o tla se dira—fela jaaka moporofeti wa ga Jehofa a ile a bolelela Eli pelenyana. Eli o ne a araba jaana: “A [Jehofa] a dire se se molemo mo matlhong a gagwe.” Kgabagare, Hofeni le Finease ba ile ba bolawa, mme Eli le ene o ile a swa.—1 Samuele 3:1-18.

Ka nako eo, “Samuele a tswelela pele a gola, mme Jehofa ka nosi a itshupa a na le ene.” Go ka direga gore ka nako eo Samuele o ne a le mo dingwageng tsa bolesome, nako e e botlhokwa thata mo botshelong jwa basha. A o akanya gore go ne go le motlhofo mo go Samuele go tswelela pele a dira se se siameng le fa batho ba bangwe ba ne ba sa dire jalo?— Le fa gone go ne go se motlhofo, Samuele o ne a direla Jehofa ka boikanyegi botshelo jotlhe jwa gagwe.—1 Samuele 3:19-21.

Go tweng ka wena? A o tla tshwana le Samuele, fa o ntse o gola? A o tla nna o dira se se siameng? A o tla tswelela pele o ikobela dithuto tsa Baebele le dilo tse batsadi ba gago ba go rutileng tsone? Fa o dira jalo, o tla itumedisa Jehofa le batsadi ba gago.

a Fa o bala le bana, letshwao la thaladi le go gakolola gore o eme mme o ba botse potso.

Dipotso:

  • Go tlile jang gore Samuele a feleletse a direla kwa motlaaganeng wa ga Jehofa?

  • Ke mathata afe a Samuele a ileng a lebana le one fa a le koo?

  • Ke sekao sefe se Samuele a ileng a se tlhomela basha?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela