LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w09 2/1 ts. 5
  • A Modimo ke Motho wa Mmatota?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Modimo ke Motho wa Mmatota?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Modimo o Gongwe le Gongwe?
    Tsogang!—2005
  • Ka mo Re Ka Itseng ka Gone Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Modimo ke Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • A Moya o o Boitshepo ke Motho?
    Tsogang!—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
w09 2/1 ts. 5

A Modimo ke Motho wa Mmatota?

Dikarabo tse di tlwaelegileng:

◼ “O gongwe le gongwe, mo go sengwe le sengwe. O tshwana le phefo.”

◼ “Ga se motho wa mmatota mme ke maatla a a sa tlhalosegeng.”

Jesu o ne a reng?

◼ “Mo ntlong ya ga Rre go na le manno a le mantsi.” (Johane 14:2) Jesu o ne a re Modimo o na le ntlo ya tshwantshetso kgotsa lefelo le a nnang mo go lone.

◼ “Ke ne ka tswa kwa go Rara mme ke tlile mo lefatsheng. Gape, ke tlogela lefatshe mme ke a tsamaya ke ya kwa go Rara.” (Johane 16:28) Jesu o ne a dumela gore Modimo ke Motho wa mmatota e bile o na le lefelo le a nnang kwa go lone.

JESU ga a ka a re Modimo ke maatla mangwe a a sa tlhalosegeng. Go na le moo, o ne a bua le Modimo e bile a mo rapela. Gantsi o ne a bitsa Jehofa a re ke Rraagwe yo o kwa legodimong, e leng mafoko a a bontshang kamano e e gaufiufi e a nang le yone le Modimo.—Johane 8:19, 38, 54.

Ke boammaaruri gore “ga go na motho ope yo o kileng a bona Modimo ka nako epe” le gore “Modimo ke Moya.” (Johane 1:18; 4:24) Le fa go ntse jalo, seno ga se kaye gore ga a na mmele kgotsa sebopego sepe. Baebele e re bolelela jaana: “Fa e le gore go na le mmele wa senama, gape go na le wa semoya.” (1 Bakorintha 15:44) Ka jalo, a Jehofa o na le mmele wa semoya?

Ee. Fa Jesu a sena go tsosiwa mo baswing, o ne a ‘tsena mo legodimong ka bolone, gore a re bonalele fa pele ga Modimo ka namana.’ (Bahebera 9:24) Seno se re ruta dintlha di le pedi tse di botlhokwa ka Modimo. Sa ntlha, o na le lefelo le a nnang mo go lone. Sa bobedi, ke Motho wa mmatota e seng maatla fela a a sa tlhalosegeng a a nnang gongwe le gongwe.

Ka jalo, go tla jang gore Modimo a nne le maatla a go laola dilo tsotlhe gongwe le gongwe? Modimo a ka romela moya wa gagwe o o boitshepo kgotsa maatla a gagwe a a dirang, kwa lefelong lengwe le lengwe mo lobopong. Fela jaaka rre yo o otlololang seatla sa gagwe go gomotsa le go ema bana ba gagwe nokeng, Modimo o dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go diragatsa boikaelelo jwa gagwe.—Pesalema 104:30; 139:7.

E re ka Modimo e le Motho, o na le maikutlo mme gape o na le dilo tse a di ratang le tse a sa di rateng. Baebele e re bolelela gore o rata batho ba gagwe, o ipelela ditiro tsa gagwe, o tlhoile kobamelo ya medingwana e bile o utlwisiwa botlhoko ke boikepo. (Genesise 6:6; Duteronome 16:22; 1 Dikgosi 10:9; Pesalema 104:31) Mo go 1 Timotheo 1:11, o bidiwa “Modimo yo o itumetseng.” Ga go gakgamatse go bo Jesu a ne a re re ka ithuta go rata Modimo ka dipelo tsotlhe tsa rona!—Mareko 12:30.a

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le kgang eno, bona kgaolo 1 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

Fela jaaka rre yo o otlololang seatla sa gagwe, Modimo o dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go diragatsa boikaelelo jwa gagwe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela