LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w09 2/1 ts. 7
  • A Jesu ke Modimo Mothatayotlhe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Jesu ke Modimo Mothatayotlhe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Modimo Ka Metlha O Mogolo mo go Jesu?
    A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?
  • Jesu Keresete—Morwa Modimo yo o Rategang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Jesu Keresete ke Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • ‘Morwa o Rata go Senola Rara’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
w09 2/1 ts. 7

A Jesu ke Modimo Mothatayotlhe?

Dikarabo tse di tlwaelegileng:

▪ “Ee, Jesu ke Modimo Mothatayotlhe.”

▪ “Jesu o ne a iponatsa e le Modimo mo nameng.”

Jesu o ne a reng?

▪ “Fa lo ne lo nthata, lo ne lo tla ipelela gore ke a tsamaya ke ya kwa go Rara, ka gonne Rara o mogolo bogolo go nna.” (Johane 14:28) Jesu o ne a bontsha gore ene le Rraagwe ga ba lekane.

▪ “Ke tlhatlogela kwa go Rre le Rraalona le kwa Modimong wa me le Modimo wa lona.” (Johane 20:17) Jesu ga a ka a re ke ene Modimo mme o ne a bua ka Modimo e le Motho o sele.

▪ “Ga ke a ipuela fela, mme Rara ka boene yo o nthomileng o nneile taelo ka ga gore ke bolele eng le gore ke bue eng.” (Johane 12:49) Dithuto tsa ga Jesu di ne di sa tswe mo go ene; di ne di tswa kwa go Rara.

JESU o ne a re ke Morwa Modimo, e seng Modimo Mothatayotlhe. Fa e le gore Jesu ke Modimo, o ne a rapela mang fa a ne a le mo lefatsheng? (Mathaio 14:23; 26:26-29) Ruri ga go utlwale go akanya gore Jesu o ne a itira e kete o bua le mongwe o sele!

Fa barutwa ba babedi ba ga Jesu ba ne ba mo kopa go nna le maemo a a kgethegileng mo Bogosing jwa gagwe, o ne a ba araba jaana: “Go nna kafa seatleng sa me sa moja mono le kafa go sa molema ga se ga me go go aba, mme ke ga ba ba go baakanyeditsweng ke Rre.” (Mathaio 20:23) A Jesu o ne a bua boammaaruri fa a ne a re ga a na maatla a go ba naya se ba se kopang? Ee, ruri! Ka boikokobetso o ne a lemoga gore Modimo ke ene fela yo o nang le maatla a go dira ditshwetso tse di ntseng jalo. Jesu o ne a bo a tlhalosa gore go na le dilo dingwe tse ene le fa e le baengele ba neng ba sa di itse mme di itsiwe ke Rraagwe fela.—Mareko 13:32.

A ke fela fa Jesu a ne a le mo lefatsheng a neng a sa lekane le Modimo? Nnyaa. Tota le fa Jesu a sena go swa le go tsosiwa mo baswing, Baebele e mo tlhalosa a sa lekane le Modimo. Moaposetoloi Paulo o re gopotsa gore “Modimo o mogolo mo go Keresete.” (1 Bakorintha 11:3, Today’s English Version) Baebele ya re mo isagweng “fa dilo tsotlhe di tla bo di beilwe mo taolong ya ga Keresete, Morwa ka boene le ene o tla ipaya mo taolong ya Modimo, yo o neng a baya dilo tsotlhe mo taolong ya gagwe mme Modimo o tla laola dilo tsotlhe.”—1 Bakorintha 15:28, TEV.

Go bonala sentle gore Jesu ga se Modimo Mothatayotlhe. Ke lone lebaka la go bo a ne a re Rraagwe ke “Modimo wa me.”—Tshenolo 3:2, 12; 2 Bakorintha 1:3, 4.a

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka kgang eno, bona tsebe 201-204 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 7]

Jesu o ne a re go na le dilo dingwe tse ene le fa e le baengele ba neng ba sa di itse mme di itsiwe ke Rraagwe fela

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela