Go Tsalwa Sesha—Boikaelelo Jwa Gone ke Bofe?
BATHO ba le bantsi ba dumela gore motho o tshwanetse go tsalwa gape gore a bone poloko ya bosakhutleng. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko se Jesu a neng a se bua ka boikaelelo jwa go tsalwa sesha. O ne a re: “Fa motho a sa tsalwe gape, ga a ka ke a bona bogosi jwa Modimo.” (Johane 3:3) Ka jalo, motho o tshwanetse go tsalwa gape gore a tsene mo Bogosing jwa Modimo, e seng gore a bone poloko. Le fa go ntse jalo, batho bangwe ba ka nna ba re, ‘a dipolelwana tseno tse pedi—go tsena mo Bogosing le go bona poloko—ga di kaye tuelo e e tshwanang?’ Nnyaa, ga go a nna jalo. Gore re kgone go tlhaloganya go farologana ga tsone, mma re sekaseke bokao jwa mafoko a a reng “bogosi jwa Modimo.”
Bogosi ke mofuta mongwe wa puso. Ka jalo, mafoko a a reng “bogosi jwa Modimo” a kaya “puso ya Modimo.” Baebele e ruta gore Jesu Keresete, “morwa motho,” ke Kgosi ya Bogosi jwa Modimo le gore Keresete o na le babusimmogo le ene. (Daniele 7:1, 13, 14; Mathaio 26:63, 64) Mo godimo ga moo, ponatshegelo e e bonweng ke moaposetoloi Johane e ne ya senola gore babusimmogo le Keresete ke batho ba ba tlhophilweng go “tswa mo lotsong longwe le longwe le teme le batho le setšhaba” mme ba tla “busa lefatshe e le dikgosi.” (Tshenolo 5:9, 10; 20:6) Mo godimo ga moo, Lefoko la Modimo le senola gore ba ba tla busang e le dikgosi ba bopa “letsomanyane” la batho ba le 144 000 “ba ba rekilweng mo lefatsheng.”—Luke 12:32; Tshenolo 14:1, 3.
Bogosi jwa Modimo bo tlhomilwe kwa kae? Gape “bogosi jwa Modimo” bo bidiwa “bogosi jwa magodimo,” mo go rayang gore Jesu le dikgosi mmogo le ene ba busa go tswa kwa legodimong. (Luke 8:10; Mathaio 13:11) Ka jalo, Bogosi jwa Modimo jwa kwa legodimong bo bopiwa ke Jesu Keresete le setlhopha sa babusimmogo le ene ba ba tlhophilweng mo bathong.
Ka jalo, ke eng se Jesu a neng a se kaya fa a ne a re motho o tshwanetse go tsalwa gape gore a “tsene mo bogosing jwa Modimo”? O ne a kaya gore motho o tshwanetse go tsalwa gape gore a buse le Keresete kwa legodimong. Re ka re, boikaelelo jwa go tsalwa sesha ke go rulaganya setlhopha sa batho ba palo e e rileng ba ba tla busang kwa legodimong.
Re setse re bone gore go tsalwa sesha go botlhokwa thata, go dirwa ke Modimo e bile o rulaganya setlhopha sa batho ba ba tla busang kwa legodimong. Mme gone, go tsalwa sesha go diragala jang?
[Mafoko a a mo go tsebe 7]
Boikaelelo jwa go tsalwa sesha ke go rulaganya setlhopha sa batho ba palo e e rileng ba ba tla busang kwa legodimong
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Jesu Keresete le setlhopha sa babusimmogo le ene ba ba tlhophilweng mo bathong ba bopa Bogosi jwa Modimo