A o Ka Direla Kwa Baboledi ba Bogosi ba Tlhokegang Thata Teng?
“Re ne re tshela monate kwa United States mme re ne re tshwenyegile gore fa nako e ntse e ya, tsela e batho ba koo ba neng ba rata dilo tse di bonalang ka yone e ne e ka tlhotlheletsa rona le barwa ba rona ba babedi ka tsela e e sa siamang. Nna le mosadi wa me re ne re kile ra nna barongwa, mme re ne re batla go boa re itumelela botshelo joo jo bo sa raraanang le jo bo itumedisang gape.”
KA 1991, Ralph le Pam ba ne ba tlhotlhelediwa ke keletso eo gore ba dire tshwetso ya gore ba kwalele makala a a farologaneng ba tlhalosa gore ba ka rata go direla kwa baboledi ba Bogosi ba tlhokegang thata teng. Ofisi ya lekala ya Mexico e ne ya araba ka gore kwa nageng eo baboledi ba Bogosi ba ba ka kgonang go rerela batho ba ba buang Seesemane ba ne ba tlhokega fela thata. Tota e bile lekala le ne la re tshimo eo e ne e le ‘tshweu go ka rojwa.’ (Joh. 4:35) Go ise go ye kae, Ralph le Pam, mmogo le barwa ba bone ba dingwaga di le 8 le 12, ba ne ba amogela taletso eo mme ba simolola go ipaakanyetsa go fudugela kwa Mexico.
Tshimo e Kgolo
Ralph a re: “Pele re tswa kwa United States, bangwe ba bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba na le maitlhomo a mantle ba ne ba re raya ba re: ‘Go fudugela kwa nageng e nngwe go kotsi tota!’ ‘Lo tla dira jang fa lo ka lwala?’ ‘Ke eng fa lo fudugela go sele go ya go rerela batho ba ba buang Seesemane? Batho ba ba buang Seesemane koo ga ba kitla ba kgatlhegela boammaaruri!’ Le fa go ntse jalo, re ne re setse re feditse mogopolo. Mo godimo ga moo, re ne re akanyeditse tshwetso ya rona fela thata. Re ne re na le dingwaga tse dintsi re ntse re rulaganyetsa seno. Re ile ra tila go itsenya mo dikolotong tse di ka tsayang lobaka lo loleele go di duela, ra baya madi ra ba ra tlotla gantsi re le lelapa ka ga dikgwetlho tse re neng re ka nna ra kopana le tsone.”
Fa Ralph le lelapa la gagwe ba goroga koo ba ne ba simolola ka go etela lekala la Mexico. Fa ba le koo, bakaulengwe ba ne ba ba bontsha mmapa wa naga eo yotlhe ba bo ba re: “Tshimo ya lona ke yone e!” Lelapa leno le ne la swetsa ka gore le nne kwa San Miguel de Allende, toropo e e neng e na le batho ba bantsi ba ba tswang mo dinageng tse di farologaneng, e e leng dikilometara di ka nna 240 kwa bokonebophirima jwa Mexico City. Dingwaga di le tharo ba sena go goroga, go ne ga tlhomiwa phuthego ya Seesemane ya baboledi ba le 19 mo toropong eo. E ne e le yone phuthego ya ntlha ya Seesemane kwa Mexico—mme go ne go sa ntse go na le tiro e ntsi e e tshwanetseng go dirwa.
Go fopholediwa gore go na le baagi ba United States ba ka nna milione ba ba nnang kwa Mexico. Mo godimo ga moo, go na le batho ba bantsi ba ba rutegileng ba Mexico le baithuti ba ba buang Seesemane e le puo ya bone ya bobedi. Ralph o tlhalosa jaana: “Re ne ra rapelela gore go nne le badiri ba ba oketsegileng. Re ne re nna re na le kamore ya borobalo e e sa dirisiweng mo legaeng la rona, e re neng re e beetse bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba tla mo lefelong la rona go tla go “tlhola lefatshe,” jaaka go ka tualo.—Dipa. 13:2.
Ba ne Ba Tshela Botshelo Jo bo Sa Raraanang Gore ba Oketse Bodiredi Jwa Bone
Go ise go ye kae go ne ga goroga bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe ba ba neng ba batla go oketsa bodiredi jwa bone. Bangwe ba bone e ne e le Bill le Kathy ba ba tswang kwa United States. Ba ne ba kile ba direla ka dingwaga di le 25 kwa mafelong a go neng go tlhokega baboledi thata kwa go one. Ba ne ba ikaeletse go ithuta Se-Spain mme ba ne ba fetola mogopolo fa ba sena go fudugela kwa toropong ya Ajijic e e mo dintshing tsa Letsha la Chapala, e e leng lefelo le lentle le batho ba ba tlogetseng tiro ba United States ba ratang go nna kwa go lone. Bill a re: “Fa re le kwa Ajijic re ne ra tshwarega thata ka go batla batho ba ba buang Seesemane ba ba neng ba batla go ithuta boammaaruri.” Mo dingwageng tse pedi Bill le Kathy ba sena go goroga mo toropong eo, ba ne ba itumela fa go tlhomiwa phuthego, e e neng e le yone ya bobedi ya Seesemane kwa Mexico.
Ken le Joanne ba ba tswang kwa Canada ba ne ba batla go tshela botshelo jo bo sa raraanang gore ba kgone go dirisa nako e ntsi ba rera. Le bone ba ne ba fudugela kwa Mexico. Ken a re: “Go ile ga re tsaya lobaka gore re tlwaele go nna mo lefelong le go neng go ka feta malatsi a mantsi go se na metsi a a bothitho, go se na motlakase, kgotsa difouno di sa bereke.” Le fa go ntse jalo, go dira tiro ya go rera go ne go re itumedisa. Go ise go ye kae Ken o ne a tlhomiwa go nna motlhanka wa bodiredi mme dingwaga di le pedi moragonyana a tlhomiwa go nna mogolwane. Kwa tshimologong, morwadiabone e bong Britanny o ne a sa natefelelwe ke go nna mo phuthegong e nnye ya Seesemane e e se nang basha ba bantsi. Le fa go ntse jalo, fa a sena go simolola go thusa mo dikagong tsa Diholo tsa Bogosi, o ne a nna le ditsala tse dintsi go ralala naga.
Patrick le Roxanne ba ba tswang kwa Texas kwa United States, ba ne ba itumeletse go utlwa ka tshimo ya barongwa e e neng e se kgakala thata ya batho ba ba buang Seesemane. Patrick a re: “Morago ga go etela Monterrey, toropo e e kwa bokonebotlhaba jwa Mexico, re ne ra bona gore Jehofa o ne a re kaela go ya go thusa koo.” Ba ne ba kgona go rekisa legae la bone le le kwa Texas mo malatsing a matlhano le go ‘tla Makedonia,’ ka tsela ya tshwantshetso. (Dit. 16:9) Go ne go se motlhofo go bona tiro ya go itshedisa kwa Mexico, mme mo dingwageng di le pedi fela, ba ne ba itumelela go bona setlhopha se sennye sa Basupi ba le 17 se gola go nna phuthego ya baboledi ba le 40.
Jeff le Deb ke banyalani ba bangwe ba ba ileng ba tshela botshelo jo bo sa raraanang gore ba kgone go oketsa bodiredi jwa bone. Ba ile ba rekisa ntlo ya bone e kgolo e e kwa United States mme ba bo ba fudugela mo foleteng e nnye kwa Cancún, toropo e e mo lotshitshing lo lo kafa botlhaba lwa Mexico. Mo nakong e e fetileng, ba ne ba tlwaetse go ya dikopanong kwa mafelong a a nang le didirisiwa tse di fetlhang moya o o tsididi gaufi le legae la bone. Jaanong ba ne ba tshwanelwa ke go tsaya loeto lwa diura di le robedi go ya kopanong e e gaufi ya Seesemane e e neng e tshwaretswe mo setadiamong se se se nang marulelo. Mme gone, ba ne ba itumela thata fa go ne go tlhomiwa phuthego e e nang le baboledi ba ka nna 50 kwa Cancún.
Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba Mexico le bone ba ne ba simolola go thusa mo tirong ya go rera ka Seesemane. Ka sekai, fa Rubén le lelapa la gagwe ba utlwa gore go ne go tlhomilwe phuthego ya ntlha ya Seesemane kwa San Miguel de Allende le gore Mexico yotlhe e ne e le tshimo ya phuthego eo, ka bonako fela ba ne ba ya go thusa. Seno se ne se raya gore ba tshwanetse go ithuta Seesemane, go tlwaela tsela e batho ba ditso tse dingwe ba tshelang ka yone le go tsamaya dikgala tse ditelele—dikilometara di le 800 beke nngwe le nngwe—go ya dipokanong. Rubén a re: “Re ne re itumelela go rerela batswakwa ba ba nnileng dingwagangwaga mo Mexico mme e le la ntlha ba utlwa molaetsa wa dikgang tse di molemo ka puo ya bone. Bangwe ba bone ba ne ba tsholola dikeledi ka ntlha ya kanaanelo.” Fa Rubén le lelapa la gagwe ba sena go thusa phuthego ya kwa San Miguel de Allende, ba ile ba bula tsela kwa toropong ya Guanajuato, kwa bogare jwa Mexico, kwa ba ileng ba thusa go simolola phuthego ya Seesemane ya baboledi ba ba fetang 30. Gompieno ba direla mo setlhopheng se se dirisang Seesemane kwa Irapuato, toropo e e gaufi le Guanajuato.
Go Rerela Batho ba go Leng Thata go Kopana le Bone
Kwantle ga batswakwa ba ba leng teng mo lefelong leno, gape go na le Ba-Mexico ba le bantsi ba ba buang Seesemane. Gantsi go thata go rerela batho bano molaetsa wa Bogosi ka gonne ba nna mo mafelong a go nnang bahumi fela mo go one mme kgoro e bulwa ke batho ba ba hirilweng. Kgotsa fa go direga gore mong wa ntlo e nne ene a bulang kgoro, a ka nna a se ka a reetsa molaetsa wa rona ka gonne a akanya gore Basupi ba ga Jehofa ke lekokonyana fela la mo lefelong leo. Le fa go ntse jalo, fa Basupi ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe ba bua le batho ba ba ntseng jalo, bangwe ba bone ba a reetsa.
Akanya ka sekai sa ga Gloria wa kwa toropong ya Querétaro kwa bogare jwa Mexico. A re: “Ke ne nkile ka kopana le Basupi ba ba buang Se-Spain mme ka se ka ka ba reetsa. Le fa go ntse jalo, fa ba lelapa la me le ditsala ba simolola go nna le mathata, ke ne ka tshwenyega thata mo maikutlong mme ka rapela Modimo, ke mo kopa gore a nthuse go bona tharabololo. Ka bonako fela morago ga moo, ke ne ka etelwa ke mosadi mongwe yo o buang Seesemane. O ne a botsa gore a go na le mongwe mo lapeng yo o buang Seesemane. Ka gonne e ne e le motswakwa, ke ne ke swegaswega go utlwa gore o tlile go reng, mme ke ne ka mmolelela gore ke itse go bua Seesemane. Fa a ntse a bua, ke ne ka ipotsa ka re, ‘Tota mosadi yo wa Moamerika o dirang mo lefelong la rona?’ Mme ke ne ke kopile Modimo gore a nthuse. Gongwe Modimo o ne a araba thapelo ya me ka gore ke etelwe ke ene motswakwa yono.” Gloria o ne a amogela thuto ya Baebele mme a gatela pele ka bonako go fitlha a kolobediwa le fa ba gagabo ba ne ba mo ganetsa. Gompieno Gloria ke mmulatsela wa ka metlha mme monna wa gagwe le morwawe le bone ba direla Jehofa.
Ba ba Oketsang Bodiredi Jwa Bone ba Bona Masego
Go direla kwa baboledi ba Bogosi ba tlhokegang thata teng go na le dikgwetlho, mme go na le masego a mantsi. Ralph yo go builweng ka ene kwa tshimologong a re: “Re ile ra tshwara dithuto tsa Baebele le batho ba ba tswang kwa Boritane, China, Jamaica, Sweden le e leng batho ba maemo ba ba tswang kwa Ghana. Bangwe ba baithuti bano ba Baebele le bone ba ile ba tsenela tirelo ya nako e e tletseng. Mo dingwageng tse di fetileng, lelapa la rona le ile la bona fa go tlhomiwa diphuthego tsa Seesemane di le supa. Bana ba rona ba babedi ba basimane ba ne ba simolola go bula tsela le rona mme gone jaanong ba direla kwa Bethele kwa United States.”
Gone jaanong go na le diphuthego di le 88 le ditlhopha di le mmalwa tsa Seesemane kwa Mexico. Go tlile jang gore go nne le koketsego e kana kana? Batho ba le bantsi ba ba buang Seesemane kwa Mexico ba ne ba ise ba ke ba kopane le Basupi. Bangwe ba bone ba ne ba reetsa ka gonne go ne go se na ba masika le ditsala ba ba neng ba ka ba gatelela gore ba se ka ba reetsa fa ba ka bo ba le kwa gae. Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba ne ba amogela thuto ya Baebele ka gonne ba ne ba tlogetse tiro mme ba na le nako ya go dira dilo tsa semoya. Mo godimo ga moo, mmoledi a le mongwe mo go ba le bararo mo diphuthegong tsa Seesemane ke mmulatsela, mme seo se dira gore baboledi ba tlhagafale thata mme diphuthego di gole.
O Tla Bona Masego
Kwantle ga pelaelo batho ba le bantsi go dikologa lefatshe ba tla arabela sentle fa ba utlwa molaetsa wa Bogosi o rerwa ka puo ya bone. Ka jalo, go a kgothatsa go bona gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba ratang dilo tsa semoya—basha le bagolo, ba ba sa nyalang le ba ba nyetseng—ba iketleeditse go fudugela kwa mafelong a baboledi ba Bogosi ba tlhokegang thata kwa go one. Gone ke boammaaruri gore ba ka nna ba lebana le mathata, mme mathata ao ga se sepe fa a bapisiwa le boitumelo jo ba nnang le jone fa ba kopana le batho ba ba dipelo di ikanyegang ba ba amogelang boammaaruri jwa Baebele. A o ka kgona go dira diphetogo dingwe tse di ka go letlang gore o fudugele kwa tshimong e e mo nageng ya lona kgotsa kwa nageng e sele kwa bareri ba Bogosi ba tlhokegang thata teng?a (Luke 14:28-30; 1 Bakor. 16:9) Fa go ntse jalo, o ka tlhomamisega gore o tla bona masego a magolo.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le go direla kwa go tlhokegang baboledi thata teng, bona buka ya Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa, tsebe 111-112.
[Lebokoso mo go tsebe 21]
Batho ba Kgatlhwa ke Batho ba ba Itumetseng ba ba Tlogetseng Tiro
Beryl o ne a fudugela kwa Canada a tswa Boritane. Fa a le koo, o ne a dira e le manejara mo dikhampaning di le mmalwa tsa ditšhabatšhaba. Gape o ne a nna mopagami yo o setswerere wa dipitse e bile o ne a ba a tlhophiwa go emela Canada kwa Diolimpiking tsa 1980. Fa Beryl le monna wa gagwe ba sena go tlogela tiro ba bo ba ya go nna kwa Chapala, kwa Mexico, ba ne ba atisa go ja kwa diresetšhurenteng. Nako le nako fa Beryl a bona bangwe ba ba tlogetseng tiro ba ba buang Seesemane ba lebega ba itumetse, o ne a ikitsise mo go bone a bo a ba botsa gore ba dirang kwa Mexico. Go le gantsi batho bano ba ba itumetseng ba ba neng ba ile go ja koo e ne e le Basupi ba ga Jehofa. Beryl le monna wa gagwe ba ne ba swetsa ka gore fa e le gore motho a ka bona boitumelo le botshelo jo bo nang le bokao ka go itse Modimo, le bone ba ne ba batla go mo itse. Fa Beryl a sena go ya dipokanong tsa Bokeresete dikgwedi di le mmalwa, o ne a dumela go ithuta Baebele. Beryl o ne a kgona go direla e le mmulatsela wa ka metlha ka dingwaga di le mmalwa.
[Lebokoso mo go tsebe 22]
“Re Itumelela go Nna le Bone”
Batho ba ba fudugelang kwa mafelong a baboledi ba Bogosi ba tlhokegang thata kwa go one, ba anaanelwa fela thata ke bakaulengwe ba mafelo ao. Ofisi nngwe ya lekala ya kwa Caribbean e ne ya kwala jaana: “Fa batswakwa ba bantsintsi ba ba direlang fano ba ka tsamaya, diphuthego di ka se tlhole di gatela pele thata. Re itumelela go nna le bone.”
Lefoko la Modimo la re “basadi ba ba bolelang dikgang tse di molemo ke lesomo le legolo.” (Pes. 68:11) Ka jalo, ga go gakgamatse go bo go na le bokgaitsadi ba bantsi ba ba sa nyalwang ba ba direlang kwa dinageng tse dingwe. Bokgaitsadi bano ba ba dirang ka natla ba thusa fela thata. Ofisi nngwe ya lekala ya kwa Yuropa Botlhaba ya re: “Mo diphuthegong tsa rona tse dintsi, go na le palo e e kwa godimo ya bokgaitsadi, ka dinako tse dingwe e feta le halofo ya baboledi mo phuthegong. Bontsi jwa bone ba basha mo boammaaruring, mme bokgaitsadi ba ba sa nyalwang ba babulatsela ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe ba re thusa fela thata ka go thapisa bokgaitsadi bano. Re anaanela bokgaitsadi bano ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe fela thata!”
Bokgaitsadi bano ba ikutlwa jang ka go direla mo dinageng tse e seng tsa bone? Kgaitsadi mongwe yo o mo dingwageng tsa bo30 e bong Angelica, yo o kileng a direla e le mmulatsela yo o sa nyalwang ka dingwaga di le dintsi kwa nageng e nngwe a re: “Dikgwetlho di dintsi. Mo kabelong nngwe ke ne ke tsamaya ka tshokolo mo ditseleng tse di dithetse letsatsi le letsatsi e bile ke bona batho ba ba bogang, mme seno se ne se ntshwenya thata mo maikutlong. Le fa go ntse jalo, ke ne ke itumelela go thusa batho ba bangwe mo tshimong. Gape ke ne ka amiwa ke mafoko a mantsi a tebogo a bokgaitsadi ba lefelo leo, ba gantsi ba neng ba ntebogela go bo ke tlile go ba thusa. Kgaitsadi mongwe o ne a nthaya a re sekao sa me sa gore ke tswe kgakala ke tle go bula tsela mo nageng ya bone se ne se mo tlhotlheleditse gore le ene a tsenele tirelo ya nako e e tletseng.”
Mmulatsela mongwe yo o mo dingwageng tsa bo50 e bong Sue a re: “Eleruri motho o lebana le dikgwetlho, mme dikgwetlho tseo ga se sepe fa di bapisiwa le masego ao a a bonang. Bodiredi bo a itumedisa! E re ka ke dirisa nako e ntsi ke le mo tshimong le bokgaitsadi ba basha, ke ba tlotlela dilo tse ke di ithutileng mo Baebeleng le mo dikgatisong tsa rona malebana le kafa motho a ka lebanang ka teng le mathata. Go le gantsi ba mpolelela gore sekao sa me sa go lebana le mathata fa ke ntse ke direla ka dingwaga tse dintsi ke le mmulatsela yo o sa nyalwang se ba thusa go bona gore le bone ba ka kgona go fenya mathata a ba kopanang le one mo botshelong. Go thusa bokgaitsadi bano go nnaya kgotsofalo ya mmatota.”
[Mmapa mo go tsebe 20]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
MEXICO
Monterrey
Guanajuato
Irapuato
Ajijic
Chapala
Letsha la Chapala
San Miguel de Allende
Querétaro
MEXICO CITY
Cancún
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Batho bangwe ba itumelela go rerela batswakwa ba e leng la ntlha ba utlwa dikgang tse di molemo