LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w09 5/15 ts. 18
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bogosi Jwa Modimo bo Tsetswe!
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
  • Babusi Ba ba Mo Lefelong la Moya
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Nna o Disitse—Satane o Batla go go Kometsa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Itse Mmaba wa Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
w09 5/15 ts. 18

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Satane o ne a lelekwa leng kwa legodimong?—Tshen. 12:1-9.

Le fa buka ya Baebele ya Tshenolo e sa bue ka tlhamalalo gore Satane o ne a lelekwa leng kwa legodimong, e tlhalosa tatelano ya ditiragalo tse di ka re thusang go fopholetsa gore seo se ne sa direga leng. Tiragalo ya ntlha ke go tlhongwa ga Bogosi jwa ga Mesia. Morago ga moo, go ne “ga tsoga ntwa kwa legodimong,” e e ileng ya felela ka gore Satane a fenngwe a bo a lelekwe kwa legodimong.

Dikwalo di bontsha sentle gore 1914 ke ngwaga o “dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba” di ileng tsa khutla ka one mme Bogosi jwa tlhongwa.a (Luke 21:24) Ntwa ya kwa legodimong, e e ileng ya felela ka go lelekwa ga ga Satane, e simologile lobaka lo lo kae morago ga moo?

Tshenolo 12:4 ya re: “Kgogela [Satane] ya nna e eme fa pele ga mosadi yo o neng a tloga a belega, gore, fa a belega, e kometse ngwana wa gagwe.” Seno se bontsha gore Satane o ne a batla go fedisa Bogosi jo bo neng bo sa tswa go tlhomiwa, a bo fedisa ka bonako kafa go ka kgonegang ka teng fela fa bo sena go tlhomiwa. Le fa go tsenelela ga ga Jehofa go ile ga dira gore Satane a se ka a kgona go diragatsa maikaelelo a gagwe a a bosula, Satane o ne a ikemiseditse e bile a sa kgaotse mo maikaelelong a gagwe a go senya Bogosi jo bo sa tswang go tlhongwa. Ke sone se “Mikaele le baengele ba gagwe” ba ileng ba se ka ba senya nako epe pele ba tlosa “kgogela le baengele ba yone” kwa legodimong gore Bogosi bo se ka jwa senngwa ka tsela epe. Ka jalo, go tla bo go utlwala go konela ka gore go fenngwa le go lelekwa ga ga Satane go ile ga diragala ka bonako fela morago ga go tlhomiwa ga Bogosi ka 1914.

Lebaka le lengwe le re ka le sekasekang ke go tsosiwa ga Bakeresete ba ba tloditsweng, mo bosupi jwa Dikwalo bo bontshang gore go ile ga simolola fela fa Bogosi bo sena go tlhomiwa.b (Tshen. 20:6) E re ka go se na ope wa bomorwarraagwe Keresete ba ba tloditsweng ba go buiwang ka bone go twe ba ne ba patile Jesu go ya go lwa le kgogela le baengele ba yone, ntwa ya kwa legodimong le go lelekwa ga ga Satane le madimona a gagwe di ka tswa di ne di weditswe ka nako ya fa go tsosiwa ga bomorwarraagwe Keresete go ne go simolola.

Ka jalo, Baebele ga e senole nako e tota Satane le madimona a gagwe a neng a lelekwa kwa legodimong ka yone. Le fa go ntse jalo, go lebega tiragalo eno e ne ya diragala fela fa Jesu Keresete a sena go tlhomiwa mo setulong sa Bogosi ka 1914 kwa legodimong.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Bona tsebe 215-218 mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng?

b Bona Tora ya Tebelo, January 1, 2007, tsebe 27-28, serapa 9-13.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela