LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w09 7/1 ts. 15-17
  • Go Etela Bogatisetso jo bo Tlhomologileng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Etela Bogatisetso jo bo Tlhomologileng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bosupi Jwa Lorato, Tumelo le go Nna Kutlo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Go Gatisa Dibuka tsa Bibela Tse Di Dirisiwang mo Bodiheding
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Go Gatisa Dibuka tsa Bibela ka Nako ya fa Tiro E Ne E Thibetswe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Lekwalo le le Tswang Lekaleng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
w09 7/1 ts. 15-17

Go Etela Bogatisetso jo bo Tlhomologileng

MAKASINE ono o o o balang e ka tswa e se one wa ntlha o o kileng wa o bona. Gongwe Basupi ba ga Jehofa ba kile ba etela legae la gago mme ba go naya makasine wa Tora ya Tebelo le Tsogang! go go thusa gore o tlhaloganye Baebele botoka. Kgotsa gongwe o kile wa bona Basupi ba naya batho dikgatiso tseno tsa Baebele mo mebileng kgotsa mo marekisetsong a lefelo la gaeno. Tota e bile, go gatisiwa dikhopi di feta dimilione di le 35 tsa makasine ono kgwedi le kgwedi, e leng se se dirang gore e nne o o gatisiwang go gaisa mo lefatsheng.

Mme gone, a o kile wa ipotsa gore dikgatiso tseno tsotlhe di gatisiwa kae le gone jang? Go araba potso eo, mma re sekaseke bongwe jwa magatisetso a mantsi a Basupi ba ga Jehofa ba a dirisang mo dinageng tse di farologaneng—jo bo kwa Wallkill, New York, U.S.A. Bontsi jwa babadi ba rona mo lefatsheng lotlhe ba ka se kgone go etela bogatisetso jo Basupi ba ga Jehofa ba bo dirisang kwa United States, ka jalo ditshwantsho le ditlhaloso tseno di tla go thusa go itse mo go oketsegileng ka bogatisetso jono.

Gone ke boammaaruri gore pele go gatisiwa, go tshwanetse ga kwalwa se se tla gatisiwang. Lephata la Graphics le amogela dikgatiso tse di tla gatisiwang mme le di romelelwa ka khomputara go tswa kwa Lephateng la Bokwaledi kwa Brooklyn, New York. Dikgatiso tseno tse di tlang ka khomputara di tsenngwa mo dipoleiteng tse di dirisiwang go gatisa. Kwa Wallkill, kgwedi le kgwedi go goroga dirolo tsa pampiri di ka nna 1 400 mo bogatisetsong, mme go dirisiwa ditone tsa pampiri di ka nna 80 go ya go di le 100 ka letsatsi. Dirolo tseno—tse boima jwa dingwe tsa tsone bo fetang dikilogerama di le 1 300—di tsenngwa mo metšhineng e megolo e metlhano e e gatisang go tsentswe mo go yone dipoleite tse di dirisediwang go gatisa. Go gatisiwa mo pampiring e bo e segiwa le go menwa go nna dikarolo tse nngwe le nngwe ya tsone e nang le ditsebe di le 32. Makasine o o o balang ke karolo e le nngwe e e nang le ditsebe di le 32. Go tweng ka dibuka? Mo lefelong le go kopanngwang dibuka gone go kopanngwa ditsebe tseo gore e nne buka. Mongwe wa metšhine e mebedi e e kopanyang dibuka o kgona go kopanya dibuka tsa dikhabara tse di thata di le 50 000 kgotsa tsa dikhabara tse di seng thata di le 75 000 ka letsatsi. Motšhine o mongwe wa go kopanya dibuka o kgona go kopanya dibuka tsa dikhabara tse di seng thata di ka nna 100 000 ka letsatsi.

Ka ngwaga wa 2008, bogatisetso jono bo gatisitse dibuka di feta 28 000 000, mme tse di fetang dimilione di le 2.6 e le Dibaebele. Mo go one ngwaga oo, go ne ga gatisiwa dimakasine di feta 243 317 564. Bogatisetso bo boloka dikgatiso tse di ntseng jalo tsa Baebele ka dipuo di ka nna 380. Go dirwa eng ka dikgatiso fa di sena go gatisiwa?

Bogatisetso bo amogela diotara go tswa kwa diphuthegong di le 12 754 tsa Basupi ba ga Jehofa kwa United States le di le 1 369 kwa Caribbea le Hawaii. Lephata la go Romela dikgatiso le paka le go romela dikgatiso tseno tse di otarilweng di bo di isiwa ka sepalangwa kwa di tshwanetseng go ya gone. Kgwedi le kgwedi, go romelwa dikilogerama di ka nna dimilione di le 14 tsa dikgatiso kwa diphuthegong tse di kwa United States.

Bontsi jwa tiro e e dirwang mo bogatisetsong e dirwa ke batho e seng metšhine. Batho ba ba fetang 300 ba bereka mo maphateng a bogatisetso—la Graphics, Go Rulaganya, Metšhine e e Gatisang, Go Kopanya Dibuka le Lephata la go Romela Dikgatiso. Badiri botlhe—ke baithaopi ba ba sa duelweng—ba na le dingwaga tse di fa gare ga 19 le 92.

Ba kgatlhegela batho ba ba tla amogelang dikgatiso tseno le go rutiwa, go kgothadiwa le go kaelwa ke melaometheo e go buiwang ka yone mo go tsone. Re solofela gore o mongwe wa babadi bao le gore dikgatiso tse di gatisiwang mono di tla go thusa go itse Jehofa Modimo le Jesu Keresete, mo go rayang gore o tla bona botshelo jo bo sa khutleng.—Johane 17:3.

[Ditshwantsho mo go tsebe 16]

[Setshwantsho se se tletseng ka tsebe 17]

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2025)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela