Bothata jo bo Aparetseng Lefatshe Lotlhe, Kafa bo Tla Rarabololwang ka Gone
LEFATSHE lotlhe le aparetswe ke pogo mme batho ba le bantsi ba tsaya matsapa go thusa ba ba bogang. Ka sekai, ba tsa kalafi ba bereka diura di le dintsi mo maokelong ba thusa batho ba ba lwalang kgotsa ba ba gobetseng. Batimamolelo, mapodise, batlhomamolao le batho ba ditirelo tsa namolo ba leka ka natla go fokotsa kgotsa go thusa batho gore ba se ka ba utlwisiwa botlhoko. Ditiro tse batho bano ba di dirang di solegela batho ba ba tlhokang thuso molemo, mme gone ga go motho kgotsa mokgatlho ope o o ka fedisang pogo e e aparetseng lefatshe. Le fa go ntse jalo, Modimo ene a ka kgona e bile o tla tlisa tharabololo mo lefatsheng lotlhe.
Buka ya bofelo ya Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “[Modimo] o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” (Tshenolo 21:4) Ela tlhoko kafa batho ba le bantsi ba tla amiwang ka gone ke tsholofetso eno. E bontsha boikaelelo jwa Modimo jwa go fedisa pogo yotlhe. O tla fedisa ntwa mo lefatsheng, tlala, bolwetse le tshiamololo, mmogo le batho botlhe ba ba boikepo. Ga go na motho ope yo o ka kgonang go dira seo.
Se Bogosi Jwa Modimo bo Tla se Dirang
Modimo o tla dirisa motho yo o maatla go gaisa mo lobopong go diragatsa ditsholofetso tsa gagwe—Jesu Keresete yo o tsositsweng mo baswing. Nako e etla e mo go yone Jesu a tla busang lefatshe lotlhe e le Kgosi go se ope yo o mo ganetsang. Batho ga ba ne ba tlhola ba busiwa ke dikgosi, boporesidente kgotsa batho ba dipolotiki. Go na le moo, ba tla busiwa ke Kgosi e le nngwe le puso e le nngwe—Bogosi jwa Modimo.
Bogosi joo bo tla fedisa dipuso tsotlhe tsa batho. Baebele ga e bolo go bolelela pele jaana: “Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema ka bosakhutleng.” (Daniele 2:44) Batho botlhe ba tla bo ba busiwa ke puso e le nngwe fela ya tshiamo—Bogosi jwa Modimo.
Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a bua makgetlo a le mantsi ka Bogosi joo. O ne a bua ka jone mo thapelong ya sekao, a laela barutwa ba gagwe gore ba rapele jaana: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:10) Ela tlhoko gore Jesu o ile a re Bogosi joo bo amana le go dirwa ga thato ya Modimo mo lefatsheng, mme ke thato ya Modimo go fedisa pogo mo lefatsheng lotlhe.
Puso ya Modimo e e siameng e tla lere masego a go seng puso epe ya motho e ka a lereng. Se lebale gore Jehofa o ile a ntsha Morwawe e le thekololo gore batho ba tle ba nne le botshelo jo bo sa khutleng. Fa puso e e molemo ya Modimo e busa, batho ba tla boa ba itekanela. Mme go tla felela jang? Jehofa “o tla kometsa loso ka bosaengkae, mme Morena Molaodimogolo Jehofa o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe.”—Isaia 25:8.
Bangwe ba ka nna ba botsa jaana: ‘Ke eng fa Modimo a ise a tseye kgato go tla go fitlha jaanong? O letetse eng?’ Jehofa a ka bo a ile a tsaya kgato bogologolo go fedisa kgotsa go thibela pogo yotlhe. Go na le moo, o letlile gore e tswelele e le teng, e seng ka ntlha ya lebaka lengwe la bopelotshetlha, mme o dirile seo gore bana ba gagwe ba mo lefatsheng ba solegelwe molemo ka bosakhutleng. Batsadi ba ba lorato ba a tle ba tlogelele bana ba bone gore ba lebane le mathata fa ba itse gore seo se tla ba solegela molemo mo nakong e e tlang. Ka tsela e e tshwanang, Jehofa le ene o na le mabaka a a utlwalang sentle a go bo a letlile gore batho ba boge ka nakwana, mme Baebele e tlhalosa mabaka ano. A akaretsa dilo tse di jaaka go nna le kgololesego ya go itlhophela, boleo le kgang e e amanang le tshwanelo e Jehofa a nang le yone ya go busa. Gape Baebele e tlhalosa gore go na le sebopiwa sengwe se se boikepo sa moya se se letleletsweng go busa lefatshe ka nakwana.a
Le fa gone re ka se ka ra tlhalosa mabaka ao otlhe mo setlhogong seno, go na le dintlha di le pedi tse di ka re nayang tsholofelo le go re kgothatsa. Ya ntlha ke gore: Jehofa o tla re segofatsa mo re tla lebalang pogo yotlhe e re kileng ra lebana le yone. Mo godimo ga moo, Modimo o re tlhomamisetsa jaana: “Dilo tsa pele ga di kitla di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong.” (Isaia 65:17) Modimo o tla dirolola gotlhelele e bile e le ka bosakhutleng, bohutsana le pogo e e bakiwang ke go bo a letlile gore boikepo bo tswelele ka nakwana.
Ntlha ya bobedi ke gore: Modimo o tlhomile nako e e ka se fetolweng e a tlileng go fedisa pogo ka yone. O tla gakologelwa gore moporofeti Habakuke o ile a botsa Jehofa gore o tla letlelela thubakanyo le ntwa ka lobaka lo lo kae. Jehofa o ne a mo araba a re: “Ponatshegelo e sa ntse e na le nako e e tlhomilweng . . . Ga e kitla e tla morago ga nako.” (Habakuke 2:3) ‘Nako eo e e tlhomilweng’ e setse e le gaufi, jaaka re tla bona mo setlhogong se se latelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona dintlha tse di oketsegileng malebana le mabaka a go bo Modimo a letlile pogo, bona kgaolo 11 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
[Lebokoso mo go tsebe 7]
Ditemana Tse di Tlhalosang Isagwe e e Itumedisang
DINTWA DI TLA BO DI FEDILE:
“Tlang, lona batho, lo bone ditiro tsa ga Jehofa, kafa a beileng ditiragalo tse di akabatsang ka teng mo lefatsheng. O dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe.”—Pesalema 46:8, 9.
BARATIWA BA BA SULENG BA TLA TSOSIWA:
“Go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.”—Ditiro 24:15.
BATHO BOTLHE BA TLA NNA LE DIJO:
“Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.”—Pesalema 72:16.
BOLWETSE BO TLA BO BO SA TLHOLE BO LE GONE:
“Ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24.
BATHO BA BA BOSULA BA TLA BO BA SEYO:
“Fa e le baikepi bone, ba tla kgaolwa mo lefatsheng; mme maferefere one, a tla kumolwa mo go lone.”—Diane 2:22.
GO TLA BO GO RENA TSHIAMISO:
“Bona! Kgosi [Keresete Jesu] e tla busa gore go nne le tshiamo; mme fa e le dikgosana, di tla busa e le dikgosana gore go nne le tshiamiso.”—Isaia 32:1.
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Bogosi jwa Modimo bo tla fedisa pogo epe fela e re kileng ra lebana le yone