LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w09 12/15 ts. 3
  • A o A Gakologelwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o A Gakologelwa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Basupi ba ga Jehofa ke Baporotesetanta?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Mokete wa Ngwaga o Mosha wa Ba-China—A Bakeresete ba Tshwanetse go o Keteka?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • A o Tlhoka go Ithuta Sehebera le Segerika?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Jehofa o Bua le Rona ka Puo E re E Tlhaloganyang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
w09 12/15 ts. 3

A o A Gakologelwa?

A o itumeletse go bala dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo? Bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

• Modimo a ka go humisa ka tsela efe?

Batho bangwe ba Jehofa a neng a ba segofatsa ka dikhumo mo nakong e e fetileng ke Aborahame le Solomone. Mme dikhumo tse tota Bakeresete ba di tlhokang le tse Modimo a ka ba thusang go di bona, di akaretsa tumelo, kagiso, kgotsofalo le boitumelo.—9/1, tsebe 3-7.

• Re ka ithuta eng mo go Jesu fa a ne a falotsa Petere yo o neng a nwela mo lewatleng? (Math. 14:28-31)

Fa re lemoga gore mokaulengwe wa rona o tlhaelelwa ke tumelo, re ka otlolola seatla sa rona ka tsela ya tshwantshetso go mo thusa gore a boe gape a nne le tumelo.—9/15, tsebe 8.

• Jehofa o ne a tshwanelwa ke go dira eng gore a re golole?

Jehofa o ne a itshokela go tlhokofadiwa le go sotliwa ga Morwawe. Mme jaaka seo se ne sa tshwantshediwa ke go iketleetsa ga ga Aborahame go ntsha morwawe setlhabelo, Jehofa o ne a itshokela go bona Morwawe a bolawa jaaka sekebekwa.—9/15, tsebe 28-29.

• Ke ka ntlha yang fa Vatican Codex e le letlotlo?

Ke mokwalo wa seatla wa Segerika o o kwadilweng dingwaga tse di kwa tlase ga 300 morago ga gore Baebele e wediwe. Mo go one go na le mokwalo o o batlang o feletse wa Dikwalo Tsa Sehebera le Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Ke sengwe sa didirisiwa tse bakanoki ba neng ba di dirisa gore ba itse se se neng se kwadilwe mo mokwalong wa ntlhantlha wa Baebele.—10/1, tsebe 18-20.

• Diane 24:27 e re ruta eng ka ga ‘go aga ba ntlo ya gago’?

Monna yo o batlang go nyala o tshwanetse go ipaakanyetsa maikarabelo ao. Seno se akaretsa go tlamela lelapa ka dilo tsa senama le go le etelela pele mo dilong tsa semoya.—10/15, tsebe 12.

• Ke ka ntlha yang fa re ka se ka ra re Basupi ba ga Jehofa ke bodumedi jwa Boporotesetanta?

Boporotesetanta bo simologile mo lekgolong la bo16 la dingwaga kwa Yuropa mme maikaelelo a jone e ne e le go fetola Kereke ya Roma Katoliki. “Boporotesetanta” bo kaya batho ba boikaelelo jwa bone e leng go fetola kereke ya Katoliki. Basupi ba ga Jehofa ga ba dumele gore mopapa o na le taolo mo lefatsheng lotlhe e bile ba dumela ka pelo yotlhe gore Baebele e botlhokwa thata, le fa go ntse jalo, ga ba dumalane le dithuto tse e seng tsa Dikwalo le mekgwa e e tlwaelegileng mo bodumeding jwa Porotesetanta.—11/1, tsebe 19.

• A motho o tlhoka go ithuta Sehebera le Segerika gore a tlhaloganye Baebele?

Nnyaa. Go itse dipuo tseo fela ka bogone ga go kitla go thusa motho go tlhaloganya molaetsa wa Baebele. Motho yo o ithutileng dipuo tseo o sa ntse a tlhoka go dirisa didikishinare le dibuka tsa thutapuo. Lebaka la go bo Modimo a tlhotlheleditse gore mafoko a Motlhanka wa gagwe yo mogolo a bolokwe ka puo e a ranoletsweng mo go yone le bontsha gore motho a ka ithuta boammaaruri mo dithanolong tsa dipuo tsa segompieno a bo a bo dirisa mo botshelong jwa gagwe.—11/1, tsebe 20-23.

• Jehofa le Jesu ba ile ba re tlhomela sekao se se molemo jang sa go bontsha tlotlo?

Le fa Jehofa a na le maemo a a kwa godimo, o dirisana le batho ka bopelonomi le tlotlo. Fa a ne a bua le Aborahame, le fa a ne a bua le Moshe, o ne a dirisa lefoko la Sehebera le gantsi le ranolwang go twe “tsweetswee.” (Gen. 13:14; Ekes. 4:6) Gape Modimo o reetsa batho. (Gen. 18:23-32) Jesu le ene o ne a reetsa batho, e bile o ne a nna a iketleeditse go thusa batho ba a neng a na le bone, gantsi a ba bitsa ka maina.—11/15, tsebe 25.

• Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba boammaaruri ba sa keteke Ngwaga o Mosha o o Lepiwang ka Ngwedi?

Mokete wa Ngwaga o Mosha o o Lepiwang ka Ngwedi ke wa botlhokwa thata mo dikhalendareng tsa kwa Asia. Gantsi mokete ono o akaretsa go leka go tlhomamisa gore batho ba a tlhogonolofala le go tlotla meya. Bakeresete ba boammaaruri ba tlotla batsadi ba bone mme ga ba keteke meletlo e e remeletseng mo go tsosoloseng kamano ya batho ba ba tshelang le bagologolwane ba bone ba ba suleng gore ba ba sireletse kgotsa mo go batleng go amogelwa ke medimo ya mo gae.—12/1, tsebe 20-23.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela