LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w10 5/1 ts. 3
  • O Kae Modimo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O Kae Modimo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2006
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2003
  • Go Tlhoka Magae—Go Bakwa ke Eng?
    Tsogang!—2005
  • Bana ba Amiwa ke Borukhutlhi
    Tsogang!—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
w10 5/1 ts. 3

O Kae Modimo?

September 11, 2001: Ka 8:46 mo mosong, sefofane se se pegang batho se ne sa thula kago e e kwa godimo e e kafa bokone ya World Trade Center kwa New York City—tlhaselo ya ntlha ya dirukhutlhi mo go tse di neng tsa latela morago ga yone. Mo metsotsong e le 102 e e latelang, batho ba ka nna 3 000 ba ne ba tlhokafala.

December 26, 2004

Thoromo ya lefatshe ya bogolo jwa 9,0 kwa Lewatleng la India, e ne ya baka makhubu a a kotsi a a neng a ama dinaga di le 11 tse di akaretsang Afrika—tse di leng sekgala sa dikilometara di ka nna 5 000. Mo letsatsing le le lengwe fela, batho ba le 150 000 ba ne ba tlhokafala kgotsa ba ne ba se ka ba bonwa mme ba feta milione ba ne ba sala ba se na magae.

August 1, 2009: Monna wa dingwaga di le 42 o ne a kgweetsa sekepe sa lobelo lo logolo a na le morwawe wa dingwaga tse tlhano fa se ne se thula boemakepe jo bo dirilweng ka logong. Monna yoo o ne a tlhokafala. Morwawe o ne a tlhokafala mo letsatsing le le latelang. Mongwe wa losika yo o neng a ngomogile pelo fela thata o ne a re: “Re ne re solofetse gore o tla tshela.”

Fa o bala ka ditlhaselo tsa dirukhutlhi tse di ntseng di direga kgotsa ka masetlapelo a tlholego kgotsa o welwa ke masetlapelo mangwe, a o tle o ipotse gore a tota Modimo o bona dilo tse di diregang? A o tle o akanye gore o re latlhile? Baebele e na le dikarabo tse di gomotsang jaaka re tla bona.

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 3]

© Dieter Telemans/Panos Pictures

PRAKASH SINGH/AFP/Getty Images

© Dieter Telemans/Panos Pictures

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela