LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w10 6/1 ts. 24-25
  • Batho ba ba Kwadileng Kaga Jesu

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batho ba ba Kwadileng Kaga Jesu
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ba Kwadile ka Jesu
    Ruta Bana ba Gago
  • Mareko Ga a Ka a Ineela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Buka ya Bibela ya bo 41—Mareko
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Jesu Keresete ke Mang?
    Baebele e re Ruta Eng?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
w10 6/1 ts. 24-25

Ruta Bana ba Gago

Batho ba ba Kwadileng Kaga Jesu

AO ITUMELELA go bala kaga Jesu?—a Batho ba bangwe ba gakgamadiwa ke gore ga go na sepe se Jesu a se kwadileng mo Baebeleng. Le fa go ntse jalo, bakwadi ba le robedi ba Baebele ba re bolelela go le gontsi ka ene. Bakwadi bano botlhe ba ne ba tshela mo motlheng wa ga Jesu mme ba re bolelela se a neng a se ruta. Maina a bone ke bomang?— Ke Mathaio, Mareko, Luke le Johane. Ba bangwe ba banè ke Petere, Jakobe, Jude le Paulo. Ke eng se o se itseng ka bakwadi bano?—

Mma re simolole pele ka go bua ka bakwadi ba le bararo ba le bone e neng e le baaposetoloi ba le 12 ba ga Jesu. A o itse maina a bone?— Petere, Johane le Mathaio. Petere o ne a kwalela Bakeresete ka ene makwalo a le mabedi. O ne a ba bolelela ka dilo tse a neng a itse gore Jesu o di dirile le go di bua. Bula Baebele mo go 2 Petere 1:16-18 mme o bale kafa Petere a tlhalosang ka gone se a se utlwileng fa Jehofa Modimo a ne a bua le Jesu a le kwa legodimong.—Mathaio 17:5.

Moaposetoloi Johane o ne a kwala dibuka di le tlhano tsa Baebele. O ne a bapile le Jesu fa barutwa ba ne ba ja sejo sa bofelo le Mong wa bone. Gape Johane o ne a na le Jesu fa a swa. (Johane 13:23-26; 19:26) Johane o kwadile nngwe ya dipego di le nnè tsa Baebele tse di buang ka botshelo jwa ga Jesu tse di bidiwang Diefangele. Gape o ne a kwala Tshenolo e Jesu a neng a mo neile yone le makwalo a mararo a a mo Baebeleng a a bidiwang ka leina la gagwe. (Tshenolo 1:1) Mokwadi yo mongwe wa boraro yo o kwadileng Baebele yo o neng a nna moaposetoloi wa ga Jesu e ne e le Mathaio. E ne e le mokgethisi.

Bakwadi ba bangwe ba babedi ba Baebele ba ne ba itse Jesu ka tsela e e kgethegileng. E ne e le bomonnawe, le bone e le bana ba ga Josefa le Marea. (Mathaio 13:55) Kwa tshimologong fa Jesu a ne a simolola go rera, ga ba a ka ba nna barutwa ba gagwe. Ba ne ba bo ba akanya gore o a tsenwa ka tsela e a neng a rera ka tlhagafalo ka yone. (Mareko 3:21) Bomonnawe bano e ne e le bomang?— Jakobe ke mongwe wa bone. O kwadile buka ya Baebele ya Jakobe. Yo mongwe ke Judase yo gape a bidiwang Jude. O kwadile buka ya Baebele ya Jude.—Jude 1.

Bakwadi ba bangwe ba babedi ba ba kwadileng kaga botshelo jwa ga Jesu ke Mareko le Luke. Mmaagwe Mareko e bong Marea, o ne a na le ntlo e kgolo kwa Jerusalema kwa Bakeresete ba bogologolo ba neng ba kopanela gone go akaretsa le moaposetoloi Petere. (Ditiro 12:11, 12) Dingwaga pele ga moo, mo bosigong jo Jesu a neng a keteka Tlolaganyo ya bofelo le baaposetoloi ba gagwe ka jone, go bonala Mareko a ne a ba setse morago fa ba ya kwa tshimong ya Gethesemane. Fa Jesu a ne a tshwarwa, masole a ne a tshwara Mareko mme a tshaba a tlogela seaparo sa gagwe.—Mareko 14:51, 52.

Luke e ne e le ngaka e e rutegileng mme go bonala a ne a nna morutwa fa Jesu a sena go swa. O ne a ithuta kaga botshelo jwa ga Jesu ka kelotlhoko a bo a kwala pego e e utlwalang sentle le e e boammaaruri. Moragonyana, Luke o ne a tsamaya mmogo le moaposetoloi Paulo mo tirong ya go rera a bo a kwala buka ya Baebele ya Ditiro.—Luke 1:1-3; Ditiro 1:1.

Paulo ke mokwadi wa Baebele wa borobedi yo o kwadileng kaga Jesu. O ne a rutiwa ke mmueledi yo o itsegeng e bong Gamaliele. E re ka Paulo yo pele a neng a bidiwa Saulo, a ile a godisiwa le go rutiwa ke Bafarasai, o ne a tlhoile barutwa ba ga Jesu a bo a nna le seabe mo go bolaweng ga bone. (Ditiro 7:58–8:3; 22:1-5; 26:4, 5) A o itse gore go tlile jang gore Paulo a ithute boammaaruri kaga Jesu?—

Paulo o ne a le mo tseleng a ya kwa Damaseko go ya go tshwara barutwa ba ga Jesu fa ka tshoganyetso a foufadiwa ke lesedi le le phatsimang le le tswang kwa legodimong. O ne a utlwa lentswe le botsa jaana: “Saulo, Saulo, o mpogisetsang?” Jesu ke ene a neng a bua! O ne a bolelela Paulo gore a ye kwa Damaseko. Go tswa foo, Jesu o ne a kaela morutwa wa gagwe e bong Ananiase gore a bue le Paulo mme Paulo a nna morutwa wa ga Jesu. (Ditiro 9:1-18) Paulo o ne a kwala dibuka di le 14 tsa Baebele go simolola ka Baroma go fitlha ka Bahebera.

A o setse o simolotse go bala dibuka tsa Baebele tse di buang kaga Jesu kgotsa go kopa mongwe gore a go balele tsone?— Nngwe ya dilo tse di molemo tse o ka di dirang mo botshelong ke go simolola gone jaanong o sa ntse o le monnye go ithuta se Baebele e se buang kaga Jesu.

a Fa o bala le ngwana, letshwao la thaladi le go gakolola gore o eme mme o mo kgothaletse go ntsha maikutlo a gagwe.

DIPOTSO

  • Ke baaposetoloi bafe ba ga Jesu ba e neng ya nna bakwadi ba Baebele?

  • Ke bakwadi bafe ba babedi ba Baebele ba e neng e le bomonnawe Jesu?

  • Ke eng fa Mareko a ka tswa a ne a itse Jesu, mme ke eng fa Luke a ka tswa a ne a sa mo itse?

  • Go ne ga tla jang gore Paulo e nne morutwa wa ga Jesu?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela