LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w10 6/1 ts. 26
  • “O Tla Dira ka Boikanyegi”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “O Tla Dira ka Boikanyegi”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Wena o le Nosi o a Ikanyega’
    Atamalana le Jehofa
  • Bonang Batho ba ba Boikanyego!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Ithute mo Batlhankeng ba ba Ikanyegang ba ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • O Tshwanetse go Ikanyega mo go Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
w10 6/1 ts. 26

Atamalana le Modimo

“O Tla Dira ka Boikanyegi”

2 SAMUELE 22:26

GO NA le dilo di le mmalwa tse di ka re utlwisang botlhoko thata go feta go kgobiwa marapo kgotsa go tsiediwa ke motho yo re mo ikanyang. Go kgobiwa marapo jalo go tlwaelegile mo lefatsheng leno le le sa ikanyegeng. (2 Timotheo 3:1-5) A go na le motho yo re ka solofelang gore o tla nna a ikanyega mo go rona ka dinako tsotlhe? Mma re sekaseke se se ileng sa diragalela Kgosi Dafide wa kwa Iseraele ya bogologolo.

Mo motlheng wa gagwe, Dafide o ne a diragalelwa ke dilo di le dintsi tse di bontshang go sa ikanyege. O ne a patelesega go tshela botshelo jwa go nna motshabi mme a bogisiwa ke Saulo yo o lefufa, kgosi ya ntlha ya kwa Iseraele. Mo lelapeng la ga Dafide, Mikale e bong mosadi wa gagwe o ne a se ka a ikanyega mo go ene mme “a simolola go mo nyatsa mo pelong ya gagwe.” (2 Samuele 6:16) Ahitofele, mogakolodi yo Dafide a neng a mo ikanya o ne a mo tsietsa a bo a mo tsuologela. Ke mang yo o neng a di goga kwa pele mo botsuoloding joo? Se se gakgamatsang ke gore e ne e le Abesalome, morwa Dafide! E re ka batho ba ne ba sa ikanyege jalo mo go Dafide, a o ne a tlogela go ikanya batho ba bangwe le go swetsa ka gore ga go ope yo o ikanyegang ka metlha?

Re bona karabo mo mafokong a ga Dafide a a mo go 2 Samuele 22:26. Monna wa tumelo e e sa reketleng e bong Dafide o ne a kwala jaana ka Jehofa Modimo mo pineng ya gagwe ya leboko: “O tla dira ka boikanyegi le motho yo o ikanyegang.” Dafide o ne a tlhomamisegile gore le fa batho ba ka mo kgoba marapo, Jehofa o ne a tla nna a ikanyega mo go ene.

Mma re sekaseke mafoko a ga Dafide. Mafoko a Sehebera a a ranolwang e le “go dira ka boikanyegi” gape a ka tswa a kaya “go dira ka bopelonomi jwa lorato.” Boikanyegi jwa mmatota bo theilwe mo loratong. Ka lorato, Jehofa o atamalana thata le batho ba ba ikanyegang mo go ene.a

Ela tlhoko gore boikanyegi ga se maikutlo fela; ga se selo se motho a ka reng o na le sone mme a se na sone. Jehofa o dira ka boikanyegi, fela jaaka Dafide a bone ka se se mo diragaletseng. Ka nako e Dafide a neng a le mo mathateng ka yone, Jehofa o ne a mo thusa, a sireletsa ka boikanyegi kgosi eno e e ikanyegang le go e kaela. Dafide o ne a lemoga gore Jehofa ke ene fela yo o neng a ka mo golola “mo seatleng sa baba botlhe ba gagwe.”—2 Samuele 22:1.

Mafoko a ga Dafide a kaya eng mo go rona? Jehofa ga a fetoge. (Jakobe 1:17) O kgomaretse melao ya gagwe e bile ka metlha o diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. Dafide o ne a kwala jaana mo go nngwe ya Dipesalema tsa gagwe: “Jehofa . . . ga a na go tlogela batho ba gagwe ba ba ikanyegang.”—Pesalema 37:28.

Jehofa o tsaya go ikanyega ga rona go le botlhokwa. O anaanela go mo ikobela ga rona ka boikanyegi e bile o re tlhotlheletsa gore re mo etse ka go ikanyega fa re dirisana le batho ba bangwe. (Baefeso 4:24; 5:1) Fa re ikanyega jalo, re ka solofela gore le ka motlha ga a ka ke a re latlha. Le fa batho ba bangwe ba ka re kgoba marapo, re ka solofela gore Jehofa o tla dirisana le rona ka boikanyegi, a re thusa go fenya diteko le fa e ka nna dife tse re ka lebanang le tsone. A o tlhotlheletsega go atamalana le Jehofa, “Yo o ikanyegang”?—Tshenolo 16:5.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Mafoko a a mo go 2 Samuele 22:26 a tshwana le a a mo go Pesalema 18:25. Thanolo nngwe ya Baebele e ranola temana eo jaana: “O iponatsa o na le lorato lo logolo mo go yo o ikanyegang.”—The Psalms for Today.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela