LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w10 7/1 ts. 3
  • A o Ka Kgona go Itse Leina la Modimo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Ka Kgona go Itse Leina la Modimo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Leina la Modimo
    Tsogang!—2017
  • Tsela ya go Itse Modimo ka Leina
    Tsogang!—2004
  • Lebaka La Go Bo Re Tshwanetse Go Itse Leina La Modimo
    Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri
  • Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Dirisa Leina la Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
w10 7/1 ts. 3

A o Ka Kgona go Itse Leina la Modimo?

Go letlelelwa go dumedisa motho yo o tlotlegang le go mmitsa ka leina la gagwe ke tshiamelo. Gantsi batho ba ba tlotlegang ba bidiwa ka direto tse di jaaka “Poresidente,” “Kgosi” kgotsa “Motlotlegi.” Ka jalo, fa motho yo o nang le taolo a ne a ka go raya a re, “Tsweetswee, mpitsa fela ka leina la me,” ga go pelaelo gore o ne o tla tsaya seo e le tshiamelo.

MODIMO wa boammaaruri o re bolelela jaana mo Lefokong la gagwe le le kwadileng e leng Baebele: “Ke nna Jehofa. Ke lone leina la me.” (Isaia 42:8) Le fa a na le direto di le dintsi tse di jaaka “Mmopi,” “Mothatayotlhe” le “Morena Molaodimogolo,” ga a bolo go tlotla batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ka go ba letlelela gore ba mmitse ka leina la gagwe.

Ka sekai, fa moporofeti Moshe a ne a bua le Modimo o ne a simolola ka go re: “Intshwarele Jehofa.” (Ekesodo 4:10) Fa go ne go kgakolwa tempele ya kwa Jerusalema, Kgosi Solomone o ne a simolola thapelo ya gagwe ka mafoko a a reng: “Jehofa Modimo wa Iseraele.” (1 Dikgosi 8:22, 23) Mme fa moporofeti Isaia a ne a buisana le Modimo mo boemong jwa Baiseraele, o ne a re: “Wena Jehofa, o Rraarona.” (Isaia 63:16) Go bonala sentle gore Rraarona yo o kwa legodimong o re kopa gore re mmitse ka leina la gagwe.

Le fa go bitsa Jehofa ka leina la gagwe go le botlhokwa, ruri go itse leina la gagwe go akaretsa dilo di le dintsi. Jehofa o solofetsa motho yo a mo ratang e bile a mo ikanya jaana: “Ke tla mo sireletsa ka gonne o setse a itse leina la me.” (Pesalema 91:14) Eleruri, go itse leina la Modimo go akaretsa dilo di le dintsi e re ka e le sone selo sa botlhokwa gore re sirelediwe ke Modimo. Ka jalo, go tlhokega eng gore o itse leina la ga Jehofa?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela