LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w10 7/1 ts. 30-31
  • Kafa o ka Nnang le Ditsala Tse di Ikanyegang ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa o ka Nnang le Ditsala Tse di Ikanyegang ka Gone
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Senngwa ga Sodoma le Gomora
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Jesu o Fodisa Batho ka Kgakgamatso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • O ne A Latofadiwa ka Maaka!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Jesu o Gakgamatsa Bareetsi ba Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
w10 7/1 ts. 30-31

Tsa Basha

Kafa o ka Nnang le Ditsala Tse di Ikanyegang ka Gone

Ditaelo: Direla porojeke eno mo lefelong le le didimetseng. Fa o ntse o bala ditemana, akanya o na le seabe mo go se se diregang. Bona tiragalo eo ka leitlho la mogopolo. Utlwa mantswe. Ikutlwe kafa batsayakarolo ba konokono ba ikutlwang ka gone. Dira gore pego eno e nne le botshelo.

Batsayakarolo ba Konokono: Jonathane, Dafide le Saulo

Tshobokanyo: Morago ga gore Dafide a bolaye Goliathe, Jonathane o nna tsala e kgolo ya ga Dafide.

1 AKANYA KA KELOTLHOKO KA TIRAGALO ENO.—BALA 1 SAMUELE 17:57–18:11; 19:1; 20:1-17, 41, 42.

Tlhalosa gore o akanya gore Saulo o ne a lebega jang. (Go go thusa: Bona 1 Samuele 10:20-23.)

․․․․․

Dafide o tshwanetse a bo a ne a sa ntse a le mo dingwageng tsa bolesome fa a ne a kopana le Jonathane. O akanya gore o ne a lebega jang? (Go go thusa: Bona 1 Samuele 16:12, 13.)

․․․․․

O akanya gore lentswe la ga Dafide le la ga Jonathane le ne le utlwala jang fa ba ne ba kgaogana jaaka go begilwe kwa bokhutlong jwa 1 Samuele kgaolo 20?

․․․․․

2 DIRA DIPATLISISO TSE DI OKETSEGILENG.

Pego ya re “moya wa ga Jonathane wa bofagana le moya wa ga Dafide”—kgotsa jaaka Baebele ya Tswana Central e e tlhalosa, “Jonathane a tsalana le Dafita.” (1 Samuele 18:1) Dafide o ne a na le dinonofo dife tse di ka tswang di dirile gore Jonathane a atamalane le ene? (Go go thusa: Bona 1 Samuele 17:45, 46.)

․․․․․

Jonathane o ne a feta Dafide ka dingwaga di ka nna 30. O akanya gore ke eng se se ileng sa ba thusa gore e nne “ditsala tse di kgolo,” le fa ba ne ba sa lekane ka dingwaga?

․․․․․

Tsala ya mmatota e na le dinonofo dife jaaka go bontshitswe mo pegong eno e e jesang kgakge? (Go go thusa: Bona Diane 17:17; 18:24.)

․․․․․

Ke ka ntlha yang fa Jonathane a ne a ikanya Dafide go gaisa rraagwe?

․․․․․

3 DIRISA SE O SE ITHUTILENG. KWALA SE O SE ITHUTILENG KA . . .

Botsala.

․․․․․

Boikanyegi.

․․․․․

Go tsalana le batho ba ba godileng.

․․․․․

O ka kgona jang go nna le ditsala tse di molemo?

․․․․․

4 KE KAROLO EFE YA PEGO ENO E E LENG BOTLHOKWA THATA MO GO WENA, MME KA NTLHA YANG?

․․․․․

FA O SE NA BAEBELE, KOPA BASUPI BA GA JEHOFA GORE BA GO NEYE YONE KGOTSA O BALE DIKGATISO TSE DINGWE TSA BAEBELE MO ATERESENG ENO YA INTERNET www.watchtower.org

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela