Tsa Basha
Modimo Ga a Na Tlhaolele
Ditaelo: Direla porojeke eno mo lefelong le le didimetseng. Fa o ntse o bala ditemana, akanya o na le seabe mo go se se diregang. Bona tiragalo eo ka leitlho la mogopolo. Utlwa mantswe. Ikutlwe kafa batsayakarolo ba ikutlwang ka gone. Dira gore pego eno e nne le botshelo.
Batsayakarolo ba Konokono: Korenelio, Petere
Tshobokanyo: Petere o etsa go sa nne tlhaolele ga Modimo ka go rerela Korenelio wa Moditšhaba.
1 KANYA KA KELOTLHOKO KA TIRAGALO ENO.—BALA DITIRO 10:1-35, 44-48.
Tlhalosa gore o akanya gore Korenelio o ne a lebega jang.
․․․․․
O akanya gore Korenelio o ne a ikutlwa jang fa a ne a bua le moengele jaaka go tlhalositswe mo go temana 3 go ya go 6?
․․․․․
O akanya gore Korenelio le batlhokomedi ba gagwe ba ne ba bua ka eng, jaaka go umakilwe mo go temana 7 le 8?
․․․․․
2 DIRA DIPATLISISO TSE DI OKETSEGILENG.
Ke ka ntlha yang fa setshwantsho se se ileng sa dirisiwa go thusa Petere se se mo go temana 10 go ya go 16 se ile sa nna le matswela? (Go go thusa: E re ka Petere e ne e le Mojuda, akanya ka se a neng a tlwaetse go se dira jaaka go bontshitswe mo go temana 14.)
․․․․․
Temana 25 e dira gore o lemoge nonofo efe ya ga Korenelio? Ke eng fa go ka tswa go sa tlwaelega gore motho wa maemo a gagwe a nne le nonofo eno? (Go go thusa: Bala temana 1.)
․․․․․
O dirisa didirisiwa tse o nang le tsone tsa go dira dipatlisiso, batlisisa gore mophato wa masole wa Itali o Korenelio a neng a o okametse o ne o na le banna ba le kae.
․․․․․
Ke eng fa go sokologa ga ga Korenelio go ne go tlhomologile jaana?
․․․․․
3 DIRISA SE O SE ITHUTILENG. KWALA SE O SE ITHUTILENG KA . . .
Go dirisa ditshwantsho ka tsela e e nang le matswela.
․․․․․
Go se nne tlhaolele ga Modimo.
․․․․․
Kafa le wena o ka bontshang ka gone gore ga o na tlhaolele.
․․․․․
4 KE KAROLO EFE YA PEGO ENO E E LENG BOTLHOKWA THATA MO GO WENA, MME KA NTLHA YANG?
․․․․․
FA O SE NA BAEBELE, KOPA BASUPI BA GA JEHOFA GORE BA GO NEYE YONE KGOTSA O BALE DIKGATISO TSE DINGWE TSA BAEBELE MO ATERESENG ENO YA INTERNET www.watchtower.org