LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w10 11/1 ts. 3
  • A go Ka Kgonega Gore Motho a Ritibale?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A go Ka Kgonega Gore Motho a Ritibale?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o “Ithutile go Kgotsofala”?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2025
  • Bona Kgotsofalo ka go Dirisa Melaometheo ya Baebele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • O ka Boloka Jang Pono e e Lekalekaneng ka Madi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Tlhopha Ditsala Tsa Gago ka Botlhale
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
w10 11/1 ts. 3

A go Ka Kgonega Gore Motho a Ritibale?

“Go ritibala go dira gore bahumanegi ba hume; go se ritibale go dira gore bahumi ba humanege.”—Benjamin Franklin.

GO DUMALANA le seane seno, batho ba le bantsi ba lemogile gore go ritibala ga go ka ke ga rekwa. Ga go gakgamatse go bo go ritibala—boikutlo jwa go kgotsofala—go lebega go ka se kgonege mo lefatsheng leno le le rotloetsang batho go eletsa go nna le dithoto tse dintsi, go fitlhelela maemo a a kwa godimo kgotsa go eletsa tsela e batho ba bangwe ba tshelang ka yone! A go na le sengwe sa dilo tse di latelang se se ileng sa go ama?

• Babapatsi ba dira gore o nne le kgopolo ya gore o ka ritibala fa o ka reka dithoto tse di oketsegileng.

• Kgaisano ya kwa tirong kgotsa kwa sekolong e dira gore o ipone o le botlhokwa fela fa o kgona go dira se batho ba bangwe ba kgonang go se dira.

• Batho ga ba anaanele se o ba direlang sone.

• Ditsala di dira gore o tswele se ba nang le sone pelo.

• Ga o bone dikarabo tsa dipotso tse di botlhokwa tse o ipotsang tsone ka botshelo.

A ruri go ka kgonega gore motho a ritibale le fa go na le dikgwetlho tseno? Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka “sephiri sa go ritibala.” Ka dinako tse dingwe o ne a na le mo gontsi mme ka dinako tse dingwe o ne a na le mo gonnye. Ditsala tsa gagwe di ne di mo rata mme batho ba bangwe ba ne ba mo kgoba. Le fa go ntse jalo, o ne a re o “ithutile go ritibala le fa maemo e ka nna afe.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona; Bafilipi 4:11, 12, New International Version.

Go ritibala ke sephiri mo bathong ba ba iseng ba tseye kgato ya gore ba ritibale mme jaaka Paulo a bolela se ka ithutiwa. Jaanong a re sekaseke diphiri kgotsa ditsela di le tlhano tsa go ritibala tse di mo Lefokong la Modimo, Baebele.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela