LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w10 11/1 ts. 4
  • Rata Batho, E Seng Madi le Dithoto

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Rata Batho, E Seng Madi le Dithoto
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Madi
    Tsogang!—2014
  • A madi ke modi wa dilo tsotlhe tse di bosula?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • O ka Boloka Jang Pono e e Lekalekaneng ka Madi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Go Kgotsofala le go Abela ba Bangwe
    Tsogang!—2018
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
w10 11/1 ts. 4

Tsela 1

Rata Batho, E Seng Madi le Dithoto

BAEBELE E RUTA ENG? “Lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko.”—1 Timotheo 6:10.

RE KA LEBANA LE KGWETLHO EFE? Babapatsi ba re tlhotlheletsa gore re se ka ra kgotsofalela se re nang le sone. Ba batla gore re nnele go bereka gore re nne le madi a re ka a dirisang go reka dilo tse disha, tse di botoka le tse dikgolwane. Madi a a raela mme go ka nna motlhofo gore re a rate fela thata. Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhagisa gore motho yo o ratang dikhumo, le ka motlha a ka se ritibale. Kgosi Solomone o ne a kwala jaana: “Morati wa selefera ga a kitla a kgotsofadiwa ke selefera, le fa e le morati ope wa khumo ga a kitla a kgotsofadiwa ke madi a lotseno.”—Moreri 5:10.

O KA DIRANG? Etsa Jesu mme o ithute go rata batho go gaisa dithoto. Jesu o ne a ikeetleeleditse go ithontsha sotlhe se a neng a na le sone—le e leng botshelo jwa gagwe tota—ka gonne a rata batho. (Johane 15:13) O ne a re: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Fa re itlwaetsa go dirisa nako ya rona le dithoto go thusa ba bangwe, batho ba bangwe ba tla re direla fela jalo. Jesu o ne a re: “Itlwaetseng go aba, mme batho ba tla lo abela.” (Luke 6:38) Batho ba ba gagamalelang go nna le madi le dithoto ba ipakela kutlobotlhoko le go boga. (1 Timotheo 6:9, 10) Ka fa letlhakoreng le lengwe, go ritibala ga mmatota go lerwe ke go rata batho le go ratwa.

Ke ka ntlha yang fa o sa sekaseke tsela e o tshelang ka yone go bona gore a o ka tlhofofatsa botshelo jwa gago? A o ka fokotsa dithoto tse o nang le tsone kgotsa tse o batlang go di reka? Fa o ka dira jalo, o ka nna wa fitlhela o na le nako e ntsi le maatla a go dira dilo tse di botlhokwa thata mo botshelong—go thusa batho le go direla Modimo, yo o go neileng dilo tsotlhe tse o nang le tsone.—Mathaio 6:24; Ditiro 17:28.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

“Itlwaetseng go aba, mme batho ba tla lo abela”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela