LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w10 11/1 ts. 30
  • “O Tla Dira Gore o Mmone”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “O Tla Dira Gore o Mmone”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Anaanela Jesu—Dafide yo Mogolwane le Solomone yo Mogolwane
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Solomone ke Kgosi e e Botlhale
    Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
  • A ke Sekao se se Molemo mo go Wena Kgotsa ke Tlhagiso?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • “Nthuta go Dira Thato ya Gago”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
w10 11/1 ts. 30

Atamalana le Modimo

“O Tla Dira Gore o Mmone”

1 DITIRAGALO 28:9

A O ITSE Modimo? Go araba potso eo ga go motlhofo jaaka o ka akanya. Go itse Modimo tota go akaretsa go itse thato ya gagwe sentle le tsela e a dirang dilo ka yone. Go itse seo go dira gore re atamalane le ene ka tsela e e amang botshelo jwa rona jotlhe. A ruri go ka kgonega go atamalana le ene jalo? Fa go le jalo, re ka atamalana le ene jang? Re ka bona dikarabo mo kgakololong e Kgosi Dafide a neng a e naya morwawe e bong Solomone, e e mo go 1 Ditiragalo 28:9.

Akanya ka tiragalo eno. Dafide o na le dingwaga di ka nna 40 a busa Baiseraele, mme setšhaba seno se ntse se atlega mo pusong ya gagwe. Solomone, yo o tlogang a mo tlhatlhama, o sa ntse a le mosha thata. (1 Ditiragalo 29:1) Pele Dafide a swa, o naya morwawe kgakololo efe ya bofelo?

Dafide o simolola jaana, a akantse ka se se mo diragaletseng fa a ntse a direla Modimo: “Solomone morwaaka, itse Modimo wa ga rrago.” Dafide o tshwanetse a bo a kaya se se fetang go itse dilo dingwe ka Modimo. O bua jalo Solomone e ntse e le moobamedi wa Modimo wa ga Dafide e bong Jehofa. Karolo e e fetang halofo ya Dikwalo Tsa Sehebera e setse e weditswe, mme ga go pelaelo gore Solomone o itse se mekwalo eno e e boitshepo e se buang ka Modimo. Mokanoki mongwe a re lefoko le le ranotsweng go twe “itse” le ka kaya “go atamalana thata le mongwe.” Ee, Dafide o batla gore morwawe a nne le se ene Dafide a neng a se tsaya se le botlhokwa—kamano e e gaufiufi le Modimo.

Kamano e e gaufi jalo e tshwanetse go ama thata tsela e Solomone a lebang botshelo ka yone le e a tshelang ka yone. Dafide o gakolola morwawe jaana: “Mo direle [Modimo] ka pelo e e feletseng le ka moya o o itumetseng.”a Ela tlhoko gore kgakololo ya gore Solomone a direle Modimo e tla morago ga kgakololo ya gore a mo itse. Go itse Modimo tota go felela ka gore re mo direle. Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go mo direla ka go okaoka ka pelo e e sa felelang kgotsa re itimokanya ka gonne re le pelopedi. (Pesalema 12:2; 119:113) Dafide o kgothaletsa morwawe gore a direle Modimo ka pelo yotlhe le ka go rata.

Ke ka ntlha yang fa Dafide a kgothaletsa morwawe gore a obamele a na le boikaelelo le boikutlo jo bo siameng? Dafide o tlhalosa jaana: “Gonne Jehofa o hukutsa dipelo tsotlhe, e bile o lemoga tshekamelo nngwe le nngwe ya dikakanyo.” Solomone ga a tshwanela go direla Modimo fela gore a itumedise rraagwe e bong Dafide. Modimo o batla batho ba ba batlang go mo direla ka bopeloephepa.

A Solomone o tla latela sekao sa ga rraagwe mme a atamalane le Jehofa? Eno ke tshwetso e Solomone a tla itirelang yone. Dafide o raya morwawe a re: “Fa o mmatla, o tla dira gore o mmone; mme fa o mo tlogela, o tla go latlha ka bosaengkae.” Gore Solomone e nne moobamedi yo o atamalaneng le Modimo, o tshwanetse go dira ka natla gore a itse Jehofa.b

Kgakololo e Dafide a neng a e ntsha jaaka rre yo o lorato e re tlhomamisetsa gore Jehofa o batla gore re atamalane le ene. Le fa go ntse jalo, gore re atamalane le ene re tshwanetse go “mmatla” ka go sekaseka Dikwalo ka boikaelelo jwa gore re mo itse sentle. Go mo itse go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re mo direle ka pelo yotlhe le ka go rata. Jehofa o batla gore re mo direle ka tsela eo e bile o tshwanelwa ke gore baobamedi ba gagwe ba mo obamele jalo.—Mathaio 22:37.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Dithanolo tse dingwe tsone di balega jaana: “Mo direle ka pelo yotlhe le ka mogopolo o o ratang.”

b Ka maswabi, le fa kwa tshimologong Solomone a ne a direla Modimo ka pelo e e feletseng, ga a ka a tswelela a ikanyega.—1 Dikgosi 11:4.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela