LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w10 11/15 ts. 20-21
  • ‘Mma re Iseng Tshupelo ya ga Jehofa’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Mma re Iseng Tshupelo ya ga Jehofa’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Direla Modimo ka “Pelo e le Nngwe le Moya o le Mongwe Fela”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Go Aba ka Boitumelo go Tswa Pelong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • A o Bona Boipelo mo ‘Tshiamelong ya go Aba ka Bopelonomi’?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • “Tshegofatso ya ga Jehofa—Ke Yone e e Humisang”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
w10 11/15 ts. 20-21

‘Mma re Iseng Tshupelo ya ga Jehofa’

FA MONGWE a go direla sengwe se se molemo o mo leboga jang? Ela tlhoko kafa dikgosana tsa masole tsa kwa Iseraele di neng tsa bontsha tebogo ka teng fa di sena go lwa le Bamidiana. Ntwa eo e lolwe fa Iseraele a sena go leofela Modimo ka go obamela Baale wa Peore. Modimo o ne a thusa batho ba gagwe gore ba fenye, mme thopo e ne ya kgaoganyediwa masole a le 12 000 le Baiseraele ba bangwe botlhe. Go ya ka se Jehofa a neng a se laetse, masole a ne a abela baperesiti karolo nngwe ya thopo ya one, mme Baiseraele ba bangwe bone ba ne ba naya Balefi karolo e e lekanang le eo.—Dipa. 31:1-5, 25-30.

Le fa go ntse jalo, dikgosana tsa masole di ne di batla go dira se se fetang seo. Ba ne ba raya Moshe ba re: “Batlhanka ba gago ba tsere palo ya banna ba ntwa ba ba mo tlhokomelong ya rona mme ga go na le fa e le a le mongwe yo o begilweng a seyo mo go rona.” Ba ne ba swetsa ka gore ba isetse Jehofa tshupelo ya gouta le mekgabiso e e farologaneng. Mekgabiso eo yotlhe ya gouta e ne e le bokete jwa dikilogerama di feta 190.—Dipa. 31:49-54.

Le gompieno, batho ba le bantsi ba tlhotlheletsega go leboga Jehofa ka se a ba diretseng sone. Tota e bile, batlhanka ba Modimo ba ba ineetseng ga se bone fela ba ba ikutlwang jalo. Ka sekai, akanya ka mokgweetsi wa bese yo o neng a pegile setlhopha sa batlakopanong fa ba ya kopanong le fa ba tswa kwa kopanong ya boditšhabatšhaba e e neng e tshwaretswe kwa setediamong sa Bologna kwa Italy ka 2009. E re ka a ne a kgweetsa ka kelotlhoko e bile a ritibetse maikutlo, bapagami ba ne ba swetsa ka gore ba mo neye karata le madi a go mo leboga mmogo le buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? Fa mokgweetsi a sena go di amogela o ne a re: “Ke lebogela karata le buka mme madi one ke a a busa ka gonne ke rata go ntsha moneelo gore lo kgone go tswelela ka tiro e lo e dirang. Le fa ke se Mosupi wa ga Jehofa, ke batla go neela ka gonne ke bone gore lo tlhotlhelediwa ke lorato mo dilong tse lo di dirang.”

Tsela e nngwe e o ka bontshang ka yone gore o lebogela dilo tse Jehofa a go diretseng tsone, ke ka go ntshetsa tiro ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa moneelo. (Math. 24:14) Ditsela tse bangwe ba tlhophang go aba ka tsone di bontshitswe mo lebokoseng leno.

DITSELA TSE BANGWE BA TLHOPHANG GO ABA KA TSONE

MENEELO YA TIRO YA LEFATSHE LOTLHE

Batho ba le bantsi ba beela madi mangwe kwa thoko gore ba a tsenye mo mabokosong a moneelo a a tshwailweng “Tiro ya Lefatshe Lotlhe.”

Kgwedi le kgwedi, diphuthego di romela madi ano kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e e tlhokometseng naga ya tsone. Meneelo ya madi e e ntshiwang ka go rata gape e ka romelwa ka tlhamalalo kwa Watch Tower Bible and Tract Society of South Africa, Attention: Accounting Office, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa, kana kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa ya naga ya gaeno. (Meneelo e e ntshiwang ka go rata e e bontshitsweng mo karolong e e fa tlase le yone e ka nna ya romelwa kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e e mo nageng ya gaeno.) Ditšheke tse di romelwang mo atereseng e e fa godimo di tshwanetse go kwalwa ka leina la “Watch Tower Society.” Dibenyane le dilo tse dingwe tse di tlhwatlhwakgolo le tsone di ka ntshiwa moneelo. Ka jalo, go tla tlhokega gore meneelo eno e romelwe le lekwalo le le khutshwane le le tlhalosang gore moneelo oo ke mpho.

GO ABA MO GO RULAGANTSWENG

Mo godimo ga go ntsha dimpho tsa madi ka tlhamalalo, go na le mekgwa e mengwe gape ya go aba e e ka solegelang tiro ya Bogosi ya lefatshe lotlhe molemo. E akaretsa:

Inshorense:

Mokgatlho wa Watch Tower Bible and Tract Society of South Africa o ka kwalwa gore ke one o tla amogelang madi a inshorense morago ga loso lwa gago kana a thulaganyo ya go tlogela tiro/phenshene.

Ditoko le Dibonto:

Ditoko le dibonto di ka abelwa Watch Tower Bible and Tract Society of South Africa e le dimpho kana Watch Tower Bible and Tract Society of South Africa e ka kwalwa gore e nne yone e newang madi a gago fa o sena go tlhokafala.

Ditsha le Dikago:

Ditsha le dikago di ka abiwa e le mpho kana fa e le lefelo la bonno go kwalwe gore mong wa lone o tla tswelela a nna mo go lone fa a sa ntse a tshela. Ikgolaganye le ofisi ya lekala ya naga ya gaeno pele ga o kwadisa ditsha le dikago.

Diwili:

Dithoto kana madi a ka tlogelelwa mokgatlho wa Watch Tower Bible and Tract Society of South Africa ka wili e e kwadilweng semolao.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng o ka ikgolaganya le Accounting Office ka mogala kana ka go e kwalela mo atereseng e e kwadilweng fano kana o ka ikgolaganya le ofisi ya lekala e e tlhokometseng naga ya gaeno.

Accounting Office

Watch Tower Bible and Tract Society of South Africa

Private Bag X2067

Krugersdorp

1740

South Africa

Nomoro ya mogala: 011 761 1000

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela