Tsa Basha
Femela Kobamelo ya Boammaaruri!
Ditaelo: Direla porojeke eno mo lefelong le le didimetseng. Fa o ntse o bala ditemana, akanya o na le seabe mo go se se diregang. Bona tiragalo ka leitlho la mogopolo. Utlwa mantswe. Ikutlwe kafa batsayakarolo ba ikutlwang ka gone. Dira gore pego e nne le botshelo.
Batsayakarolo ba konokono: Elija, Ahabe le baporofeti ba ga Baale ba ka nna 450
Tshobokanyo: Elija o supa gore Jehofa o maatla go feta Baale.
1 AKANYA KA KELOTLHOKO KA TIRAGALO ENO.—BALA 1 DIKGOSI 18:17-40.
Dirisa pampiri e nngwe go dira setshwantsho se se bontshang gore Elija le baporofeti ba ga Baale ba ne ba eme fa kae le gore dibeso di ne di le fa kae.
O akanya gore go utlwala medumo efe mo tlhakatlhakanong e e tlhalosiwang mo go temana 26 go ya go 29?
․․․․․
O akanya gore Elija o ikutlwa jang fa a ntse a bua le baporofeti ba ga Baale?
․․․․․
2 DIRA DIPATLISISO TSE DI OKETSEGILENG.
Ke ka ntlha yang fa go ne go tlhokega gore Elija a nne pelokgale fa a ne a ya kwa go Ahabe go tswa foo a bo a dira sengwe se se neng se tla tlhabisa baporofeti ba ga Baale ba le makgolokgolo ditlhong? (Ntlha e e ka thusang: Bala 1 Dikgosi 18:4, 13, 14.)
․․․․․
O dirisa didirisiwa tse o nang le tsone tsa go dira dipatlisiso, batlisisa ka kobamelo ya ga Baale. Ka sekai, go ne go dirwa dilo dife mo kobamelong eo? Kobamelo ya ga Baale e ne e ama Baiseraele jang?
․․․․․
O akanya gore ke ka ntlha yang fa Elija a ile a epa mosele go dikologa sebeso sa ga Jehofa a bo a laela gore o tladiwe ka metsi?
․․․․․
3 DIRISA SE O SE ITHUTILENG. KWALA SE O SE ITHUTILENG KA . . .
Bopelokgale jo motho a bo tlhokang gore a femele kobamelo ya boammaaruri.
․․․․․
Melemo e e bonwang ke batho ba ba bontshang bopelokgale jo bo ntseng jalo.
․․․․․
DINTLHA TSE DINGWE TSE O KA DI DIRISANG.
O ka bontsha bopelokgale jwa go femela kobamelo ya boammaaruri mo dilong dife mo botshelong jwa gago?
․․․․․
4 KE KAROLO EFE YA PEGO ENO E E LENG BOTLHOKWA THATA MO GO WENA, MME KA NTLHA YANG?
․․․․․
Fa o se na Baebele, kopa Basupi ba ga Jehofa gore ba go neye yone kgotsa o bale dikgatiso tse dingwe tsa baebele mo atereseng eno ya internet www.watchtower.org
[Lebokoso mo go tsebe 31]
Tshedimosetso Malebana le Dikopano Tsa Kgaolo
Tshedimosetso e e malebana le matlha le mafelo a dikopano tsa kgaolo tsa ngwaga le ngwaga e ka bonwa mo atereseng ya Internet ya jw.org.