O na Le Lebaka la go Ipela
POPO yotlhe e dirilwe ka thulaganyo, go tswa go sele e nnyennye go ya go masagaripa a magolo a a rulagantsweng ka ditlhopha tsa dinaledi. Seno ga se gakgamatse ka gonne Mmopi ‘ga se Modimo wa tlhakatlhakano.’ (1 Bakor. 14:33) Thulaganyo ya Modimo ya kobamelo le yone e a kgatlha. Akanya ka se Jehofa a se dirileng. O dirile ditshedi di le dimilione di le makgolo tse di botlhale—tsa nama le tsa moya—tse di nang le kgololesego ya go itlhophela, tsotlhe di kopane mmogo mo kobamelong e e itshekileng. A bo e le selo se sentle jang ne!
Kwa Iseraele wa bogologolo, phuthego ya Modimo ya mo lefatsheng e ne e emelwa ke Jerusalema, kwa tempele ya ga Jehofa e neng e le gone le kwa kgosi e e tlhophilweng e neng e nna gone. Moiseraele mongwe yo e neng e le motshwarwa kwa Babelona o ne a bua jaana a ntsha maikutlo a gagwe ka motse o o boitshepo: “A loleme lwa me lo ngaparele magalapa a me, fa ke ne nka se go gakologelwe, fa ke ne nka se dire gore Jerusalema a tlhatlogele kwa godimo ga lebaka la me le legolo la go ipela.”—Pes. 137:6.
A ke kafa o ikutlwang ka gone ka phuthego ya Modimo gompieno? A e dira gore o itumele go feta kafa sepe fela se ka go itumedisang ka gone? A bana ba gago ba tlhaloganya kwa phuthego ya Modimo ya mo lefatsheng e tswang gone le tiro ya yone? A ba tlhaloganya gore bone ke karolo ya bakaulengwe ba lefatshe lotlhe ba Basupi ba ga Jehofa? (1 Pet. 2:17) Ke eng fa o sa dirise dikakantsho tse di latelang mo maitseboeng a lona a Kobamelo ya Lelapa gore o godise tsela e lelapa la gago le anaanelang phuthego ya ga Jehofa ka yone?
Anela ka ‘Metlha ya Bogologolo’
Ngwaga le ngwaga, malapa a Baiseraele a ne a kopana mmogo go keteka Tlolaganyo. Fa moletlo oo o ne o tlhomiwa, Moshe o ne a laela batho jaana: “Go tla diragala gore fa morwao a ka go botsa moragonyana, a re, ‘Seno se kayang?’ o mo reye o re, ‘Jehofa o ne a re ntsha kwa Egepeto ka seatla se se nonofileng, mo ntlong ya makgoba.’” (Ekes. 13:14) Tsela e Jehofa a neng a dirisana le Baiseraele ka yone e ne e sa tshwanela go nna tiragalo e e lebetsweng. Eleruri, borre ba le bantsi ba Baiseraele ba ne ba latela taelo ya ga Moshe. Dingwaga di le dintsi morago ga foo, Moiseraele mongwe o ne a rapela jaana: “Modimo, re utlwile ka ditsebe tsa rona, borraaronamogologolwane ba re boleletse tiro e o e dirileng mo metlheng ya bone, mo metlheng ya bogologolo.”—Pes. 44:1.
Mo basheng gompieno, dilo tse di diragaletseng Basupi ba ga Jehofa mo dingwageng tse di ka nnang 100 tse di fetileng, di ka tshwana le tsa ‘metlha ya bogologolo.’ O ka dira jang gore ditiragalo tseno e nne tsa mmatota mo baneng ba gago? Batsadi bangwe ba ile ba dira seno ba dirisa dibuka tse di jaaka Jehovah’s Witnesses—Proclaimers of God’s Kingdom le Yearbook, maitemogelo a a gatisiwang mo dikgatisong tsa rona, le dipego dingwe tsa hisitori ya bodiredi go akaretsa le DVD ya rona e ntšha e e buang ka batho ba Modimo mo motlheng wa rona. Dibidio tse di malebana le go bogisiwa ga bakaulengwe ba rona kwa Soviet Union le kwa Jeremane ya Bonasi di ka ruta malapa a rona gore a ikaege ka Jehofa fa ba lebane le diteko. Dira gore go ithutiwe dilo tseno mo maitseboeng a Kobamelo ya Lelapa. Seno se tla nonotsha tumelo ya bana ba gago fa go ka direga gore ba lebane le dilo tse di gwetlhang boikanyegi jwa bone.
Le fa go ntse jalo, go ithuta ka dilo tsa bogologolo go ka lapisa basha pelo ka bonako. Ka jalo dira gore bana ba gago ba nne le seabe. Ka sekai, o ka kopa ngwana wa gago go tlhopha naga e e mo kgatlhang, a dire dipatlisiso ka hisitori ya bodiredi ya naga eo, mme a bolelele lelapa ka se a se ithutileng. Mo phuthegong ya lona go ka tswa go na le Bakeresete ba ba sa bolong go direla ka boikanyegi ba o ka ba laletsang gore ba nne le lona mo maitseboeng mangwe a kobamelo ya lelapa. Gongwe morwadio a ka ba botsolotsa mme a dira gore ba ntshe maikutlo a bone, ba bo ba anele maitemogelo a bone. Kgotsa o ka dira gore ngwana wa gago a take ditshwantsho tsa ditiragalo tsa bogologolo tsa bodiredi tse di jaaka go agiwa ga lekala, kopano ya ditšhabatšhaba kgotsa go dirisiwa ga fonokerafa mo tirelong ya ntlo le ntlo.
Ithute Kafa ‘Karolo Nngwe le Nngwe e Dirang Tiro ya Yone’ ka Gone
Moaposetoloi Paulo o ne a bapisa phuthego ya Bokeresete le “mmele otlhe o o kopantsweng mmogo e bile o tshwaragantswe ka go tshegediwa ke mosifa mongwe le mongwe o o nayang se se tlhokwang, [o o ntseng] o gola mme o ikaga mo loratong fa karolo nngwe le nngwe e dira tiro ya yone.” (Baef. 4:16, New International Version) Go ithuta kafa mmele wa motho o dirang ka gone, go tla dira gore re anaanele Mmopi wa rona thata le go mo tlotla. Ka tsela e e tshwanang, fa re tlhatlhoba kafa phuthego ya lefatshe lotlhe e dirang ka gone, re gakgamalela “botlhale jo bo methalethale jwa Modimo.”—Baef. 3:10.
Jehofa o tlhalosa kafa phuthego ya gagwe e e akaretsang ya kwa legodimong e dirang ka gone. Ka sekai, o re bolelela gore o ne a simolola ka go naya Jesu Keresete tshenolo, mme ene “a roma moengele wa gagwe mme ka ene a e neela motlhanka wa gagwe Johane ka ditshupo, yo o neng a naya bosupi.” (Tshen. 1:1, 2) Fa Modimo a senola gore karolo e e bonalang ya phuthego ya gagwe e dira jang, a o ne a ka se batle gore re tlhaloganye gore ‘karolo nngwe le nngwe e e mo lefatsheng e dira tiro ya yone’ jang?
Ka sekai, fa e le gore molebedi wa potologo o tla tloga a etela phuthego ya lona, ke eng fa wena le lelapa la gago le sa sekaseke ditiro tsa balebedi ba ba etang le masego a ba a bonang? Ba thusa mongwe le mongwe wa rona jang? Dipotso dingwe tse lo ka di sekasekang di akaretsa tseno: Ke eng fa go le botlhokwa go bega tirelo ya tshimo? Phuthego ya Modimo e bona kae madi? Setlhopha se se Laolang se rulagantswe jang, mme se re naya jang dijo tsa semoya?
Fa re tlhaloganya kafa batho ba ga Jehofa ba rulagantsweng ka gone, re solegelwa molemo ka ditsela di ka nna tharo: Kanaanelo ya rona malebana le ba ba re direlang tiro e e bokete, e a gola. (1 Bathes. 5:12, 13) Re tlhotlhelediwa go ema nokeng dithulaganyo tsa bodiredi. (Dit. 16:4, 5) Kwa bokhutlong, tsela e re ikanyang ba ba etelelang pele ka yone e a nonotshiwa fa re bona mabaka a Dikwalo a ditshwetso le dithulaganyo tse ba di dirang.—Baheb. 13:7.
“Tlhatlhobang Ditora Tsa Yone”
“Gwantang go dikologa Siona, mme lo e potologe, balang ditora tsa yone. Tlhomang dipelo tsa lona mo lorakong lwa yone lwa phemelo. Tlhatlhobang ditora tsa yone tsa bonno, gore lo tle lo go bolelele kokomana ya isagwe.” (Pes. 48:12, 13) Fano mopesalema o ne a rotloetsa Baiseraele gore ba bonele Jerusalema gaufi. A o ka akanya kafa malapa a Baiseraele a a neng a nna a ya meletlong ya ngwaga le ngwaga kwa Jerusalema mme a bona tempele e ntle, a neng a tla nna a e gakologelwa ka gone? Ba tshwanetse ba bo ba ile ba tlhotlheletsega go ‘bolelela dikokomana tse di latelang.’
Akanya ka kgosigadi ya Sheba, yo kwa tshimologong a neng a belaela dipego tsa puso e ntle ya ga Solomone le botlhale jwa gagwe jo bogolo. Ke eng se se neng sa mo tlhatswa pelo gore dilo tse a di utlwileng di ne di le boammaaruri? O ne a re: “Ga ke a ka ka dumela mafoko a bone go fitlha ke tla gore matlho a me a tle a bone.” (2 Ditir. 9:6) Ee, se re se bonang ka ‘matlho a rona,’ se ka re tlhotlheletsa thata.
O ka thusa jang bana ba gago go bona dilo tse di gakgamatsang tsa phuthego ya ga Jehofa ka ‘matlho a bone’? Fa go na le ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa gaufi le legae la gago, tsaya matsapa a go e etela. Ka sekai, Mandy le Bethany ba goletse kwa lefelong le le ka nnang dikilometara di le 1 500 go tswa kwa legaeng la Bethele la naga ya bone. Le fa go ntse jalo, batsadi ba bone ba ne ba nna ba rulaganya maeto gangwe le gape go ya go bona lefelo leno, segolobogolo fa bomorwadiabone ba ntse ba gola. Ba re: “Pele ga re etela Bethele, re ne re akanya gore ke lefelo lengwe le le sisibetseng la batho ba ba godileng fela. Mme re ne ra kopana le basha ba ba neng ba direla Jehofa ka natla mme ba itumelela seo! Re ne ra bona gore phuthego ya ga Jehofa e ne e sa felele fela mo lefelong le lennye le re neng re tshela mo go lone, mme fa re nna re etela Bethele re ne ra nna re atamalana le Jehofa e bile re tlhotlheletsega go mo direla.” Go bonela phuthego ya Modimo gaufi go ne ga tlhotlheletsa Mandy le Bethany go simolola go bulatsela, mme ba ne ba kopiwa go tla go thusa kwa Bethele ka nakwana.
Re na le tsela e nngwe ya go “bona” phuthego ya ga Jehofa, tsela e e neng e se teng kwa Iseraele wa bogologolo. Mo dingwageng tsa bosheng, batho ba Modimo ba ne ba amogela dibidio le di-DVD tse di jaaka: Jehovah’s Witnesses—Organized to Share the Good News, Our Whole Association of Brothers, To the Ends of the Earth, le United by Divine Teaching, tse di tlhalosang dikarolo tse di farologaneng tsa phuthego ya Modimo. Fa wena le ba lelapa la gago le bona tiro e ntsi e e dirwang ke badiredi ba Bethele, batho ba ba thusang mo tirong ya namolo, barongwa le bakaulengwe ba ba baakanyetsang le go rulaganya dikopano tse dikgolo, kanaanelo e lo nang le yone ka bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe e tla gola mo dipelong tsa lona.
Phuthego nngwe le nngwe ya batho ba Modimo e na le seabe sa botlhokwa mo go rereng dikgang tse di molemo le go ema nokeng Bakeresete ba mo lefelong la bone. Le fa go ntse jalo, tsaya nako le lelapa la gago go gakologelwa “bakaulengwe botlhe ba lona mo lefatsheng.” Seno se tla go thusa wena mmogo le bana ba gago go nna lo “nonofile mo tumelong,” lo ela tlhoko gore lo na le lebaka la go ipela.—1 Pet. 5:9.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 18]
Phuthego ya Modimo—Setlhogo se se Molemo go ka Ithutiwa
Re na le dilo di le dintsi tse di ka thusang botlhe go ithuta go le gontsi ka gore phuthego ya ga Jehofa e simologile kae le ka tiro ya yone. Dipotso tse di latelang di ka lo thusa gore lo ithute ka yone:
☞ Tiro ya motlha wa gompieno e e dirwang ke balebedi ba ba etang e simologile jang?—Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo, tsebe 222-227.
☞ Ke eng se se neng se tlhomologile ka “Letsatsi la Bana” kwa Kopanong ya Puso ya Modimo ka 1941?—Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo, tsebe 86, 88.
☞ Setlhopha se se Laolang se dira jang ditshwetso?—Go “Naya Bosupi ka Botlalo” ka Bogosi Jwa Modimo, tsebe 108-114.