LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w11 5/1 ts. 4
  • Polelelopele 1. Dithoromo Tsa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Polelelopele 1. Dithoromo Tsa Lefatshe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dithoromo Tsa Lefatshe, Boporofeti Jwa Baebele le Wena
    Tsogang!—2002
  • Dithoromo tsa Lefatshe—Masetlapelo a a Boitshegang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Go Lebeletswe Dithoromo Tse Dingwe Tse Dikgolo
    Tsogang!—2010
  • Go Sekaseka Thoromo ya Lefatshe
    Tsogang!—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
w11 5/1 ts. 4

Polelelopele 1. Dithoromo Tsa Lefatshe

“Go tla nna le dithoromo tsa lefatshe tse dikgolo.”—LUKE 21:11.

● Winnie wa dikgwedi di le 16 o ne a ntshiwa ka fa tlase ga moago o o gosomantsweng ke thoromo ya lefatshe kwa Haiti. Babereki ba seteishene sa thelebishene ba ba neng ba bega ka masetlapelo ao, ba ne ba mo utlwile a lela ka lentswenyana le le kwa tlase. O ne a falola mo thoromong eo ya lefatshe mme batsadi ba gagwe bone ba ne ba swa.

DITIRAGALO DI BONTSHA ENG? Fa Haiti e ne e itewa ke thoromo ya lefatshe ya bogolo jwa 7,0 ka January 2010, go ne ga swa batho ba feta 300 000. Ka yone nako eo, batho ba bangwe ba le dimilione di le 1,3 ba ne ba sala ba se na magae. Le fa thoromo ya lefatshe ya kwa Haiti e ne e le kgolo, ga se yone fela e e kileng ya direga. Fa gare ga April 2009 le April 2010, go ne ga nna le dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe di ka nna 18 mo lefatsheng lotlhe.

GANTSI BATHO BA GANETSA BA RENG? Dithoromo tsa lefatshe ga di ntsifale; ke fela gore mo metlheng eno batho ba itse ka tsone go feta pele ka ntlha ya botegeniki jwa gompieno.

A GO A UTLWALA GO BO BA GANETSA JALO? Ela tlhoko ntlha eno: Baebele ga e gatelele palo ya dithoromo tsa lefatshe tse di diregang mo metlheng ya bofelo. Le fa go ntse jalo, ya re go tla nna le “dithoromo tsa lefatshe tse dikgolo, . . . mo mafelong ka go latelana,” mme seo se dira gore dithoromo tsa lefatshe e nne lengwe la matshwao a motlha ono wa botlhokwa mo hisitoring.—Mareko 13:8; Luke 21:11.

O AKANYANG? A go direga dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe jaaka Baebele e boleletse pele?

Dithoromo tsa lefatshe ka botsone fela di ka tswa di sa lebege e le bosupi jo bo feletseng jwa gore re tshela mo metlheng ya bofelo. Le fa go ntse jalo, polelelopele e e malebana le dithoromo tsa lefatshe ga se yone fela e e diragadiwang. A re sekasekeng ya bobedi.

[Mafoko a a mo go tsebe 4]

“Rona [baithutafatshe ba fisikisi] ra re ke dithoromo tse dikgolo tsa lefatshe. Batho ba bangwe bone ba re ke tse di maswe.”—KEN HUDNUT, U.S. GEOLOGICAL SURVEY.

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 4]

© William Daniels/Panos Pictures

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela