A Bana ba Tshwanetse go Rutiwa ka Modimo?
“Kitso e re nang le yone ya bodumedi e dira fela gore re tlhoe batho ba bangwe, ga e a lekana go dira gore re ratane.”—JONATHAN SWIFT, MOKWADI WA MOESEMANE.
SWIFT o ne a bua mafoko ao mo lekgolong la bo18 la dingwaga, mme batho ba le bantsi gompieno ba ne ba ka dumalana le ene. Tota e bile bangwe ba dumela gore batsadi ga ba a tshwanela go ruta bana ba bone ka Modimo. Ba akanya gore bana ba ba golelang mo lelapeng le le mo bodumeding bongwe ga ba solegelwe molemo.
O akanyang? Ke mafoko afe mo go a a latelang a a utlwalang thata?
● Batsadi ga ba a tshwanela go letlelelwa go ruta bana ba bone ka Modimo.
● Batsadi ba tshwanetse go leta gore bana ba bone ba gole, pele ba ka tlotla ka dikgang tsa bodumedi le bone.
● Fa bana ba sa le bannye, batsadi ba tshwanetse go ba ruta se bone ba se dumelang ka Modimo. Mme fa bana ba ntse ba gola, batsadi ba tshwanetse go ba kgothaletsa go itirela ditshwetso ka bobone mo kgannyeng eno.
● Bana ba tshwanetse go dumela se batsadi ba bone ba se dumelang ka Modimo ba sa belaele sepe.
A Bodumedi bo Tlhotlheletsa Bana ka Tsela e e Kotsi?
Ga go motsadi ope yo o amegang ka ngwana wa gagwe yo o ka ratang go mo tsenya mo kotsing. A mme dilo tse di diragalang di tshegetsa maiphako a batho ba ba reng bana ga ba a tshwanela go rutiwa ka Modimo? Go setse go fetile masome a dingwaga jaanong babatlisisi ba sekaseka ka tlhoafalo kafa ditumelo tsa batsadi di amang bana ka gone. Mme ba sweditse jang?
Babatlisisi ba fitlhetse gore bodumedi ga bo tlhotlheletse ngwana ka tsela e e kotsi mme bo ka mo thusa gore a gole sentle. Ka 2008, pego e e gatisitsweng mo lokwalopakeng lwa Social Science Researcha e ne ya re: “Go bonala sentle gore bodumedi bo dira gore ngwana a atamalane botoka le rraagwe le mmaagwe.” Gape pego eno e ne ya re: “Go lebega bodumedi le go tlhokomela se motho a se tlhokang semoyeng e le karolo ya botlhokwa mo matshelong a bana ba le bantsi e bile go thusa go nonotsha dikamano tsa malapa.” Ela tlhoko gore pego eo e tshwana jang le se se neng sa buiwa ke Jesu Keresete fa a ne a re: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.”—Mathaio 5:3.
Go tweng ka kgopolo ya gore bana ba tshwanetse go gola pele ba rutiwa ka Modimo le bodumedi? Kgopolo eo ga e dumalane le ntlha eno: Mogopolo wa ngwana o tshwana le kgamelo e e se nang sepe e e tshwanetseng go tladiwa ka sengwe. Tota batsadi ba tshwanetse go tlhopha; ba ka tlatsa “kgamelo” eo kwa gae ka melaometheo ya boitsholo le ditumelo tse ba dumelang gore di a tshwanela kgotsa ba ka letla mogopolo le pelo ya ngwana wa bone di tlala ka dikgopolo tse dintsintsi tse a tla di utlwang mo bathong ba bangwe.
Go ka Dirwa Jang?
Hisitori e bontsha gore batho ba ka tlhaola ba bangwe le go ba tlhoa ka ntlha ya bodumedi. Ka jalo, batsadi ba ka tila jang ditlamorago tse di tlhalositsweng ke Jonathan Swift? Ba ka ruta bana ba bone jang gore ba dumele mo dilong tse di ka ba thusang go rata ba bangwe?
Seo se ka dirwa ka go batla dikarabo tsa dipotso tseno tse tharo: (1) Bana ba tshwanetse go rutiwa eng? (2) Ba tshwanetse go rutiwa ke mang? (3) Ke mekgwa efe ya go ruta e e nang le matswela?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Patlisiso eno e ne e theilwe mo tshedimosetsong e e bonweng fa go botsolodiwa bana ba feta 21 000 ba ba nnang kwa United States mmogo le batsadi ba bone le barutisi ba bone.