LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w11 9/1 ts. 3
  • A go Na le Mongwe yo o Bakang Bosula Jotlhe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A go Na le Mongwe yo o Bakang Bosula Jotlhe?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Molemo Kgatlhanong le Bosula—Ntwa E E sa Bolong go Loa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • A Bosetlhogo Bo Tla Tsamaya bo Fela?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • A Molemo O Tla Tsamaya O Fenya Bosula?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ke Eng se se Dirang Gore re Nne Molemo Kgotsa Bosula?
    Tsogang!—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
w11 9/1 ts. 3

A go Na le Mongwe yo o Bakang Bosula Jotlhe?

MASETLAPELO a molaodi wa masole a lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng kwa Rwanda a neng a a bona ka 1994, a ne a mo tlhotlheletsa gore a re go ne go ntse jaaka e kete o bone diabolo ka matlho. O ne a bua jalo a akantse kafa ba neng ba palelwa ka teng ke go emisa polao ya kgailo ya morafe mo nageng eo. Fa motho yo mongwe yo o boneng ditiragalo tse di setlhogo tsa nako eo a akgela ka tsone, o ne a re: “Fa go sa ntse go na le motho yo o ganetsang gore Satane o teng, a a kopane le nna kwa lebitleng le go fitlhilweng batho ba le bantsi mo go lone kwa Rwanda.” A tota ditiro tse di ntseng jalo tse di setlhogo di tlhotlhelediwa ke Diabolo?

Bontsi jwa batho ga ba tseye gore thubakanyo le bosetlhogo bo bakiwa ke sebopiwa sa moya se se boikepo se se sa bonaleng. Ba le bantsi ba akanya gore dilo tse di ntseng jalo di nna gone ka ntlha ya bosula jwa tlholego jo batho ba nang le jone le gore selo se segolo se se bakang ditiro tse di sa siamang ke tshekamelo ya rona ya bopelotshetlha. Ba bangwe ba re setlhopha sa batho ba ba humileng le ba ba nang le taolo, ba ba dirang dilo ka sephiri mo lefatsheng lotlhe, ba ntse ba tsietsa batho ka masomesome a dingwaga gore ba buse lefatshe. Mme gape go na le ba ba pegang dipuso le babusi molato ka ntlha ya go tlhoka tshiamiso le pogo e ba e bonang.

Ke eng se wena o se dumelang? Ke ka ntlha yang fa bosula, bosetlhogo le pogo di aname thata jaana mo lefatsheng lotlhe le fa batho ba leka go di fedisa? Ke ka ntlha yang fa batho ba ntse ba itlhokomolosa ditlamorago tsa ditiro tsa bone e bile go lebega ba tloga ba nyelela ka ntlha ya se ba se dirang? A go na le mongwe yo o tlhotlheletsang dilo tseno tsotlhe? Tota ke mang yo o busang lefatshe? Karabo ya potso eno e ka nna ya go gakgamatsa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela